1923—Dingwaga di le Lekgolo Tse di Fetileng
MAKASINE wa Tora ya Tebelo wa January 1, 1923 o ne wa re: “Go tlile go direga dilo tse dintle mo ngwageng ono wa 1923. Re tlile go itumelela go bolelela batho gore go ise go ye kae, mathata a bone otlhe a tlile go fela.” Ka ngwaga wa 1923, Baithuti ba Baebele ba ne ba dira diphetogo mo tseleng e ba tshwarang dipokano, dikopano le e ba rerang ka yone. Seo se ile sa ba thusa gore ba nne seoposengwe le go feta.
DIPOKANO DI ILE TSA BA THUSA GO NNA SEOPOSENGWE
Mo ngwageng oo, phuthego ya Modimo e ile ya dira diphetogo tse di neng tsa thusa Baithuti ba Baebele gore ba obamele Jehofa ba le seoposengwe. Makasine wa Tora ya Tebelo o ne wa simolola go tlhalosa ditemana tse go neng go tla tlotliwa ka tsone mo Pokanong ya Thapelo, Pako le go Ipolela Phatlalatsa. Mo godimo ga moo, Baithuti ba Baebele ba ne ba gatisa khalendara e e neng e na le temana e go neng go tla tlotliwa ka yone kwa dipokanong le pina e e neng e ka opelwa ka nako ya kobamelo ya lelapa kgotsa fa motho a ithuta a le nosi.
Fa Baithuti ba Baebele ba le kwa dipokanong, ba ne ba tlotla ka maitemogelo a a monate a ba nnileng le one kwa tshimong, ba bua dilo tse dintle tse Jehofa a ba diretseng tsone, ba opela kgotsa ba rapela. Kgaitsadi Eva Barney yo o kolobeditsweng ka 1923 a na le dingwaga di le 15 o ne a re: “Fa o batla go bua sengwe, o ne o ema o bo o simolola ka go re, ‘Ke leboga Morena ka dilo tse a ntiretseng tsone.’” Bakaulengwe bangwe ba ne ba rata go tlotla maitemogelo a bone. Kgaitsadi Barney o ne a re: “Mokaulengwe mongwe yo o godileng yo o bidiwang Godwin o ne a nna fela a na le sengwe se a se lebogelang. Mme fa mosadi wa gagwe a lemoga gore mokaulengwe yo o tshwereng pokano o fela pelo, o ne a mo kgotlha a bo a nna fa fatshe.”
Gangwe mo kgweding, phuthego nngwe le nngwe e ne e nna le Pokano e e kgethegileng ya Thapelo, Pako le go Ipolela Phatlalatsa. Makasine wa Tora ya Tebelo wa April 1, 1923 o ne wa re: “Nako e e rileng mo pokanong eno, e tla dirisediwa go tlotla ka maitemogelo a bakaulengwe le bokgaitsadi ba nnileng le one mo tshimong. . . . Re dumela gore pokano eno e tla ba thusa gore ba atamalane thata.”
Mmoledi mongwe wa dingwaga di le 19 wa kwa Canada yo o bidiwang Charles Martin, a re dipokano tseno di ne di mo tswela mosola. Moragonyana o ne a re: “Di ne tsa nthusa go itse gore ke reng fa ke le mo tshimong. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tlhola ba bua maitemogelo a ba nnileng le one mo tshimong. Seo se ne se nthusa go bona gore nka reng fa ke rera le gore nka araba jang fa batho ba nkganetsa.”
TIRO YA GO RERA E NE E BA THUSA GO NNA SEOPOSENGWE
Selo se sengwe se se neng sa thusa bakaulengwe gore ba nne seoposengwe ke “malatsi a tirelo.” Mo malatsing ao, mongwe le mongwe o ne a kgothalediwa gore a nne teng mo tshimong. Makasine
wa Tora ya Tebelo wa April 1, 1923 o ne wa re: “Gore re dire tiro eno re le seoposengwe . . . , Labobedi, ka di1 tsa May, 1923, e tla nna letsatsi la tirelo. Morago ga moo, Labobedi mongwe le mongwe wa ntlha mo kgweding e tla nna letsatsi la tirelo . . . Mmoledi mongwe le mongwe o kgothalediwa gore a nne teng mo tshimong.”Baithuti ba Baebele ba basha le bone ba ne ba rera. Kgaitsadi Hazel Burford yo o neng a na le dingwaga di le 16 ka nako eo o ne a re: “Karolo ya se re ka se buang mo bodireding e e neng e le mo kgatisong ya Bulletin, e ne e re thusa fa re le mo tshimong. a Nna le Rremogolo re ne re dira ka natla mo tshimong.” Le fa go ntse jalo, bakaulengwe bangwe ba ne ba tsaya gore basha ga ba a tshwanela go ya tshimong. Kgaitsadi Burford a re: “Mokaulengwe mongwe yo o godileng o ne a sa itumelele gore ke rerela batho. Ka nako eo, bangwe ba ne ba sa tlhaloganye gore ‘makawana le makgarebe’ le bone ba tshwanetse go baka Mmopi wa bone yo Mogolo.” (Pes. 148:12, 13) Mme gone, e re ka moseka phofu ya gaabo a sa swe lentswe, Kgaitsadi Burford ga a ka a ineela. Moragonyana o ne a ya kwa Sekolong sa Gileade go tswa foo a nna morongwa kwa Panama. Se se itumedisang ke gore fa nako e tsamaya, bakaulengwe bao ba ne ba tlhaloganya gore basha le bone ba tshwanetse go ya tshimong.
