Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

  BAEBELE YA RENG?

Jesu

Jesu

A Jesu ke Modimo?

“Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.”—Johane 1:18.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba dumela gore Jesu ga se Modimo. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba supa ditemana dingwe tsa Baebele tse go tweng di bontsha gore Jesu o lekana le Modimo.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ga e tlhalose Jesu e le Modimo Mothatayotlhe kgotsa a lekana le Modimo. Go farologana le seo, e ruta ka tsela e e utlwalang sentle gore Jesu o kwa tlase ga Modimo. Ka sekai, Baebele ya re Jesu ka boene o ne a re: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Gape Baebele ya re: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe.” (Johane 1:18) Go ka se kgonege gore Jesu e nne Modimo ka gonne tota batho ba le bantsi ba ile ba mmona.

Balatedi ba ntlha ba ga Jesu ga ba a ka ba re Jesu ke Modimo. Ka sekai, mokwadi wa Efangele e bong Johane o ne a bua jaana ka dilo tse a di kwadileng: “Tseno di kwadilwe gore lo tle lo dumele gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo.”Johane 20:31. *

 Jesu o tshotswe leng?

“Gape . . . go ne go na le badisa ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo.”—Luke 2:8.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho bangwe ba keteka Keresemose ka December 25—letlha le bangwe ba akanyang gore ke le Jesu a tshotsweng ka lone. Ba bangwe ba keteka matsalo a ga Jesu ka masimologo a January.

SE BAEBELE E SE BUANG

Ga go na gope mo Baebele e umakang gone letlha le Jesu a tshotsweng ka lone. Le fa go ntse jalo, ya re ka nako e Jesu a tshotsweng ka yone, “go ne go na le badisa ba nna kwa nageng mme ba ntse ba dira ka ditebelo mo matsomaneng a bone bosigo.” (Luke 2:8) Tota ga go lebege badisa bao ba ne ba ka tlogela matsomane a bone kwa ntle mo bosigong jwa December le January. Ka ntlha yang?

Ka gonne lefelo le Jesu a tsholetsweng kwa go lone le a bo le le tsididi thata ka December le January. Baebele ya re mo nakong eo ya ngwaga batho ba ne ba “roromisiwa . . . ke meokodi ya pula.” (Esera 10:9, 13; Jeremia 36:22) Eo e ne e ka se nne nako e e tshwanetseng mo ngwageng gore badisa ‘ba nne kwa nageng’ le matsomane a bone.

A ruri Jesu o ne a boa a tshela gape fa a sena go swa?

“Modimo o ne a mo [Jesu] tsosa mo baswing.” —Ditiro 3:15.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho bangwe ba dumela gore ga go kgonege gore motho ope fela, go akaretsa le Jesu, a boe a tshele gape fa a sena go swa.

SE BAEBELE E SE BUANG

Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe gore o ne a tla ‘boga dilo di le dintsi a bolawe, mme a tsosiwe mo letsatsing la boraro.’ (Mathaio 16:21) Baebele ya re morago ga gore Jesu a swe a bo a tsosiwe mo baswing, o ne a bonala mo bathong ba ba fetang 500. (1 Bakorintha 15:6) Batho ba ba boneng tiragalo eo ka matlho ba ne ba tlhatswegile pelo tota gore Jesu o ne a tsositswe mo baswing. Tota e bile ba ne ba iketleeleditse go swela go dumela sone seo!—Ditiro 7:51-60; 12:1, 2.

LEBAKA LA GO BO O TSHWANETSE GO ITSE

Baebele e ruta gore loso lwa ga Jesu le tsogo ya gagwe di dirile gore batho botlhe ba solegelwe molemo ke tsholofetso ya Baebele ya gore go tlile go nna le Paradaise mo lefatsheng. (Pesalema 37:11, 29; Tshenolo 21:3, 4) Re solofetse go tshela re itumetse ka bosakhutleng mo lefatsheng la Paradaise ka ntlha ya lorato lo re lo bontshitsweng ke Jesu le Rraagwe, Modimo Mothatayotlhe, e bong Jehofa.—Johane 3:16; Baroma 6:23.

^ ser. 7 Baebele ga e rute gore Modimo o na le mosadi wa mmatota yo a nnileng le bana le ene. Go na le moo, ya re Jesu ke “Morwa Modimo” ka gonne o bopilwe ka tlhamalalo ke Modimo, a na le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Rraagwe.