Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 POTSOLOTSO | MASSIMO TISTARELLI

Motlhami wa Diroboto o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Motlhami wa Diroboto o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Porofesa Massimo Tistarelli ke moitsesaense kwa Yunibesithing ya Sassari kwa Italy. Ke mongwe wa barulaganyi ba dimakasine di le tharo tse di itsegeng lefatshe lotlhe mme gape o ile a thusa go kwala dipego di feta lekgolo tsa dipatlisiso tsa saense. O ithuta kafa batho ba gopolang difatlhego tsa batho ba bangwe ka teng le kafa ba dirang ka teng dilo tse di lebegang di le motlhofo jaaka go kapa bolo. Go tswa foo, o tlhama dithulaganyo tse di dirang gore diroboto di kgone go tsibogela se di se bonang—dithulaganyo tse di etsang se batho ba se dirang. Tsogang! e ne ya mmotsolotsa ka tumelo ya gagwe le ka tiro e a e dirang e le moitsesaense.

O goletse mo bodumeding bofe?

Batsadi ba me e ne e le Bakatoliki ba ba sa nkeng ba ya kerekeng. Fa ke ne ke le lekawana ke ne ka simolola go dumela gore Modimo ga a yo. Ke ne ka rutiwa gore botshelo bo simolotse ka gore ditshedi di iphetogele fela ka botsone go nna tse dingwe mme ke ne ka dumela gore seo ke boammaaruri. Mme le fa ke ne ke sa dumele gore go na le Mmopi, ke ne ke akanya gore go tshwanetse ga bo go na le maatla mangwe a a fetang a rona. E le gore ke bone gore maatla ao ke eng, ke ne ka ithuta dithuto tsa Bobuda, Bohindu le Bo-Tao mme ga di a ka tsa nkgotsofatsa.

Ke eng se se dirileng gore o kgatlhegele saense?

Ke sale ke rata metšhine ke le ngwana. E bile ke ne ke a tle ke tlhatlhamolole ditshamekisi tsa me tsa motlakase, ke bo ke boa ke di kopanya gape. Mme e re ka Rre e ne e le moenjenere wa didirisiwa tsa tlhaeletsano ke ne ke na le go mmotsakaka dipotso tse dintsintsi tsa gore diradio le difouno di bereka jang.

Tiro ya gago ya saense e akaretsa eng?

Ke ne ka ithuta boenjenere jwa tsa ileketeroniki kwa Yunibesithing ya Genoa, mme go tswa foo ke ne ka dira dipatlisiso tsa kafa ke ka tokafatsang ka teng tsela e diroboto di dirang ka yone gore ke nne le dikirii. Ke ne ka dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka tsela e batho ba bonang ka yone le kafa ke ka tlhamang ka gone diroboto tse di nang le thulaganyo e e tshwanang le eo.

O kgatlhilwe ke eng mo tseleng e batho ba bonang ka yone?

E raraane ka tsela e e gakgamatsang ka gonne ga e akaretse matlho  fela—e akaretsa le bokgoni jwa rona jwa go tlhaloganya se re se bonang. Ka sekai, ela tlhoko gore go direga eng fa o kapa bolo. Fa o taboga o ya go kapa bolo, lense ya leitlho la gago e dira gore setshwantsho sa bolo se tlhomame mo lethaponong (retina) la gago. Setshwantsho seo se tla feta mo lethaponong la gago go ikaegile ka gore bolo le leitlho la gago di tsamaya ka lobelo lo lo kana kang. Gone go tlwaelegile gore o tla nna o tlhomile leitlho la gago mo bolong. Mme setshwantsho sa yone se nna se tlhomame mo lethaponong la gago fa dilo tse dingwe tsotlhe tsone di lebega di tsamaya.

Mo go yone nako eo, thulaganyo ya gago ya go bona e lekanya lobelo lo bolo e tsamayang ka lone le gore e ya ntlha efe. Se se gakgamatsang ke gore go lekanya gono go simolola gone mo lethaponong fa leitlho la gago le fopholetsa lobelo lo bolo e fetang dilo tse dingwe tse o di bonang ka lone. Morago ga moo tshikana ya pono e isa tshedimosetso e e tswang mo lethaponong kwa bobokong, mme jone bo sekaseka tshedimosetso eno bo bo bo go kaela gore o kape bolo. Thulaganyo eno yotlhe e e raraaneng e jesa kgakge.

