Go Fela Pelo go ka Nna Kotsi
AKANYA ka tiragalo eno: Monna mongwe o kgweetsa mo tseleng e dikoloi di sa tshwanelang go fetana mo go yone. Mosadi yo o mo koloing e e fa pele ga gagwe o kgweetsa ka lobelo lo lo kwa tlasenyana ga lobelo lo lo beilweng lwa tsela. Go ya ka monna yono yo o pelokhutshwane, mosadi yono o kgweetsa ka bonya thata. Morago ga metsotswana e se kae a kgweetsa a atametse koloi ya mosadi yono thata ka tsela e e kotsi, o betwa ke pelo a bo a mo feta ka lobelo lo lo kwa godimo. Ka go dira jalo o tlola molao mme a ka baka kotsi.
Go tweng ka mosadi yo o se nang bopelotelele jwa go bereka le batho ba ba seng bonako jaaka ene kgotsa ba se botlhale jaaka ene? Kgotsa monna yo e reng a letile lefiti a bo a nnela go tobetsa konopo ya go bitsa lefiti a sa kgaotse? A gantsi o felela batsadi ba gago ba ba godileng pelo? A kgotsa o motsadi yo o bonako go felela bana ba gago ba bannye pelo? A o tenega tenega fela ka ntlha ya diphoso tsa batho ba bangwe?
Mongwe le mongwe o a tle a fele pelo ka dinako dingwe. Mme go ka nna le ditlamorago tse di masisi fa go fela pelo e le selo se se diregang letsatsi le letsatsi.
Tseno ke ditlamorago di se kae fela tse di seng monate tse di ka nnang teng ka ntlha ya bopelokhutshwane. Setlhogo se se latelang se tla bontsha ditsela tsa go nna le bopelotelele le go tswelela o na le jone.
Mathata a botsogo:
Sa ntlha, go fela pelo go ka felela ka go betwa ke pelo, go tenega le e leng go galefa. Go ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo go ka dira gore re gatelelwe le go feta mo maikutlong mme seo se ka nna kotsi mo botsogong jwa rona. Patlisiso nngwe ya bosheng e e gatisitsweng ke American Medical Association e bontshitse ka tlhamalalo gore kgatelelo e e kwa godimo thata ya madi e ka bakiwa ke bopelokhutshwane, tota le mo basheng.
Go na le mathata a mangwe a botsogo a a bakiwang ke go se nne pelotelele. Patlisiso ya bosheng e ile ya bontsha gore go nna pelokhutshwane go ka baka bokima jo bo feteletseng. The Washington Post e bega jaana: “Babatlisisi ba lemogile gore batho ba ba pelokhutshwane gantsi ke bone ba ka nnang le bothata jwa bokima jo bo feteletseng go feta batho ba ba kgonang go leta.” Mo mafelong mangwe, go motlhofo gore nako nngwe le nngwe motho a reke dijo tse di apewang ka bonako tse di sa tureng mme batho ba le bantsi ba ba pelokhutshwane ga ba kgone go nna fela ba sa di reke.
Go beela dilo nako e e tlang:
Go ya ka patlisiso e e dirilweng ke Centre for Economic Policy Research e e kwa London, gantsi batho ba ba pelokhutshwane ba ka nna le mokgwa wa go beela dilo nako e e tlang. A e ka tswa e le gore ba ikutlwa ba patelesega go beela kwa thoko ditiro tse di tsayang nako ka gonne ba se na bopelotelele jwa go di wetsa? Mme gone, mokgwa wa go busetsa dilo kwa morago o ka nna le diphelelo tse di masisi mo mothong yo o nang le mokgwa ono mmogo le mo ikonoming. Go ya ka lokwalodikgang lwa The Telegraph lwa kwa Boritane, mmatlisisi Ernesto Reuben o ne a bolela gore “go beela dilo nako e e tlang go ama thata selekanyo sa tiro e e dirwang mme go ka jela batho madi a mantsi thata ka gonne [batho ba ba felang pelo] ba busetsa morago ditiro tse di tlhokang go kwalwa ba bo ba feleletsa ba sa di dire.”
Go nwa bobe le tirisodikgoka:
Go ya ka lokwalodikgang lwa kwa Boritane lwa South Wales Echo, “gantsi batho ba ba pelokhutshwane ba ka nwa bojalwa go fitlha bosigo mme ga felela ka tirisodikgoka.” Babatlisisi ba kwa Cardiff University ba lemogile seo morago ga go dira dipatlisiso mo banneng le mo basading ba le makgolokgolo. Echo ya re patlisiso eno e bontshitse gore “gantsi batho ba ba pelokhutshwane ba nwa bojalwa thata e bile ba ka dirisa dikgoka.”
