Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

  SETLHOGO SA KA FA NTLE

A o Ka Ikanya Metswedi ya Dikgang?

A o Ka Ikanya Metswedi ya Dikgang?

BATHO ba le bantsi ba belaela se ba se balang le se ba se utlwang mo dikgannyeng. Ka sekai, mo patlisisong nngwe ya Gallup ya 2012 kwa United States, batho ba ne ba bodiwa gore ba “dumela go le kana kang le gore ba ikanya go le kana kang” gore dikgang tsa makwalodikgang, tsa thelebishene le tsa radio di boammaaruri, ga di tseye letlhakore e bile di bega dilo tsotlhe. Batho ba le 6 mo go ba le 10 ba ne ba araba ba re ‘ga ba di dumele go le kalo’ kgotsa ba re ‘ga ba di dumele gotlhelele.’ A go a utlwala gore batho ba bo ba sa ikanye dikgang jalo?

Bakwaladikgang ba le bantsi le mekgatlho e ba e berekelang e ile ya re e ikemiseditse go bega dipego tse di boammaaruri le tse di nang le tshedimosetso e e botlhokwa. Mme go na le mabaka a a dirang gore batho ba belaele seno. Ela tlhoko dintlha tse di latelang:

  • MAKGOTLA A MAGOLO A BOBEGADIKGANG. Go na le makgotla a le mmalwa fela mme gone e le a a nang le tlhotlheletso e kgolo a a nang le metswedi ya botlhokwa ya dikgang. Metswedi eno ya dikgang ke yone e laolang thata gore go begwa dikgang dife, di begwa jang le gore di tlhagelela go le kana kang. E re ka bontsi jwa makgotla ano a diretswe go dira madi, gantsi metswedi ya dikgang e dira ditshwetso e tlhomile mogopolo thata mo go direng lotseno. Dipego tse di ka dirang gore beng ba mekgatlho ya dikgang ba se ka ba dira madi di ka tlogelwa fela di sa begwa.

  • DIPUSO. Bontsi jwa dilo tse re di utlwang mo dikgannyeng di amana le batho ba dipolotiki le dilo tse di dirwang ke puso. Dipuso di batla go tlhotlheletsa batho gore ba latele melao ya tsone le go ema badiredi ba tsone ba bagolo nokeng. Mme e re ka metswedi ya dikgang e tlhoka go tsaya tshedimosetso mo pusong, babegadikgang le badiredi ba puso ba a tle ba dirisane mmogo mo sephiring.

  •  PAPATSO. Mo dinageng di le dintsi, metswedi ya dikgang e tlhoka go dira madi gore kgwebo ya tsone e se ka ya wa mme bontsi jwa madi ao a dirwa ka dipapatso. Kwa United States, dimakasine di bona diperesente tse di fa gare ga 50 le 60 tsa lotseno lwa tsone mo dipapatsong, makwalodikgang diperesente di le 80 mme dithulaganyo tsa dipapatso tsa thelebishene le tsa radio diperesente di le 100. Go a utlwala go bo babapatsi ba sa batle go thusa ka madi dithulaganyo tse di dirang gore dilwana tsa bone kgotsa mekgwa ya bone ya go dira dilo e lebege e sa siama. Fa ba sa rate se motswedi mongwe wa dikgang o se tlhagisang, ba ka bapatsa gongwe go sele. E re ka barulaganyi ba dikgang ba itse seno, ba ka bipa dikgang tse di buang bosula ka mekgatlho e e ba thusang ka madi.

  • GO SA IKANYEGE. Ga se babegadikgang botlhe ba ba ikanyegang. Bakwaladikgang bangwe ba itlhamela dikgang. Ka sekai, dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, mmegadikgang mongwe kwa Japane o ne a batla go bontsha kafa batho ba ba thumang kwa tengteng ga lewatle ba neng ba senya dikorale tsa kwa Okinawa ka teng. Morago ga gore a se fitlhele dikorale dipe di senyegile, o ne a senya dingwe tsa tsone ka boene a bo a di tsaya ditshwantsho. Gape ditshwantsho di ka fetolwa gore di tsietse batho. Botegeniki jwa go fetola ditshwantsho le jone bo setse bo gatetse pele thata mo e leng gore ka dinako tse dingwe go thata go lemoga fa ditshwantsho di fetotswe.

  • TSELA YA GO BEGA KGANG. Tota le fa dintlha di utlwala sentle, mokwaladikgang o tla bega kgang go ya kafa ene a lebang dilo ka teng. Go tla akarediwa dintlha dife mo pegong mme go tla tlogelwa dife? Ka sekai, setlhopha sa kgwele ya dinao se ka latlhegelwa ke motshameko ka dino di le pedi. Seo se boammaaruri. Mme mmegadikgang a ka tlhalosa ka ditsela tse di farologaneng gore ke ka ntlha yang fa se latlhegetswe.

