Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

United States

Go ya ka pego ya Lefapha la Homeland Security la kwa United States, mo dingwageng di le lesome tse di fetileng batlhokomedi ba boemadifofane ba gapile dilwana di ka nna dimilione di le 50 tse di seng kafa molaong. Ka 2011 fela, ba ne ba thibela gore ditlhobolo di feta 1 200 di se ka tsa tsena mo difofaneng. Bontsi jwa beng ba tsone ba ne ba re ba ne ba lebetse gore ba tshotse ditlhobolo.

Brazil

Badiredi ba tsa thuto ba simolotse go gokelela ditshitswana tsa ileketeroniki mo diaparong tsa bana ba sekolo gore bana ba se ka ba tila go ya sekolong kwantle ga tetla. Motsadi o amogela molaetsa ka founo ya selula fa disensara di lemoga gore ngwana wa gagwe o goroga kwa sekolong mme o amogela molaetsa o o farologaneng fa ngwana a le thari ka metsotso e feta 20.

Norway

Kereke ya Lutere ga e tlhole e le bodumedi jwa puso ya kwa Norway. E le lekgetlho la ntlha, Palamente ya Norway e ne ya dira tshwetso ya go fetola molaotheo wa naga le go dira gore Kereke e se tlhole e dirisana thata le Puso.

Czech Republic

Fa bathapiwa ba kwa Czech Republic ba ne ba botsolodiwa, peditharong ya bone ba ne ba re ba ikutlwa ba patelesega go araba megala, melaetsa ya e-mail le melaetsa ya selula e e amanang le tiro fa ba se kwa tirong. Ba ba fetang nngwetharong ba tsaya e le go tlhoka maitseo go sa arabe ka yone nako eo.

India

Le fa naga ya India e nnile le koketsego ya mo e ka nnang diperesente di le 50 ya dijo tse e di tlhagisitseng mo dingwageng di le 20 tse di fetileng, e bile go bolokilwe ditone di le dimilione di le 71 tsa raese le korong, naga eno e sa ntse e palelwa ke go fepa baagi ba yone. Malapa a kwa India a bona diperesente di ka nna 40 fela tsa dijo tse di bolokilweng. Bonweenwee le go senya dijo ke dingwe tsa dilo tse di bakang bothata jono.