DIKOPANO DI ILE TSA DIRA GORE BA NNE SEOPOSENGWE
Dikopano le tsone di ne di dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba nne seoposengwe. Mo dikopanong tseo, go ne go nna le letsatsi la go ya tshimong. Ka sekai, botlhe ba ba neng ba le kwa kopanong kwa Winnipeg, Canada, ba ne ba kopiwa gore ba ye tshimong ka di31 tsa March. Seo se ile sa dira gore batho ba le bantsi ba rerelwe. Ka di5 tsa August, batho ba ka nna 7 000 ba ne ba ya kwa kopanong e nngwe gape kwa Winnipeg. Eo e ne e le kopano ya ntlha go nna le batho ba le bantsi jaana kwa Canada.
Ka 1923 go ile ga nna le kopano ya botlhokwa thata kwa Los Angeles, California ka di18 go ya go di26 tsa August. Dibeke pele ga kopano, makwalodikgang a ne a itsise ka kopano eo e bile Baithuti ba Baebele ba ne ba tsamaisa ditaletso di feta 500 000. Gape ba ile ba matarisa dipampiri tse di neng
di itsise ka kopano eo mo dipalangweng tsa botlhe le mo dikoloing tsa bone.Ka Matlhatso ka di25 tsa August, Mokaulengwe Rutherford o ne a neela puo ya setlhogo se se reng, “Dinku le Dipodi.” Mo puong eo, o ne a tlhalosa gore “dinku” ke batho ba ba ratang boammaaruri ba ba tla tshelang mo lefatsheng la paradaise. Gape o ne a itsise ka maitlamo a a reng, “Tlhagiso.” Maitlamo ao a ne a kgala Dikereke Tse di Ipitsang Tsa Bokeresete e bile a ne a kgothaletsa batho ba ba ratang Modimo gore ba tswe mo “Babelona yo Mogolo.” (Tshen. 18:2, 4) Moragonyana, Baithuti ba Baebele ba ne ba anamisa dipampitshana tse dintsi tse di neng di kwadilwe maitlamo ao.
“Pokano eno e tla ba thusa gore ba atamalane thata”
Mo letsatsing la bofelo la kopano, batho ba feta 30 000 ba ne ba reetsa puo ya ga Mokaulengwe Rutherford ya setlhogo se se reng, “Ditšhaba Tsotlhe Jaanong di Gwantela Kwa Haramagedona, Mme Dimilione Tse Jaanong di Tshelang ga di Kitla di Swa.” E re ka Baithuti ba Baebele ba ne ba lebeletse gore go tle batho ba le bantsi kwa kopanong, ba ne ba hira setadiamo se se neng se sa tswa go agiwa kwa Los Angeles. Ba ne ba dirisa dibuelagodimo tse di neng di le mo setadiamong seo gore batho ba ba neng ba tlile kopanong ba kgone go utlwa sentle. Batho ba bangwe ba bantsi ba ne ba reeditse thulaganyo eo mo radiong.
TIRO E A OKETSEGA
Ka 1923 go ne go na le tiro e ntsi ya go rera e e neng e tshwanetse go dirwa kwa Africa, Europe, India le kwa South America. Mokaulengwe A. J. Joseph wa kwa India, o ne a tlamela mosadi wa gagwe le bana ba bone ba le barataro. Mo godimo ga moo, o ne a thusa ka go gatisa dikgatiso tsa Se-Hindi, Se-Tamil, Se-Telugu le Se-Urdu.
