Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG

Ditshwantsho

Ditshwantsho

Batho ba le dimilione ba ba peloephepa ba dirisa ditshwantsho mo kobamelong ya bone. A mokgwa ono o a amogelesega mo Baebeleng? A o itumedisa Modimo?

A Bajuda ba metlha ya ditiragalo tsa Baebele ba ne ba obamela ditshwantsho?

“O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng kgotsa popego e e tshwanang le epe fela e e kwa magodimong kwa godimo kgotsa e e mo lefatsheng fa tlase kgotsa e e mo metsing kafa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go tlhotlhelediwa go di direla.”—Ekesodo 20:4, 5.

Gangwe le gape go obamelwa ga ditshwantsho go a kgalwa mo Dikwalong Tsa Sehebera, tse di itsegeng e le Tesetamenteng e Kgologolo

MAGATWE

Go ya ka New Catholic Encyclopedia, Bajuda ba ne ba dirisa ditshwantsho di le dintsi mo kobamelong ya bone, “e bile ditshwantsho tseno di ne di tlotliwa, di sisimogiwa e bile di obamelwa.” * Dikai dingwe tse buka eno ya tshedimosetso e buang ka tsone ke ditshwantsho tse dintsi tse di gabilweng tsa maungo, dithunya le diphologolo tse di neng di kgabisitse tempele ya kwa Jerusalema.—1 Dikgosi 6:18; 7:36.

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Go farologana le se New Catholic Encyclopedia e se buang, Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba sa obamele ditshwantsho dipe tse di gabilweng kgotsa tse di toroilweng tse di mo tempeleng. Tota e bile, ga go gope mo Baebele e reng Moiseraele yo o ikanyegang o ne a dirisa ditshwantsho mo kobamelong.

SE BAEBELE E SE BUANG

Modimo o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me, le fa e le ditshwantsho tse di betlilweng pako ya me.”—Isaia 42:8.

 A Bakeresete ba bogologolo ba ne ba dirisa ditshwantsho mo kobamelong?

“Tempele ya Modimo e na le tumalano efe le medingwana? . . . Lo tlogele go ama selo se se seng phepa.”—2 Bakorintha 6:16, 17.

“Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ka se ka ba dumalana le gore ditshwantsho di tsenngwe mo dikerekeng e bile ba ne ba tsaya go khubama kgotsa go rapela fa pele ga tsone e le kobamelo ya medingwana.”—History of the Christian Church

MAGATWE

New Catholic Encyclopedia ya re: “Ga go utlwale go ganetsa gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba obamela ditshwantsho.” Diphaposi tse di mo boalong jo bo kwa tlase tse ditopo tsa Bakeresete di neng di fitlhelwa mo go tsone di bontsha gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rata botaki. . . . Tota le diphaposi tse di boitshepo tsa kobamelo le tsa go fitlhela di kgabisitswe ka ditshwantsho tsa batho ba ditlhamane.” *

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Ditshwantsho tsa bogologolo tse di fitlhetsweng mo diphaposing tseno—tse di ka fa tlase ga lefatshe tse di neng di dirisiwa go fitlha baswi—ke tsa lekgolo la boraro la dingwaga. Ka nako eo, go ne go setse go fetile dingwaga di ka nna 200 Jesu a sule. Ka jalo, se New Catholic Encyclopedia e reng ke “kobamelo ya Bakeresete ba bogologolo” ga se yone tota kobamelo ya ntlhantlha ya Bakeresete—e e neng e dirisiwa ke barutwa ba lekgolo la ntlha la dingwaga le e e tlhalosiwang mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, tse di itsegeng e le Tesetamente e Ntšha. Ditshwantsho tseo tse di neng di le mo diphaposing tse go neng go fitlhelwa mo go tsone di ne di bontsha gore mo lekgolong la boraro la dingwaga, madumedi a a ipitsang a Bokeresete a ne a setse a dirisa ditlwaelo tsa boheitane tsa go dirisa ditshwantsho gongwe ka boikaelelo jwa go ngoka batho. *

SE BAEBELE E SE BUANG

“Tshabang kobamelo ya medingwana.”—1 Bakorintha 10:14.

A ditshwantsho di tshwanetse go dirisiwa e le sengwe se se go thusang go obamela?

“Itiseng mo medingwaneng.”1 Johane 5:21.

Kobamelo ya ditshwantsho ke tlwaelo ya bodumedi e e kgalwang ke Baebele. Ke sone se Basupi ba ga Jehofa ba sa obameleng ditshwantsho e bile ba sa tsenyeng ditshwantsho tsa bodumedi mo magaeng a bone kgotsa mo mafelong a bone a kobamelo

MAGATWE

New Catholic Encyclopedia ya re: “E re ka kobamelo e e newang setshwantsho e tlotlomatsa motho yo se mo emelang, kobamelo e e tshwanelang mongwe le yone e ka newa setshwantsho se se emelang motho yoo.”

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Fa Jesu a ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela, ga a ka a ba bolelela gore ba dirise ditshwantsho. Mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika ga go buiwe sepe ka gore go dirisiwe ditshwantsho fa go obamelwa Modimo wa boammaaruri.

SE BAEBELE E SE BUANG

“Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.”—Mathaio 4:10.

^ ser. 7 New Catholic Encyclopedia e tlhalosa go obamela e le “tiro nngwe ya bodumedi, karolo ya kobamelo.”

^ ser. 13 Mo setlhogong seno ditshwantsho di akaretsa ditshwantsho tse di toroilweng, ditshwantsho tsa batho ba bodumedi, difikantswe kgotsa matshwao, sepe fela se se ka obamelwang.

^ ser. 14 Go dirisa ditshwantsho go ne go tlwaelegile mo ditsong tse dintsi tsa bogologolo, go akaretsa tsa kwa Egepeto, Gerika le India.