Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Loso

Loso

Baswi ba kae?

“O lorole mme o tla boela mo loroleng.”—Genesise 3:19.

SE BATHO BA SE BUANG

Bangwe ba akanya gore batho ba tswelela ba tshela morago ga loso—kwa legodimong, kwa diheleng, kwa pakatoring kgotsa kwa lefelong la badimo. Ba bangwe ba dumela gore batho ba tla tsalwa sesha ba bo ba tshela e le mefuta e mengwe ya ditshedi. Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba ba sa dumeleng dikgopolo tsa bodumedi ba dumela gore loso ke fela gore motho o a bo a sa tlhole a tshela.

SE BAEBELE E SE BUANG

Moreri 9:10 ya re “ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.” Gape Baebele e tlhalosa se se diragalelang batho mmogo le diphologolo fa di swa. Ya re: “Tsotlhe di ya lefelong le le lengwe. Tsotlhe di nnile gone di tswa mo loroleng, mme tsotlhe di boela mo loroleng.”—Moreri 3:20.

 Seemo sa baswi ke sefe?

“Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.”—Pesalema 146:4.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba rutilwe gore dilo tse di diragalelang motho morago ga loso di laolwa ke gore o ne a dirang fa a ne a sa ntse a tshela mo lefatsheng. Fa e le gore o ne a dira dilo tse di siameng, o ne a tla duelwa ka go itumela ka bosakhutleng; fa a ne a le bosula, o ne a tla tlhokofadiwa ka bosakhutleng. Go bolelwa gore fa batho ba sena go swa ba tshwanetse go tlosiwa boleo pele ba letlelelwa go tsena kwa Modimong. Ba ba sa ntlafadiweng, go bolelwa fa ba ka se bone boitumelo joo jo bo sa khutleng.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baswi ga ba itumele e bile ga ba tlhokofadiwe. Ee ruri, e re ka ba sa utlwe sepe, ba ka se dire sepe gotlhelele; e bile ba ka se thuse kgotsa ba gobatse batshedi. Go ya ka Moreri 9:5, 6: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Le lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse, mme ga ba tlhole ba na le kabelo epe ka bosakhutleng mo go sepe se se tshwanetseng go dirwa kafa tlase ga letsatsi.”

A go na le tsholofelo nngwe ka baswi?

“Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape? Ke tla leta malatsi otlhe a tiro ya bonatla e ke patelediwang go e dira, go fitlha kgololo ya me e tla.”—Jobe 14:14.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba dumela gore fa motho a setse a isitswe diheleng, ga go na tsholofelo epe ka ene. Gatwe motho o tlhokofadiwa ka bosakhutleng kwa diheleng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go dumelwa gore ba ba mo pakatoring ba bona boitumelo jwa kwa legodimong fela fa maleo a bone a sena go tlosiwa ka molelo.

SE BAEBELE E SE BUANG

Batho ba gone jaanong ba suleng ba tla tsosiwa kgotsa ba busediwe mo botshelong mo lefatsheng ke Morwa Modimo. Baebele ya re: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:26, 28, 29) Go tswa foo tsela e motho a itshwarang ka yone e tla laola gore a o newa botshelo jo bo sa khutleng. *

^ ser. 14 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka tsogo, tsweetswee bona kgaolo 7 mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.