BATHO LE DINAGA | BELIZE
Go Etela Belize
BELIZE e na le dilo tse dintsi tse di kgatlhang—dikgwa tsa boboatsatsi le metsi a matala a a dikologileng ditlhaketlhake tse di iphaphathileng le lotshitshi. Tsela e Belize e agegileng ka yone ke lemme fela la dilo tse di kgatlhang ka naga eno.
Naga eno e na le mefuta e e farologaneng ya dinonyane le diphologolo. Dingwe tsa diphologolo tsa yone tsa naga ke dinonyane tsa mebala e mentle (Ramphastos sulfuratus) le dikolobe tsa naga (Tapirus bairdii)—tse di nang le selopo se sekhutshwane e bile ke losika lootshukudu mme di kgona go taboga mo lefatsheng le mo metsing! Gape go na le di-jaguar (Panthera onca) tse di ratang go tshela di le nosi. Tota e bile, Belize ke yone naga ya ntlha e e nang le lefelo le le tlhokomelang di-jaguar.
Belize e kile ya bo e le karolo ya mafelo a Ba-Maya. Batlhabani ba Ba-Spain ba ne ba goroga ka lekgolo la bo16 la dingwaga mme ba se ka ba fenya Ba-Maya. Moragonyana Baboritane ba ne ba thopa naga eno mme ka 1862 ba e dira kolone ya British Honduras semolao. Ka 1981, Belize e ne ya bona boipuso.
Ba-Belize ba kgatlha fela jaaka naga ya bone. Bontsi jwa batho ba ba nnang koo ke Ba-Creole, Ba-India ba kwa Botlhaba, Ba-Garifuna, Ba-Maya le Ba-Mestizo. Batho ba naga eno ba botsalano e bile ba maitseo. Gantsi fa bana ba bua le bagolo ba re “Mme” kgotsa “Rre,” mme fa ba araba ba re “Ee mma” kgotsa “Nnyaa rra.”
Kwa Belize go na le diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa tsa Puo ya Diatla ya Amerika, Se-Creole sa Belize, Seesemane, Sejeremane, Se-China sa Mandarin, Se-Maya (Mopán) le Se-Spain. Ka 2013, mo e ka nnang motho a le 1 go ba le 40 kwa Belize, o ne a nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete se se neng se tshwerwe ke Basupi.
A O NE O ITSE? Coral reef ya kwa Belize e boleele jwa dikilometara di feta 290. Ke karolo ya barrier reef ya maemo a bobedi ka bogolo mo lefatsheng mme Great Barrier Reef ya Australia ke yone e kgolo go di gaisa tsotlhe.