Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bajadi Kwa Dikgweng Tsa Boboatsatsi

Bajadi Kwa Dikgweng Tsa Boboatsatsi

MOJADI mongwe le mongwe o itse gore tsela e e molemo ya go lema ke fa motho a jala peo mo lefelong le le siameng ka nako e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, go ka lebega go gakgamatsa gore temo e e atlegang thata kwa dikgweng tsa boboatsatsi e dirwa bosigo—mo loaping. Bajadi bano ke bommamathwane ba ba jang maungo (Old World fruit bats)—ba bangwe ba bone ba itsegeng e le bophokoje ba ba fofang. *

Go Anamisa Peo

Bontsi jwa bommamathwane ba maungo ba fofa bosigo mo dikgweng ba batla ditlhare tse di nang le maungo kgotsa dithunya tse ba ka gopang tswina mo go tsone. Fa ba bone maungo ao ba a a tlhafuna ba bo ba kgwa tshotlho le peo e e sa silegang. Fa ba gopa tswina, ba tsenya loupa mo dithunyeng go di thusa go ntsha peo.

E re ka bommamathwane ba fofa lobaka lo loleele bosigo, ba kgona go anamisa peo mo karolong e kgolo. Ba gasa peo e nngwe ka mantle, mme seo se dira gore e gole ka bonako. Ga go gakgamatse go bo dimela tse di farologaneng di ikaega ka bommamathwane go thusa dithunya tsa tsone go ntsha dipeo le go di anamisa.

E re ka bommamathwane ba fofela kgakala, ba tshwanetse go nna le bokgoni jwa  go fofa sentle le go bonela kgakala. Fa go le lefitshwana, ba kgona go bona botoka go feta batho. Ba kgona le go lemoga mebala mengwe. E bile ba rata go fofa bosigo le motshegare.

Botshelo Jwa Bone

A O NE O ITSE? Go farologana le bommamathwane ba bangwe, bommamathwane ba maungo bone ga ba bone dijo ka go thaisa diphologolo tse dingwe, go na le moo ba a di dupa kgotsa ba di bona di le kgakala. Matlho a tsone a magolo a di thusa go bona sentle fa di ntse di fofa bosigo

Bommamathwane ba ba fofang ba kwa Samoa ba ba jaaka bophokoje (Pteropus samoensis) ba nna ba tsala go fitlha ba swa. Go lemogilwe gore mefuta mengwe ya bommamathwane ba ba namagadi ba kgona go tlhokomela bana ba bone sentle, ba ba tshola mo go bone dibeke di le mmalwa le go ba amusa go fitlha ba gola. Mo mefuteng e mengwe e mebedi ya bommamathwane ba maungo, fa mmamathwane a tsala o thusiwa ke yo mongwe yo o namagadi.

Ka maswabi, bontsi jwa bommamathwane ba mo kotsing ya go nyelediwa ka gonne mafelo a bone a bonno a senngwa. Go nyelediwa ga bommamathwane kwa ditlhaketlhakeng tsa South Pacific go ka nna le ditlamorago tse di bosula ka gonne dijalo tsa mo dikgweng tseo di ikaegile ka bone gore di ntshe peo. Go bonala sentle gore tiro e bajadi bano ba e dirang e botlhokwa tota.

^ ser. 2 Bommamathwane ba maungo ba fitlhelwa kwa Afrika, Asia, Australia le kwa Ditlhaketlhakeng dingwe tsa Pacific.