Ke eng se se go tlhotlheleditseng gore o dumele gore go na le Mmopi?

Ka 1990, ke ne ka nna dikgwedi di se kae kwa Dublin, kwa Ireland, ke dira dipatlisiso kwa Trinity College. Fa nna le mosadi wa me Barbara re ne re le mo mosepeleng wa go boela gae re ne ra akanya ka isagwe ya bana ba rona. Gape re ne ra swetsa ka gore re etele kgaitsadiake yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa. Kgaitsadiake o ne a nnaya buka ya Life—How Did It Get Here? By Evolution or by Creation? e e gatisitsweng ke Basupi. Ke ne ka kgatlhiwa ke dipatlisiso tse di dirilweng ka kelotlhoko fa go ne go kwalwa buka eno. Ka yone nako eo ke ne ka lemoga gore ke ne ke amogetse thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ke sa e sekaseka. Ka sekai, ke ne ke tsere gore thuto eno e supelwa ke masaledi a a omeletseng a ditshedi tsa bogologolo. Mme ga go a nna jalo. Eleruri fa ke ne ke ntse ke sekaseka thuto ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ke ne ka tlhatswega pelo le go feta gore batho ba ba rutang thuto eno ba e ruta fela gore ba tlhomologe mme ba se na mabaka a a utlwalang.

Ke ne ka akanya ka tiro ya me ya go tlhama diroboto. Ke ne ke kopisa dilo tse di tlhamilweng ke mang?

Mme ke ne ka akanya ka tiro ya me ya go tlhama diroboto. Ke ne ke kopisa dilo tse di tlhamilweng ke mang? Le ka motlha nka se tlhame roboto e e kgonang go kapa bolo jaaka motho. Roboto e ka direlwa thulaganyo ya go tshwara bolo mme e le fela mo maemong a e rulaganyeditsweng go dira jalo mo go one. E ka se kgone go dira jalo mo maemong a e sa rulaganyediwang go dira jalo mo go one. Bokgoni jwa rona jwa go ithuta bo feta kgakala jwa motšhine—mme metšhine e dirilwe ke mongwe! Ntlha eno ke nngwe ya tse dintsi tse di ntlhatswitseng pelo gore go tshwanetse ga bo go na le mongwe yo o re bopileng.

Ke ka ntlha yang fa o ile wa nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?

Lebaka lengwe ke ka gonne nna le Barbara re ne re rata mekgwa ya bone ya go ithuta ka kelotlhoko. Ke ne ka kgatlhiwa thata ke dipatlisiso tse ba di dirang fa ba kwala dikgatiso tsa bone. Batho ba ba tshwanang le nna ba kgatlhiwa ke dipatlisiso tse di tseneletseng ka gonne ba rata go itse dilo ka botlalo. Ka sekai, ke ne ka kgatlhiwa thata ke boporofeti kgotsa dipolelelopele di le dintsi tse di mo Baebeleng. Go ithuta ka tsone go ne ga ntlhatswa pelo gore eleruri Baebele ke buka ya Modimo. Ka 1992, nna le Barbara re ne ra kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa.

A go ithuta saense go koafaditse tumelo ya gago?

Nnyaa, tota e bile saense e nonotshitse tumelo ya me. Ka sekai, ela tlhoko kafa re kgonang go lemoga difatlhego tsa batho ba bangwe ka teng. Losea lo ka dira seno diura di le mmalwa fela fa lo se na go tsholwa. Nna le wena re kgona go lemoga ka bonako motho yo re mo itseng, le fa a ka tswa a le mo gare ga boidiidi. Tota e bile re ka nna ra kgona go lemoga le kafa a ikutlwang ka teng. Le fa go ntse jalo, re ka tswa re sa itse gotlhelele gore go lemoga dilo jalo go akaretsa go sekaseka tshedimosetso e ntsintsi mo go diregang ka lobelo lo logolo.

Ee, ruri ke tlhatswegile pelo gore thulaganyo ya rona ya go bona ke mpho ya botlhokwatlhokwa e e tswang kwa go Jehofa Modimo. Dimpho tsa gagwe, tse di akaretsang Baebele, di ntlhotlheletsa go mo leboga le go bolelela ba bangwe ka ene. Aitsane, ke bona go tshwanela gore a newe tlotla ka ntlha ya dilo tse a di dirileng.