Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Atlega!

O ka Atlega!

“Ke itumela fela thata fa basetsana ba me ba babedi ba ntlamparela ke sa lebelela ba bo ba nthaya ba re, ‘Re a go rata Mama.’”—ANNA, MOTSADI YO O SE NANG MOLEKANE KWA POLAND.

“Gantsi ke itumelela go bona bongwanake ba bontsha gore ba anaanela dilo tse ke di ba direlang. Ka dinako tse dingwe ba mpha dimphonyana, tse di jaaka setshwantsho se ba se toroileng. Seno se dira gore maiteko ape a ke a dirang e se ka ya nna a lefela.”—MASSIMO, RRE YO O SE NANG MOLEKANE KWA ITALY.

“Ka dinako tse dingwe fa ke hutsafetse mongwe wa bomorwaake o a ntlamparela, a nkatle mme a bo a mpolelela kafa a nthatang ka teng.”—YASMIN, MMÈ YO O SE NANG MOLEKANE MO AFRIKA BORWA.

TSENO ke dingwe fela tsa dikakgelo tsa batsadi ba le bantsi ba ba se nang balekane tse Tsogang! e di amogetseng fa go ne go dirwa potsolotso mo ditšhabeng tse di farologaneng. Batsadi ba le bantsi ba ba godisang bana ba le nosi, ba bontsi jwa bone e leng bommè, ba ile ba bolela gore ba eletsa e kete ba ka bo ba thusiwa ke molekane yo o lorato. * Le fa go ntse jalo, dilo tse ba neng ba di tlhalosa ba sa fitlhe sepe di bontsha gore ba tlwaetse seemo sa bone sentle.

Ke eng se se thusitseng batsadi bano ba ba se nang balekane go tlwaela tiro eno e e boima le go atlega mo go yone? Mo ditlhogong tse di latelang, re tla sekaseka dikakantsho tsa bone tse dintsi tse di mosola e bile di tswa pelong, mmogo le mengwe ya melaometheo ya konokono e e ileng ya ba thusa fa ba ntse ba godisa bana ba bone. Fa e le gore o motsadi yo o se nang molekane, re solofela gore ditlhogo tseno di tla go thusa e seng fela gore o atlege mo tirong eno e e go tlhokang dilo di le dintsi mme gape le gore o e dire ka boitumelo o bo o e kgotsofalele. Go bua boammaaruri, seo e ka nna kgwetlho e kgolo mo lefatsheng la gompieno le le fetogang ka bonako e bile le sa tlhomama. *

Ditlhogo tseno di tla tlotla ka dintlha di le thataro. Kafa batsadi ba ba se nang molekane

  1.   Ba ka newang thuso e e oketsegileng ka teng
  2.   Ba ka buisanang botoka ka teng le bana ba bone
  3.   Ba ka tlhophang ka gone dilo tse di tshwanetseng go tla pele
  4.   Ba ka tlhomang melao e e utlwalang sentle ya boitshwaro ka teng
  5.   Ba ka tlhomang mekgwa e e molemo ka gone
  6.   Ba ka tlhomamisang ka gone gore ba akaretsa Modimo mo lelapeng la bone

^ ser. 5 Mo lefatsheng lotlhe, bontsi jwa batsadi ba ba se nang balekane ke basadi—boammaaruri jo bo bonalang mo motseletseleng ono wa ditlhogo.

^ ser. 6 Melaometheo e le mentsi e e mo motseletseleng ono wa ditlhogo gape e ka thusa malapa a a nang le batsadi ba babedi.