Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopa Thuso Kwa Modimong

Kopa Thuso Kwa Modimong

A o kopa thuso ya Modimo gore o godise bana ba gago?

“Fa monna wa me a ne a ntlogela le bongwanake, ke ne ka rapela Modimo gore a nthuse. O ne a araba thapelo ya me. Ga re ise re ko re tsamaye re tlhoke sepe sa botlhokwa. O ile a re thusa le go re kaela.”—MAKI, JAPANE.

MO LEFATSHENG la gompieno le mo go lone go rata dikhumo go ntseng go oketsega thata, batho ka kakaretso ga ba akanye go le kalo ka Modimo. Le fa go ntse jalo, Mmopi wa rona o a re kgatlhegela e bile o batla gore re atlege mo botshelong. Tsela e a ikutlwang ka yone e tlhalosiwa sentle mo go Isaia 41:10: “O se ka wa boifa, gonne ke na le wena. . . . Ke tla go thusa tota.”

Mo setlhogong se se fetileng, re sekasekile kafa Modimo a re thusang ka teng a dirisa melao e e siameng ya boitshwaro e e mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:16) Mme gone Baebele e dira sengwe se se fetang fela go re kaela. E senola dinonofo tsa Modimo tse di molemo le lorato lo a re ratang ka lone. Ka jalo, fela jaaka batsadi ba le bantsi ba Bakeresete—ba ba se nang balekane ba lenyalo le ba ba nang le bone—ba lemogile, fa re dirisa dithuto tsa Baebele re iponela bomolemo jwa Modimo.

Robert, Austria: “Jehofa Modimo ke rre kgotsa mmè yo o botoka go feta ope fela wa rona. O itse se bana ba rona ba se tlhokang le kafa ba ka sirelediwang ka gone. Ka jalo gantsi ke mo rapela ke na le morwadiake.”

Ayusa, Japane: “Go a intumedisa go bona morwaake a bontsha gore o ikanya thuso ya ga Jehofa fa a re, ‘Jehofa o na le rona, dilo tsotlhe di tla siama.’”

Cristina, Italy: “Fa go lebega bothata bo le bogolo mo nka se kgoneng go bo rarabolola, ke rapela Jehofa, ke bo ke bo tlogela mo diatleng tsa gagwe. Ka yone nako eo, ke ikutlwa ke na le kagiso ya mogopolo, ke itse gore bothata joo bo tla rarabologa ka tsela e e molemo go gaisa.”

Laurentine, Fora: “Ruri nka re Jehofa o ntshegofaditse mo maikarabelong a me a go godisa bana ke le nosi. Eleruri o namola ba ba bogisiwang le ba ba se nang rre kgotsa mmè.”

Keiko, Japane: “Modimo ga a tlhaole. O batla go naya malapa otlhe tlhokomelo e e lorato, e ka tswa e le a batsadi ba babedi kgotsa a motsadi a le mongwe fela.”—Ditiro 10:34.

Fa Jesu Keresete a ne a bontsha kafa Modimo a re utlwelang botlhoko le kafa a amegang ka rona ka teng o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa . . . , gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Mathaio 11:28-30) Eleruri Jesu le Rraagwe yo o kwa legodimong e bong Jehofa Modimo, ba batla gore re ikutlwe re sireletsegile fa ba ntse ba re tlhokometse ka lorato. Re bala jaana mo go Pesalema 34:8: “Lekang mme lo bone gore Jehofa o molemo.” Ee, Modimo o batla gore o iponele gore kgakololo ya gagwe e a dira, gore o go batlela se se molemo. A o tla amogela kgakololo ya gagwe e e tshwanang le ya rre?