  • GO TLOGELA DINTLHA DINGWE. Fa bakwaladikgang ba rulaganya dintlha tse di ka bopang kgang e e kgatlhang, gantsi ba tlogela dintlha tse di ka tlhakatlhakanyang dilo kgotsa tsa tsosa dikgang tse di sa rarabololwang. Seno se dira gore dintlha dingwe di fetelediwe mme tse dingwe di tlogelwe. E re ka ka dinako tse dingwe baanamisi le babegadikgang ba thelebishene ba ka tshwanelwa ke go tlhalosa kgang nngwe e e raraaneng mo lobakeng lwa mo e ka nnang motsotso o le mongwe fela, ba ka tlogela dintlha tsa botlhokwa.

  •  KGAISANO. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, fa palo ya diteishene tsa thelebishene e ntse e oketsega, nako e babogedi ba neng ba e fetsa ba lebile seteishene se le sengwe fela e ne ya fokotsega fela thata. E le go ngoka babogedi, diteishene tsa dikgang di ne tsa patelesega go bontsha dilo tse di sa tlwaelegang kgotsa tse di tlosang bodutu. Buka ya Media Bias e bolela jaana fa e akgela ka phetogo eno: “Dikgang [tsa thelebishene] di ne tsa fetoga thulaganyo e e bontshang mogolagang wa ditshwantsho tse di tlhophetsweng go tshosa kgotsa go kgatlha le dipego tse di khutshwafaditsweng gore di kgone go kgatlha bareetsi e re ka ba sa kgone go tlhoma mogopolo lobaka lo loleele.”

  • DIPHOSO. E re ka babegadikgang e le batho, ba a tle ba dire diphoso e se ka boomo. Lefoko le le sa kwalwang sentle, phegelwana e e tsentsweng mo go sa tshwanelang teng, phoso ya tsa thutapuo—dilo tseno tsotlhe di ka sokamisa bokao jwa seele sengwe. Dintlha di ka tswa di sa sekasekiwa ka kelotlhoko. Go ka nna motlhofo gore dipalo le tsone di tlhakanye mokwaladikgang tlhogo fa a le mo sepitleng sa go fetsa pego e e rileng ka nako e a e beetsweng, mo a ka kwalang 10 000 mo boemong jwa 100 000.

  • DIPHOPHOLETSO TSA MAAKA. Go bega dintlha ka nepo ga go bonolo jaaka bangwe ba ka akanya. Sengwe se ka lebega se le boammaaruri gompieno mme kamoso go bo go supiwa gore se phoso. Ka sekai, go kile ga bo go dumelwa gore lefatshe le mo gare ga thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego. Mme jaanong re itse gore lefatshe le dikologa letsatsi.

 Go Tlhokega Tekatekano

Le fa go se botlhale go dumela sengwe le sengwe se re se balang mo dikgannyeng, seo ga se kaye gore re ka se ikanye sepe mo go tsone. Sa botlhokwa e ka nna go nna kelotlhoko mme re iketleeditse go amogela se re se utlwang.

Baebele ya re: “A tsebe ka boyone ga e leke mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?” (Jobe 12:11) Jaanong dintlha tse di latelang di ka re thusa go leka mafoko a re a utlwang le a re a balang:

  • KWA E TSWANG GONE: A pego eno e tswa kwa mothong kgotsa kwa mokgatlhong o o ka ikanngwang kgotsa o o kafa molaong? A thulaganyo kgotsa kgatiso eno e itsege ka go tsaya dilo masisi kgotsa ka go rata go ama batho maikutlo? Motswedi ono wa dikgang o tshegediwa ke bomang ka madi?

  • METSWEDI: A go na le bosupi jwa gore go dirilwe dipatlisiso tse di tseneletseng? A kgang eno e theilwe mo motsweding o le mongwe fela? A ke metswedi e e ka ikanngwang, e e sa tseyeng letlhakore e bile e dirisa dintlha tse di boammaaruri? A e tekatekano, kgotsa e tlhophetswe go bega letlhakore le le lengwe fela la kgang?

  • BOIKAELELO: Ipotse jaana: ‘A pego eno ya dikgang e diretswe go naya tshedimosetso kgotsa go tlosa batho bodutu? A e leka go rekisa kgotsa go ema sengwe nokeng?’

  • TSELA E E UTLWALANG KA YONE: Fa pego ya dikgang e utlwala e le bogale, e na le bopelotlhoi kgotsa e tshwayatshwaya diphoso thata, seo se bontsha gore go a lowa, ga go bewe mabaka sentle.

  • GO TSAMAISANA LE TSE DINGWE: A dintlha tsa yone di tsamaisana le tsa dikgang tse dingwe? Fa dipego di ganetsana, nna kelotlhoko!

  • GO NNA MO NAKONG: A tshedimosetso eo e sa tswa go direga bosheng mo o ka e dumelang? Sengwe se go neng go akanngwa gore se boammaaruri dingwaga di le 20 tse di fetileng se ka tsewa se se boammaaruri gompieno. Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa pego nngwe e le ka kgang e e sa ntseng e diragala, e ka tswa e sa felela e bile e se na tshedimosetso yotlhe.

Ka jalo, a o ka ikanya metswedi ya dikgang? Kgakololo e e mosola e fitlhelwa mo mafokong a a botlhale a ga Solomone, yo o neng a kwala jaana: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.”—Diane 14:15.