TSOGANG! December 2012 | Go Diragetseng ka Bopelotelele?

Motseletsele ono wa ditlhogo o sekaseka bothata jo bo golang jwa go fela pelo. Go bakiwa ke eng mme ke eng fa go le kotsi?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Diragetseng ka Bopelotelele?

Baitse bangwe ba dumela gore batho ga ba tlhole ba le pelotelele jaaka pele ka ntlha ya didirisiwa tsa botegeniki. Ke eng fa ba dumela jalo?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Fela Pelo go ka Nna Kotsi

Go fela pelo go ka go bakela mathata a madi le a mangwe gape. Utlwa ka dikotsi tse thataro tsa gone.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Tsela ya go Tokafatsa Bopelotelele Jwa Gago

Fenya go nna pelokhutshwane le diphelelo tsa gone tse di bosula ka go dirisa dintlha tseno tse nnè.

SE BAEBELE E SE RUTANG

A Modimo o Dirisa Ditiragalo Tsa Masetlapelo a Tlholego go Otlhaya Batho Gompieno?

Batho ba le bantsi ba dumela gore Modimo o dirisa masetlapelo a tlholego go otlhaya batho gompieno, mme Dikwalo tsone tsa re o ile a dira jang mo nakong e e fetileng?

Kgomo ya Boboa jo bo Tlhatlaganeng

Kgomo eno ya kwa dithabeng ga e tshwane le dikgomo tse dingwe ka gonne e na le boboa jo bo tlhatlaganeng.

Thanodi e e Dirilweng ka Dingwaga di le 90

Assyrian Dictionary ya dikarolo di le 26 e na le ditsebe di feta 9 700! E thusa go tlhaloganya Mesopotamia wa bogologolo.

BASHA BA BOTSA JAANA

Go Nna Monna wa Mmatota go Kaya Eng?

Go kaya eng go nna “monna wa mmatota,” mme o ka kgona jang go nna ene go sa kgathalesege maemo a gago?

Dithaba Tsa Caucasus—Lefelo la Dipuo Tse Dintsi

Dipuo tsa kwa Caucasus di na le hisitori e e tswang kgakala le setso se sentsi le ditlhopha tsa merafe e mentsi.

Baebele—Buka ya Boporofeti jo bo Opang Kgomo Lonaka, Karolo 8

Bogosi jo batho ba le bantsi ba bo rapelelang ke eng, mme go tla ga jone go tla go ama jang?

“O se Ka wa Letla Ditsitsiri di go Loma!”

Utlwa kafa o ka fedisang ditsitsiri ka gone le go di thibela go boa gape.

Ditiragalo Tsa Lefatshe

E bua ka dilo tse di akaretsang: Mola o mogolo wa dijalo go ralala Afrika, lebaka la go edimola le balwetse ba kankere ba ba folang kwa U.S.

Kaedi ya Tsogang! ya 2012

Kaedi ya ditlhogo tsotlhe tse di gatisitsweng mo makasineng wa 2012 wa Tsogang! e rulagantswe ka tatelano ya ditlhogo.

Motlotlo wa Lelapa

Mo kgweding eno ithute ka ga Aborahame le dilo tse a di dirileng gore ba bangwe ba ikutlwe ba amogetswe, ka ga Samesone le ka Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico.