TSOGANG! January 2014 | Web Site e e Tlhomologileng

A o ka rata go tlhaloganya Baebele botoka kgotsa go tokafatsa botshelo jwa lelapa la gago? A o mosha yo o tlhokang kgakololo? Web site ya rona ya semolao e na le kgakololo e e lebaneng mongwe le mongwe.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Web Site e e Tlhomologileng

Itlwaelanye le web site ya rona mme o bone kafa wena le lelapa la gago lo ka solegelwang molemo ka gone ke botlhale jo bo sa felelweng ke nako jo bo mo Baebeleng.

Ditiragalo Tsa Lefatshe

E bua ka: ditshwanelo tsa bana mo dinageng tsa Afrika tse di kwa borwa jwa Sahara, go boifa go kgerisiwa mo Internet kwa Italy le go oketsega ga basha ba ba sa batleng go tlhatlosiwa mo ditirong kwa Japane.

POTSOLOTSO

Moithuti wa Ditshedi Tse Dinnyennye o Tlhalosa Tumelo ya Gagwe

Tsela e e neng e sa lebelelwa e dikhemikale tse di mo diseleng di raraaneng ka yone e ne ya dira gore Feng-Ling Yang, moitsesaense wa kwa Taiwan, a se tlhole a dumela gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe. Ka ntlha yang?

GO THUSA LELAPA

Tsela ya go Emelana le Kgatelelo ya Dithaka

Kgatelelo ya dithaka e ka dira gore batho ba ba siameng ba dire dilo tse di bosula. Ke eng se o tshwanetseng go se itse ka yone, mme o ka emelana le yone jang?

SE BAEBELE E SE RUTANG

Popo

Baebele e bua ka “malatsi” a le marataro a Modimo a bopileng ditshedi ka one. A e ne e le malatsi a diura di le 24?

BATHO LE DINAGA

Go Etela Italy

Italy e itsege ka hisitori ya yone, bontle le batho ba yone ba ba ratang batho. Utlwa mo go oketsegileng ka naga eno le tiro ya Basupi ba ga Jehofa koo.

A GO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa Segokgo Jwa go Dira Sekgomaretsi

Bobi jwa segokgo bo a nonofa fa go tlhokega gape ga bo nonofe fa go sa tlhokege. Utlwa gore jang mme ka ntlha yang.