TSOGANG! June 2013 | A re Reka Thata?

Mo ditlhogong tseno utlwa kafa go reka thata go ka go amang ka teng, le se o ka se dirang go laola tsela e o rekang ka yone.

Ditiragalo Tsa Lefatshe

E bua ka: ditlamorago tsa go hema mosi wa diesel le melemo e e seng yone ya malaria e e fitlhelwang mo Afrika le kwa Asia.

GO THUSA LELAPA

Kafa lo ka Kgaotsang go Ngalelana ka Teng

Go tla jang gore banyalani bangwe ba felele ba ngalelane, mme ba ka dirang go rarabolola dikgotlhang tsa bone?

SE BAEBELE E SE RUTANG

Satane

A Satane ke motho wa mmatota kgotsa ke tshekamelo fela ya bosula?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Ke ka Ntlha Yang fa re Reka?

Ke eng fa batho ba le bantsi ba reka se tota ba sa se tlhokeng? O ka itshireletsa jang gore o se ka wa tsiediwa ke barekisi ba ba matlhajana?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Kafa o ka Laolang ka Gone Tsela e o Dirisang Madi ka Yone

Sekaseka dikakantsho tse thataro tse di ka go thusang go laola tsela e o dirisang madi ka yone.

BATHO LE DINAGA

Go Etela Panama

Panama e itsege ka mosele wa yone. Utlwa mo go oketsegileng ka naga eno le ka batho ba ba nnang mo go yone.

TSA MALOBA

A ba Ne ba Tshosetsa mo Leineng la Modimo?

Setlankana sa el Requerimiento se ne se letla batlhasedi ba Spain gore ba tlhasele fela ba sa bonwe molato. A e ne e le molato wa Modimo?

A GO TLHAMILWE?

Lefuka la Leruarua la Humpback

Bona tsela e lefuka la phologolo eno e kgolo le dirang ka yone le kafa e tlhotlheleditseng dikarolo dingwe tsa botshelo jwa gago ka gone.

Tse Dingwe

A o Tshwenyegile Thata ka Ditebego Tsa Gago?

Fa o sa kgotsofalele ditebego tsa mmele wa gago, o ka dira jang gore o itebe ka tsela e e tshwanetseng?

Mosadi wa ga Lote o Fetoga Pilara ya Letswai

Bala pego ya Baebele go tswa foo o tshwaraganye dikhutlo. O ka ithuta eng mo mosading wa ga Lote?