Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thanodi e e Dirilweng ka Dingwaga di le 90

Thanodi e e Dirilweng ka Dingwaga di le 90

KA 1621 mmatlisisi mongwe wa kwa Italy o ne a bona mofuta mongwe wa mokwalo o o sa itsiweng kwa maropeng a motse mongwe wa Peresia wa bogologolo o o bidiwang Peresepolisa. Mo dingwageng tsa bo1800, baithutamarope ba ba neng ba epolola kwa Iraq ba ne ba epolola mekwalo e le mentsi e e tshwanang le oo e e kwadilweng mo matlapaneng a letsopa le mo dipoteng tsa ntlo ya segosi. Mekwalo eo e sa ntse e na le dipuo tsa kwa Mesopotamia tse di neng di buiwa ke babusi ba ba jaaka Saragone II, Hammurabi le Nebukadenesare II. Mokwalo ono o o neng o na le ditlhaka tsa matshwao a a khutlotharo o ne wa bidiwa cuneiform.

Tsela eno ya go kwala e ne e le botlhokwa thata gore go tlhaloganngwe ditšhaba tse dikgolo tsa Mesopotamia wa bogologolo. Ka jalo, bakanoki ba ba neng ba leka go tlhaloganya mekwalo eno ba ne ba bona go tlhokega thanodi e e tlhalosang dilo ka botlalo ya Se-Akkadia e leng puo e e tsamaisanang thata le Seasiria le Sebabelona.

Porojeke eno e e boima e ne ya dirwa ke Setheo sa Dipatlisiso ka Ditšhaba Tsa Asia sa Yunibesithi ya Chicago kwa U.S.A. ka 1921, mme ya wediwa dingwaga di le 90 moragonyana ka 2011. Seno se ne sa felela ka gore go nne le thanodi ya Assyrian Dictionary, ya dikarolo di le 26 e e nang le ditsebe di feta  9 700. E akaretsa dipuo tse di neng di dirisiwa kwa Iran, Iraq, Siria le Turkey, go tloga ka 2500 B.C.E. go fitlha ka 100 C.E.

Assyrian Dictionary ya dikarolo di le 26 e na le ditsebe di feta 9 700!

Ke eng fa thanodi eno e na le dilo di le dintsi jaana? Ke eng fa e tsere lobaka lo loleele jaana go dirwa? Mme ke mang yo o neng a ka kgatlhegela go e dirisa?

Se se Akareditsweng mo Thanoding Eno

Gil Stein, mokaedi wa Setheo sa Dipatlisiso ka Ditšhaba Tsa Asia sa kwa Chicago o tlhalosa jaana: “Thanodi eno ga se lenaane fela la mafoko.” Go na le moo, “e re ka bolumo eno e e sa tshwaneng le epe e tlhalosa tshimologo le tiriso ya lefoko lengwe le lengwe mo metlheng ya bogologolo, tota ke buka ya setso ya tshedimosetso e e bontshang hisitori, ditšhaba, dibuka, molao le bodumedi jwa kwa Mesopotamia. Ke sedirisiwa sa go dira dipatlisiso se se botlhokwa thata mo mokanoking mongwe le mongwe go tswa gongwe le gongwe yo o batlang go batlisisa tshedimosetso e e kwadilweng ka ditšhaba tsa Mesopotamia.”

Bakwadi ba ne ba lemoga ba sa ntse ba simolola tiro ya bone gore “fa ba batla go bona bokao jo bo feletseng jwa lefoko, ba tshwanetse go batla makgetlho otlhe a le tlhagang mo go one, ba bo ba sa tseye mafoko ka boone fela mme ba bo ba tsaya mafoko mmogo le tshedimosetso e e a dikologileng e le ntsi mo go ka kgonegang ka gone go itse bokao jwa lefoko leo fa le dirisiwa ka tsela nngwe e e rileng kgotsa mo maemong mangwe.” Ka jalo, thanodi eno e ne ya nna buka e kgolo ya dinopolo le dithanolo tsa mekwalo ya ntlhantlha ya cuneiform tse mafoko a a tlhalosiwang a tlhagang mo go tsone.

Go bonwe mekwalo e le mentsintsi ya cuneiform mo dingwageng di le makgolo a mabedi tse di fetileng mme e bua ka dilo di le dintsi tse di farologaneng. Sebabelona sa kwa Asiria kgotsa Se-Akkadia e ne e le puo e e neng e dirisiwa fa go na le dipuisano fa gare ga ditšhaba go ralala naga yotlhe ya bogologolo ya Botlhabagare. Le fa go ntse jalo, batho mo lefelong leno ba ne ba kwala dibuka; ba reka e bile ba rekisa; ba ithuta dipalo, thutodinaledi le boselamose; ba tlhoma melao; ba tlhabolola mefuta mengwe ya ditiro tsa boitshediso; gape e le badumedi. Ka jalo, mekwalo ya bone e e kaga dikgang tseno tsotlhe le tse dingwe e re naya letlotlo la tshedimosetso.

Mekwalo eno ga e tlhalose setšhaba se se sa tlwaelegang. Matthew Stolper, porofesa wa Thutamarope ya Asiria kwa Yunibesithing ya Chicago, yo o neng a dira porojeke eno a tla a kgaotsa ka lobaka lwa dingwaga di le 30 a re: “Bontsi jwa dilo tse o di bonang, di tlwaelegile—batho ba bontsha poifo le kgalefo, ba bontsha lorato, ba kopa lorato.” Gape a re: “Go na le mekwalo e e kwadilweng ke dikgosi di itlhalosa gore ke bagaka mme gape go na le mekwalo ya batho ba bangwe ba ba reng dikgosi tseo e ne e se bagaka jalo.” Mme mekwalo ya kwa Nuzi, kwa Iraq ya segompieno, e na le rekoto ya dikganetsano tsa semolao tse di diragetseng dingwaga di le 3 500 tse di fetileng ka dikgang tse di jaaka boswa jwa motlholagadi, masimo a a lemilweng le tonki e e adimilweng.

A Tiro e Weditswe?

Baithuti ba marope a Asiria ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng tsa lefatshe ba nnile le seabe mo tirong eno. Badiri ba kwa setheong seno ba ne ba fetsa masomesome a dingwaga ba baya ka tatelano dikarata tsa mafoko di ka nna 2 000 000 tse di tlhalosang kafa mafoko ao a dirisiwang ka teng. Bolumo ya ntlha e ne ya gatisiwa ka 1956. Fa e sa le ka nako eo, go ile ga nna le dibolumu tse dingwe di le 25. Dibolumo tseno tsotlhe di feletse, di rekisiwa ka mo e ka nnang R16 000 mme tshedimosetso yotlhe e e mo go tsone e ka fitlhelwa mo Internet mahala.

Go ne ga tsaya dingwaga di le 90 tse di tletseng gore thanodi eno e wediwe. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba dira porojeke eno e kgolo ba ne ba lemoga fa e tlhaelang gone. Setlhogo sengwe se se buang ka kgang eno sa re: “Ba sa ntse ba sa itse se se kaiwang ke mafoko mangwe, mme ka gonne nako le nako go lemogiwa sengwe se sesha, ke . . . tiro e e sa ntseng e tsweletse.”