Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

Kgang E e Sa Itseweng ya Popo

Kgang E e Sa Itseweng ya Popo

BATHO ba le dibilionebilione ba badile kgotsa ba utlwile se Baebele e se buang malebana le gore lobopo lo simologile jang. Pego eno e e nang le dingwaga di le 3 500 e le teng e simolola ka mafoko ano a a itsegeng thata: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba lemoge gore baeteledipele ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete, go akaretsa le batho ba go tweng ba dumela mo go reng popo e tlhodilwe mo malatsing a le marataro a mmatota le ba ba tatalalelang se ba se dumelang ba fetotse pego ya Baebele ya popo mme ba tlhama dipolelo di le dintsi tse di fapaaneng le se tota Baebele e se buang. Ditlhaloso tseno di thulana le dintlha tse di boammaaruri tsa saense. Le fa dipolelo tseo di seyo mo Baebeleng, di dirile gore batho bangwe ba tseye pego ya Baebele e le tlhamane.

Bontsi jwa batho ga ba itse kgang ya mmatota e e mo Baebeleng ka popo. Seno se a swabisa ka gonne tota Baebele e neela tlhaloso e e utlwalang le e e ka ikanngwang ka ga tshimologo ya lobopo. Se sengwe gape ke gore tlhaloso eo e dumalana le dilo tse di ribolotsweng ke saense. Ee, o ka gakgamadiwa thata ke pego e e sa itseweng ya Baebele ya popo!

MMOPI YO O SA BOPIWANG KE OPE

Pego ya Baebele ya popo e theilwe mo ntlheng e e boammaaruri ya gore go na le Mogodimodimo, Modimo Mothatayotlhe, yo o bopileng dilo tsotlhe. Ke mang mme o ntse jang? Baebele e bontsha gore o farologane thata le medimo e e fitlhelwang mo madumeding a a rategang le mo madumeding a magolo. Ke Mmopi wa dilo tsotlhe, mme bontsi jwa batho ga ba itse go le kalo ka ene.

  • Modimo o teng, o a tshela. Ga se maatla a a se nang maikutlo, a a tletsetletseng fela mo lobopong. O na le dikakanyo, maikutlo le maikaelelo.

  • Modimo o na le maatla le botlhale jo bo sa feleng. Ke sone se go nang le dilo tse di tlhamilweng ka tsela e e raraaneng gongwe le gongwe mo popong, segolobogolo mo ditsheding.

  • Modimo o bopile sengwe le sengwe se re se bonang. Ka jalo, a ka se ke a bo a dirilwe ka dilo tse re kgonang go di bona tse a di dirileng ka boene. Go na le moo ke motho wa semoya, e seng wa senama.

  • Ga go na nako e Modimo a simolotseng go nna teng ka yone. Fa e sa le a ntse a le gone e bile o tla nna a le gone. Ka jalo, ga a bopiwa ke ope.

  • Modimo o na le leina mme le dirisiwa makgetlo a le diketekete mo Baebeleng. Leina leo ke Jehofa.

  • Jehofa Modimo o rata batho e bile o a ba kgathalela.

 MODIMO O TSERE LOBAKA LO LO KAE GO BOPA LOBOPO?

Baebele ya re Modimo o bopile “magodimo le lefatshe.” Le fa go ntse jalo, mafoko ano a a ka akaretsang dilo di le dintsi, ga a tlhalose gore o tsere lobaka lo lo kana kang go bopa lobopo kgotsa gore o dirisitse mekgwa efe go lo dira. Go tweng ka tumelo e e anameng ya batho ba ba dumelang gore Modimo o bopile lobopo mo malatsing a le marataro a mmatota a diura di le 24? Kgopolo eno, e e ganediwang ke baitsesaense ba le bantsi, e theilwe mo go sa tlhaloganyeng gotlhelele pego ya Baebele. Ela tlhoko se tota Baebele e se buang.

Baebele ga e dumalane le tumelo ya batho ba ba tatalalelang se ba se dumelang le ba ba dumelang gore popo e tlhodilwe mo malatsing a mmatota a le marataro a diura di le 24

  • Baebele ga e dumalane le tumelo ya batho ba ba tatalalelang se ba se dumelang le ba ba dumelang gore popo e tlhodilwe mo malatsing a mmatota a le marataro a diura di le 24.

  • Gangwe le gape Baebele e dirisa lefoko “letsatsi” go tlhalosa dipaka tse di farologaneng tsa nako. Mo makgetlong mangwe ga go tlhalosiwe gore dipaka tseno tsa nako di boleele jo bo kana kang. Pego ya popo e e fitlhelwang mo bukeng ya Baebele ya Genesise ke lengwe la makgetlo ao.

  • Mo pegong ya Baebele, lengwe le lengwe la malatsi a marataro a popo le ka tswa le tsere diketekete tsa dingwaga.

  • Fa letsatsi la ntlha la popo le simologa, Modimo o ne a setse a bopile lobopo, go akaretsa le polanete ya Lefatshe e e neng e se na botshelo.

