Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhoma Melao e e Utlwalang Sentle

Tlhoma Melao e e Utlwalang Sentle

Tlhomama mme o diragatse se o se buang

“Go godisa bana o le nosi ga go motlhofo—segolobogolo fa ba fitlha mo dingwageng tsa bolesome mme ba ikutlwa ba batla go tsuologela batsadi ba bone fela jaaka basha ba bangwe ba bantsi ba dira.”—DULCE, AFRIKA BORWA.

Kgwetlho.

Baebele e boleletse pele gore “mo metlheng ya bofelo,” bana ka kakaretso ba ne ba ‘ka se utlwe batsadi.’—2 Timotheo 3:1, 2.

Dikakantsho.

Lemoga gore “e le gore bana ba gole sentle, ba tlhoka go itse melao ya motsadi le gore motsadi o lebeletse gore ba dire eng.” (The Single Parent Resource, e e kwadilweng ke Brook Noel) Moithutatlhaloganyo wa bana le malapa e bong Barry G. Ginsberg a re: “Ba lelapa ba kgona go dirisana botoka e bile ba se na mathata fa go tlhomilwe melao e e utlwalang sentle.” Gape o ne a re: “Fa melao ya rona e utlwala sentle e bile e tlhalosiwa sentle, go tla nna motlhofo le go feta gore go nne go na le kagiso mo lelapeng.” O ka tlhoma jang melao e e utlwalang sentle?

Tlhomama mme o diragatse se o se buang. (Mathaio 5:37) Patlisiso nngwe e e dirilweng kwa Australia e senotse gore gantsi bana ga ba itshware sentle fa batsadi ba sa kgone go gana le fa ka metlha ba letla bana go dira se ba se batlang. Fela jaaka Baebele e bontsha: “Mosimane [kgotsa mosetsana] yo o tlogelelwang fela o tla tlhabisa mmaagwe ditlhong.”—Diane 29:15.

O se ka wa letla maikutlo a go ikutlwa o le molato go bo o le motsadi yo o se nang molekane a dira gore o nne motsadi yo o letlelelang sengwe le sengwe. Yasmin, yo o nopotsweng pelenyana, a re: “Ka dinako tse dingwe, ke simolola ka go tlhomogela bomorwaake ba babedi pelo ka gonne ba golela mo lelapeng le le se nang batsadi ka bobedi.” Mme jaaka re tla bona, ga a ka a letla maikutlo a gagwe, a tota a neng a se phoso, a dira gore a se ka a leba dilo ka tsela e e tshwanetseng.

O se ka wa fetogela se o se buileng mo kgannyeng ya kotlhao. Lokwalopaka lwa American Journal of Orthopsychiatry lwa re: “Fa bana ba lemoga gore ka metlha fa ba sa utlwe ba a otlhaiwa, seo se ka thusa thata go thibela gore ba se ka ba nna le mathata a go sa itshware sentle mmogo le a a amanang le maikutlo.” Yasmin a re: “Ke ne ka dula le bomorwaake ba babedi mme ra tlotla ka kgang ya kotlhao. Fa ba dira sengwe se se phoso, ke leka go ba otlhaya ka metlha. Le fa go ntse jalo, ke ithutile go reetsa pele, go tswa foo ke bo ke ba tlhalosetsa ke ritibetse maikutlo kafa se ba se dirileng se amileng lelapa ka gone. Fa ke sena go dira jalo, ke gone ke ba otlhayang fela jaaka ke ne ke ba tlhagisitse.”

Nna tekatekano; o se ka wa ba otlhaya o galefile. Le fa gone o tlhoka go tlhomama mo go se se siameng, gape o tlhoka go fetofetoga le maemo fa go tlhokega. Jakobe 3:17 ya re: “Botlhale jo bo tswang kwa godimo”—ke gore, jo bo tswang kwa Modimong—“bo tekatekano.” Batho ba ba tekatekano ga ba dire dilo ba sa akanye e bile ga ba tseye kgato ba galefile thata. Mme gape ga ba gagamatse molao fela ba sa amege ka ba bangwe. Go na le moo, ba akanya pele, gongwe le e leng go rapela ka kgang eo, mme go tswa foo ba kgona go dira dilo ba ritibetse le ka tsela e e tshwanetseng.

Go se fetogele se o se buileng, go tlhomama le go nna tekatekano—mmogo le sekao sa gago se se molemo—go tla dira gore o tlhome melao e e tla dirang gore legae la gago e nne botshabelo jwa mmatota mo baneng ba gago.