Baithuti ba Baebele e bong Alfred Joseph le Leonard Blackman ba kwa Sierra Leone ba ile ba kwalela ntlokgolo ya lefatshe lotlhe e e kwa Brooklyn, New York, ba kopa gore ba romelelwe baboledi ba ba neng ba tla ba thusa. Ba ne ba arabiwa ka di14 tsa April 1923. Alfred a re: “Letsatsi lengwe ka Matlhatso, Mokaulengwe William R. Brown o ile a mfounela. O ne a mpotsa ka lentswe le le kwa godimo a re: ‘A ke wena o kwaletseng Watch Tower Society o kopa gore lo romelelwe baboledi?’” Alfred o ne a re: “Ee.” Mme ene o ne a re: “Ba rometse nna gore ke tle go lo thusa.” Mokaulengwe Brown, mosadi wa gagwe e bong Antonia, le bana ba bone ba basetsana e bong Louise le Lucy ba ne ba gorogile mo go lone letsatsi leo ba tswa kwa Caribbean. Mokaulengwe Alfred le Mokaulengwe Leonard ba ile ba kopana le bone mo letsatsing le le latelang.
Alfred a re: “Mo mosong, nna le Leonard re ne re tshwere thuto ya rona ya Baebele ya beke le beke. Fa re ntse re le foo, monna mongwe yo o katogileng monyo o ne a ema mo kgorong. E ne e le Mokaulengwe Brown. O ne a le matlhagatlhaga tota mo a neng a batla go neela puo ya phatlalatsa mo letsatsing le le latelang.” Fa kgwedi eo e ise e fele, Mokaulengwe Brown o ne a tsamaisitse dibuka tsotlhe tse a neng a tlile ka tsone. O ne a romelelwa dibuka tse dingwe di ka nna 5 000. Mme go ise go ye kae, o ne a di tsamaisitse tsotlhe. Se se kgatlhang ke gore Mokaulengwe Brown o ne a sa itsege e le motho yo o rekisang dibuka, go na le moo o ne a bidiwa Bible Brown ka gonne o ne a dirisa Baebele thata fa a neela dipuo.
Ka nako eo, go ne ga dirwa tshwetso ya gore lelapa la Bethele le fuduge kwa Barmen, kwa Germany ka gonne dikago tse ba neng ba nna mo go tsone di ne di le dinnye, e bile bakaulengwe ba ne ba utlwile gore masole a France a ne a tla tlhasela toropo eo. Baithuti ba Baebele ba ne ba bona lefelo le ba neng ba ka fudugela kwa go lone kwa Magdeburg. Ka di19 tsa June, ba ne ba fetsa go paka metšhini ya go gatisa le dilo tse dingwe ba bo ba fudugela kwa Magdeburg. Letsatsi le le latelang fa bakaulengwe ba kwa ntlokgolo ba sena go bolelelwa gore bakaulengwe ba kgonne go fuduga, makwalodikgang a ne a itsise gore masole a France a ne a tlhasetse toropo ya Barmen. Bakaulengwe ba ne ba leboga Jehofa go bo a ba sireleditse e bile a ba thusitse.
Mokaulengwe George Young, o ne a rera dikgang tse di molemo ka matlhagatlhaga kwa Brazil, e bile o ne a tlhoma ofisi ya lekala a bo a simolola go gatisa makasine wa Tora ya Tebelo ka Sepotokisi. Mo dikgweding di le mmalwa fela, o ne a tsamaisa dikgatiso di feta 7 000. Sarah Ferguson o ne a itumetse tota fa Mokaulengwe Young a ba etela. O ne a ntse a bala makasine wa Tora ya Tebelo fa e sa le go tloga ka 1899 mme a sa kgone go kolobediwa. Dikgwedi di le mmalwa moragonyana, ene le bana ba gagwe ba le banê ba ne ba kolobediwa.
‘GO DIRELA MODIMO KA MATLHAGATLHAGA LE KA BOITUMELO’
Fa ngwaga o fela, makasine wa Tora ya Tebelo wa December 15, 1923 o ne wa tlhalosa kafa diphetogo tse di ileng tsa dirwa mo dipokanong, mo tshimong le mo dikopanong di ileng tsa thusa Baithuti ba Baebele ka gone. O ne wa re: “Diphetogo tseno di dirile gore tumelo ya bakaulengwe le bokgaitsadi e nonofe. Ka jalo, a re ikemisetseng go direla Modimo ka matlhagatlhaga e bile re itumetse mo ngwageng o o latelang wa 1924.”
Go ile ga direga dilo tse di itumedisang ka 1924. Go ne go fetile dikgwedi di le mmalwa bakaulengwe ba kwa Bethele ba aga mo setsheng se se kwa Staten Island se se gaufi le ntlokgolo e e kwa Brooklyn. Ba ne ba fetsa go aga ka 1924. Dikago tseo di ile tsa thusa bakaulengwe gore ba nne seoposengwe e bile di ile tsa thusa mo tirong ya go rera.
a Gone jaanong e bidiwa Bukana ya Botshelo le Bodiredi.