  • Go bonala malatsi a marataro a popo e ne e le dipaka tse ditelele tsa nako tse ka tsone Jehofa Modimo a neng a baakanya lefatshe gore batho ba nne mo go lone.

  • Pego ya Baebele ya popo ga e ganetsane le ditshwetso tsa saense malebana le dingwaga tse lobopo lo nang le tsone.

A MODIMO O DIRISITSE THULAGANYO YA GO IPHETOGELA GA DITSHEDI KA BOTSONE GO NNA TSE DINGWE?

Batho ba le bantsi ba ba sa dumeleng mo Baebeleng ba amogela thuto ya gore ditshedi di dule mo dikhemikaleng tse di sa tsheleng, di dirisa dithulaganyo tse di sa itseweng tse di se nang megopolo. Go dumelwa gore nako nngwe go ne ga nna le setshedi sengwe se se tshwanang le baketeria se se intsifatsang, mme ka iketlo sa fetoga mefuta yotlhe ya ditshedi tse di leng gone gompieno. Seno se ka kaya gore kwa bofelong, motho, yo e leng setshedi se se raraaneng ka tsela e e gakgamatsang o ne a tswa mo baketerieng.

Kgopolo ya gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe e dumelwa le ke batho ba le bantsi ba ba iphakang gore ba amogela gore Baebele ke lefoko la Modimo. Ba dumela gore Modimo o dirile matlhasedi a ntlha a botshelo mo lefatsheng go tswa foo a bo a tlhokomela fela kgotsa le go kaela thulaganyo ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e rialo.

Pego ya Baebele ya popo ga e ganetsane le se se lemogilweng ke saense gore go na le go sa tshwane mo mefuteng e e rileng ya ditshedi

  • Go ya ka Baebele, Jehofa Modimo o bopile mefuta yotlhe ya dimela le diphologolo, mmogo le monna le mosadi yo o itekanetseng ba ba neng ba kgona go ikitse sentle, go bontsha lorato, botlhale le tshiamiso.

  • Go bonala sentle gore mefuta ya diphologolo le dimela tse Modimo a di bopileng e ile ya nna le diphetogo dingwe gore go nne le go sa tshwane mo teng ga mefuta mengwe. Mo maemong a le mantsi, ditshedi tse di nnang gone di farologana ka tsela e e gakgamatsang le tse dingwe.

  • Pego ya Baebele ya popo ga e ganetsane le se se lemogilweng ke saense gore go na le go sa tshwane mo mefuteng e e rileng ya ditshedi.

 POPO E BONTSHA GORE GO NA LE MMOPI

Mo magareng a bo1800, moitsethutotshelo wa Moboritane e bong Alfred Russel Wallace o ne a dumalana le Charles Darwin ka kgopolo ya gore ditshedi di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ka go itlhophela ka tlhago tikologo e di tla tshelang mo go yone. Mme tota le motho yono yo o itsegeng thata yo o dumelang gore dilo di iphetogetse ka botsone go nna tse dingwe ga twe o ile a re: “Batho ba ba nang le matlho a a bonang le megopolo e e tlwaetseng go akanya, ba kgona go bona mo diseleng tse dinnyennye, mo mading, mo lefatsheng lotlhe le mo lobopong lo lo tletseng dinaledi gore . . . , go na le mongwe yo o botlhale yo o neng a kaela gore di nne teng; ka bokhutshwane go na le Mogopolo.”

Mo e ka nnang dingwaga di le dikete di le pedi pele ga ga Wallace, Baebele e ne e sa bolo go re: “Gonne dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Gangwe le gape o ka rata go ipha nako ya go akanya ka dilo tse di raraaneng le tse di jesang kgakge tse di fitlhelwang mo dilong tsa tlholego—go simolola ka tlhaga go fitlha ka dinaledi, dipolanete le dilo tse dingwe tse dintsintsi tse di fitlhelwang kwa legodimong. Fa o sekaseka popo o ka lemoga gore go na le Mmopi.

O ka nna wa botsa gore, ‘Mme fa e le gore go na le Modimo yo o lorato yo o bopileng dilo tsotlhe, ke ka ntlha yang fa a ka letla gore batho ba boge? A o latlhile ditshedi tse a di bopileng mo lefatsheng? Go tla direga eng mo isagweng?’ Baebele e na le dikgang tse dingwe tse dintsi tse di sa itseweng—boammaaruri jo bo fitlhilweng ke dikgopolo tsa batho le dikgopolo tsa bodumedi mme bo fitlhegetse batho ba le bantsi. Basupi ba ga Jehofa ba e leng bagatisi ba makasine ono, ba ka itumelela go go thusa go sekaseka boammaaruri jo bo itshekileng jwa Baebele le go ithuta mo go oketsegileng ka ga Mmopi le ka se se tla diragalang mo isagweng ka batho ba a ba bopileng.