Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | KATLEGO YA MMATOTA KE ENG?

O Leba Jang go Atlega?

O Leba Jang go Atlega?

Itlhatlhobe ka dikai tseno tse nnè.

Ke ofe wa batho bano yo o ka reng tota o atlegile?

  • ALEX

    Alex o na le kgwebo. O a ikanyega, o dira ka natla e bile o pelontle. Kgwebo ya ga Alex e atlegile, mme seo se dira gore ene le ba lelapa la gagwe ba tshele sentle.

  • CAL

    Cal o na le kgwebo e e tshwanang, mme o dira lotseno lo lo fetang lwa ga Alex. Cal o batla gore kgwebo ya gagwe e atlege go feta tse dingwe, mme seo se dirile gore e nne motho yo o bereketseng ruri e bile o tshabelelwa ke malwetse.

  • JANET

    Janet ke moithuti kwa sekolong se segolwane yo o ithutang ka tlhoafalo e bile o rata go bala. Seo se dira gore a bone maduo a a siameng.

  • ELLEN

    Ellen o bona maduo a a kwa godimo go feta Janet—le fa go ntse jalo o a tsietsa mo ditlhatlhobong e bile ga a kgatlhegele dithuto tsa gagwe.

Fa o ne o ka re Cal le Ellen—kgotsa batho bano botlhe ba banè—ba atlegile, o ka tswa o leba katlego go ya ka dilo tse motho a di fitlheletseng go sa kgathalesege gore o di fitlhelela jang.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa o tlhophile Alex le Janet, o ka tswa o leba katlego go ya ka tsela e motho a itshwarang ka yone kgotsa e a berekang ka yone. Go dira jalo go a utlwala. Akanya ka dikai tse di latelang.

  • Ke eng se se tla solegelang Janet molemo go ya go ile—gore a bone maduo a a kwa godimo kgotsa gore a rate go ithuta?

  • Ke eng se se tla solegelang bana ba ga Alex molemo—gore ba nne le dilo tse dintsi kgotsa gore ba nne le rre yo o itumelelang go fetsa nako le bone?

Sa botlhokwa: Katlego e e seng yone e ikaegile ka se motho a se bonang; katlego ya mmatota yone e ikaegile ka go dira dilo sentle.