BAEBELE YA RENG?
Go Tlhakanela Dikobo Pele ga Lenyalo
A go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go phoso?
“Gonne seno ke se Modimo o se ratang, . . . gore lo ithibe mo kgokafalong.”—1 Bathesalonika 4:3.
SE BATHO BA SE BUANG
Ditso dingwe di letlelela gore batho ba babedi ba ba godileng ba ka tlhakanela dikobo pele ga lenyalo fa fela ba dumalana. Mo mafelong mangwe go letlelesegile gore bana ba ba simololang dingwaga tsa bolesome ba ba sa nyalanang ba dire ditiro dingwe tse di tsamaisanang le tlhakanelodikobo.
SE BAEBELE E SE BUANG
Baebele e dirisa lefoko ‘kgokafalo’ fa e bua ka ditiro dingwe tse di tsamaisanang le tlhakanelodikobo fa di dirwa ke batho ba ba sa nyalanang. Modimo o lebeletse gore baobamedi ba gagwe ba “ithibe mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Kgokafalo e balelwa le maleo a a masisi, fela jaaka boaka, go dirisana le meya, botagwa, kobamelo ya medingwana, go bolaya le bogodu.—1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolo 21:8.
LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE
Lebaka lengwe ke gore Baebele e tlhagisa gore “Modimo o tla atlhola bagokafadi.” (Bahebera 13:4) Sa botlhokwa le go feta ke gore fa re ikobela melao ya Modimo e e malebana le tlhakanelodikobo, re bontsha gore re rata Jehofa Modimo. (1 Johane 5:3) Mme le ene o segofatsa ba ba ikobelang melao ya gagwe.—Isaia 48:18.
A fa batho ba ba sa nyalanang ba dira ditiro dipe fela tse di tsamaisanang le tlhakanelodikobo, ke boitsholo jo bo sa siamang?
“A kgokafalo le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe kgotsa bogagaru di se ka tsa ba tsa umakwa mo go lona.”—Baefeso 5:3.
SE BATHO BA SE BUANG
Batho ba le bantsi ba dumela gore fa fela batho ba ba sa nyalanang ba sa tlhakanele dikobo, ga go sepe se se phoso fa ba dira ditiro tse di tsamaisanang le tlhakanelodikobo.
SE BAEBELE E SE BUANG
Fa Baebele e bua ka mekgwa e e sa siamang ya tlhakanelodikobo, ga e umake kgokafalo fela mme gape e umaka “boitshekologo” le “boitshwaro jo bo repileng.” (2 Bakorintha 12:21) Go bonala sentle gore go na le ditiro dingwe tse di tsamaisanang le tlhakanelodikobo tse Modimo a sa di amogeleng fa di dirwa ke batho ba ba sa nyalanang, tota le fa ba sa tlhakanele dikobo.
Ka kakaretso fela, Baebele ya re ditiro tse di tsamaisanang le tlhakanelodikobo di ka dirwa fela ke monna le mosadi ba ba nyalaneng. Gape Baebele e kgala go ‘eletsa tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha.’ (1 Bathesalonika 4:5) Seno se kaya eng? Akanya ka sekai seno se se ka dirang mo monneng le mo mosading: Mosadi a ka ititaya sehuba gore a se tlhakanele dikobo le lekau la gagwe. Le fa go ntse jalo, a dira ditiro tse dingwe tse di tsamaisanang le tlhakanelodikobo le ene. Ka go dira jalo, ba eletsa ka bopelotshetlha sengwe se e seng sa bone. Ka jalo, ba ‘eletsa tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha.’ Baebele e kgala bopelotshetlha jo bo ntseng jalo.—Baefeso 5:3-5.
O ka tila jang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?
“Tshabang kgokafalo.”—1 Bakorintha 6:18.
LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE
Baebele ya re batho ba ba tlhakanelang dikobo pele ga lenyalo ba ka latlhegelwa ke kamano e ntle le Modimo.—Bakolosa 3:5, 6.
SE BAEBELE E SE BUANG
Baebele e gakolola batho gore ba ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakorintha 6:18) Seno se kaya gore motho o tshwanetse go nnela kgakala thata le sepe fela se se ka mo gogelang mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Diane 22:3) Ka sekai, gore motho a nne a le phepa mo boitsholong, go botlhokwa gore a tile go dirisana le batho ba ba itlhokomolosang melaometheo ya Modimo malebana le tlhakanelodikobo. Baebele e tlhagisa jaana: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.
Go tlatsa megopolo ka dikakanyo tsa boitsholo jo bo sa siamang le gone go ka felela ka gore motho a dire boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (Baroma 8:5, 6) Ka jalo, go botlhale go tila mmino, dibidio, dikgatiso le sengwe le sengwe fela se se bontshang tlhakanelodikobo ka tsela epe fela e e sa tshwanelang kgotsa se se rotloetsang ka tsela epe fela boitsholo jo Modimo a sa bo amogeleng jo bo tsamaisanang le tlhakanelodikobo.—Pesalema 101:3.