Go dira ditshwetso tse di sa akanyediwang sentle:
Setlhopha sengwe sa basekaseki ba ba berekelang Pew Research Center kwa Washington, D.C., se fitlhetse gore “gantsi batho ba ba pelokhutshwane ba dira ditshwetso tsa ka bonako tse di sa akanyediwang sentle.” Dr. Ilango Ponnuswami, yo e leng porofesa e bile e le mookamedi wa Department of Social Work kwa Bharathidasan University kwa India o ne a lemoga se se tshwanang. O tlhalosa jaana: “Bopelokhutshwane bo ka nna le ditlamorago tse di masisi. Bo ka go bakela mathata a madi, jwa dira gore o felelwe ke ditsala, jwa go bakela pogo le kutlobotlhoko kgotsa ditlamorago le fa e ka nna dife, fela ka gonne gantsi bopelokhutshwane bo dira gore re dire ditshwetso tse di sa akanyediwang sentle.”
Mathata a madi:
Kgatiso ya Research Review, e e gatisitsweng ke Federal Reserve Bank of Boston, ya kwa U.S.A., ya re go lemogilwe gore go fela pelo go ka felela ka “dikoloto tse dintsi.” Ka sekai, fa batho ba ba sa tswang go nyalana ba se na bopelotelele ba ka batla go nna le dilo tsotlhe tse ba di batlang mo ntlong ka bonako fela morago ga lenyalo, le fa ba se na madi a a lekaneng. Ka jalo ba reka ntlo, fanitšhara, koloi le dilo tsotlhe tse dingwe—ka sekoloto. Mokgwa ono o ka tsenya lenyalo mo kotsing. Babatlisisi ba kwa Yunibesithing ya Arkansas kwa U.S.A., ba re “batho ba ba sa tswang go nyalana ba ba tsenang mo lenyalong ka dikoloto tse dintsi, ga ba a itumela fa ba bapisiwa le banyalani ba ba tsenang mo lenyalong ka sekoloto se sennye kgotsa ba se na sekoloto sepe.”
Bangwe ba tsaya gore go phutlhama ga ikonomi ga bosheng kwa United States go bakilwe ke go tlhoka bopelotelele. Makasine o o buang ka tsa madi wa Forbes o bolela gore “maemo a gone jaanong a ikonomi a bakilwe ke go fela pelo go sa tlhokege mmogo le bopelotshetlha jo bo feteletseng. Bopelokhutshwane bo ne jwa dira gore batho ba le bantsi ba e leng batho fela, ba batle go nna le dithoto tse di jang madi a a fetang a ba nang le one. Ka jalo ba ne ba adima madi a fa a kopane a neng a le mantsintsi mo ba neng ba ka se ka ba kgona go a duela mo dingwageng tse dintsi—mo maemong mangwe ba se kitla ba kgona go a duela gotlhelele.”
Go felelwa ke ditsala:
Go fela pelo go ka dira gore re se ka ra kgona go buisana le batho ba bangwe sentle. Fa motho a se na pelo ya go nna le motlotlo o o mosola le ba bangwe, gantsi o bua a sa akanye. Gape a ka nna a tenega fa ba bangwe ba bua. Motho yo o ntseng jalo ga a na bopelotelele jwa go emela batho ba bangwe gore ba wetse se ba se buang. Ka jalo motho yo o felang pelo fa a reeditse ba bangwe a ka dira gore ba fetse go bua ka bonako ka go feleletsa se ba se buang a ba tsena ganong kgotsa a ka batla tsela e nngwe fela ya go dira gore motlotlo o tsamaye ka bonako.
Go fela pelo jalo go ka dira gore o felelwe ke ditsala. Dr. Jennifer Hartstein, yo e leng moitse wa boitekanelo jwa tlhaloganyo yo o nopotsweng mo setlhogong se se fetileng, o tlhalosa jaana: “Ke mang yo o ka ratang go nna le mongwe yo o nnang a dira dilo tse di bontshang gore o fela pelo ka dinako tsotlhe?” Ee, go nna pelokhutshwane ga go ratege. Go tla dira gore o felelwe ke ditsala.