Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Jehofa o Nthusitse Gore ke Atlege mo Tirong ya Gagwe

Jehofa o Nthusitse Gore ke Atlege mo Tirong ya Gagwe

Ke ne ka bolelela lepodise gore ga se la ntlha ke ya kgolegelong ka gonne ke gana go ya ntweng. Ke ne ka mmotsa ka re: “A lo batla gore ke ye kgolegelong gape?” Leno e ne le lekgetlo la bobedi ke laelwa gore ke nne lesole la United States.

KE TSHOTSWE ka 1926 kwa Crooksville, Ohio, kwa United States. Batsadi ba me ba ne ba sa rate bodumedi le fa go ntse jalo, ba ne ba re kgothaletsa go ya kerekeng. Ke ne ka ya kwa Kerekeng ya Methodist. Fa ke le dingwaga di le 14, moruti o ne a nnaya sekgele ka gonne ke kgonne go ya kerekeng ngwaga otlhe.

Margaret Walker (kgaitsadi wa bobedi go tswa ka fa molemeng) o nthusitse go itse boammaaruri

Ka nako eo, moagelani wa rona e bong Margaret Walker, yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a etela mmè a tla go bua le ene ka Baebele. Letsatsi lengwe, ke ne ke batla go reetsa. Mmè o ne a akanya gore ke tlile go ba itaya tsebe, ka jalo, o ne a nkopa gore ke ye go tshamekela kwa ntle. Mme ke ne ke leka go reetsa gore ba bua ka eng. Morago ga go etela mmè ka lobakanyana, Margaret o ne a mpotsa a re: “A o itse leina la Modimo? Ke ne ka mo raya ka re: “Mongwe le mongwe o a itse gore leina la gagwe ke Modimo.” O ne a nthaya a re: “Tla le Baebele ya gago mme o bule mo go Pesalema 83:18.” Ke ne ka dira jalo mme ka lemoga gore leina la Modimo ke Jehofa. Ke ne ka tabogela kwa ditsaleng tsa me mme ka di raya ka re: “Fa lo fitlha kwa magaeng a lona, balang Pesalema 83:18 mme lo bone gore leina la Modimo ke mang.” Ke ne ke setse ke simolotse go rera.

Ke ne ka ithuta Baebele mme ka kolobediwa ka 1941. Moragonyana ke ne ka newa kabelo ya go tshwara thuto ya buka ya phuthego. Ke ne ka kgothaletsa mmè le bana ba kwa gae gore ba tle dipokanong mme botlhe ba ne ba simolola go nna gone ka nako ya thuto ya buka ya phuthego. Mme Rre ene o ne a sa kgatlhege.

GO GANEDIWA KE BA LELAPA

Ke ne ka newa maikarabelo a a oketsegileng mo phuthegong mme ka nna le dibuka tse dintsi tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Letsatsi lengwe, Rre o ne a supa dibuka tsa me a bo a re: “Wa di bona dilo tse? Ke batla gore di ntswele ka ntlo, le wena o di sale morago.” Ke ne ka tsamaya ka ya go nna kwa Zanesville, Ohio, mme gone ke ntse ke tla ke etela ba lelapa la gaetsho go ba kgothatsa.

Rre o ne a leka go thibela Mmè go ya dipokanong. Ka dinako tse dingwe, fa Mmè a le mo tseleng a ya dipokanong, o ne a mo lelekisa a bo a mmusetsa kwa ntlong. Mme o ne a tswa ka kgoro e nngwe a bo a ya dipokanong. Ke ne ka raya Mmè ka re: “Se tshwenyege. O tla lapisiwa ke go tlhola a go tabogisa.” Fa nako e ntse e ya, Rre o ne a lapa.

Fa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se simologa ka 1943, ke ne ka simolola go neela dipuo mo phuthegong. Kgakololo e ke neng ka e newa fa ke sena go neela puo e ne ya nthusa gore ke kgone go neela dipuo sentle.

GO SA TSEYE LETLHAKORE MO NTWENG

Ka Ntwa ya Lefatshe II, ke ne ka laelwa gore ke tsenele bosole. Ke ne ka ya kwa Fort Hayes kwa Columbus, Ohio, ka dirwa diteko le go tlatsa dipampiri. Gape ke ne ka bolelela badiredipuso gore ga ke batle go tsenela bosole. Ba ne ba ntlogela gore ke ye gae. Morago ga malatsi a se kae, lepodise le ne la tla kwa gae mme la nthaya la re: “Corwin Robison, ke tshwere lekwalo la semolao la go go tshwara.”

Dibeke di le pedi morago ga moo, moatlhodi o ne a nthaya a re: “Fa nkabo ke kgona, ke ne ke tla go latlhela botshelo jotlhe mo kgolegelong. A go na le sengwe se o batlang go se bua?” Ke ne ka mo raya ka re: “Motlotlegi, ke tshwanetse ka bo ke ile ka kwadisiwa jaaka moruti. Ntlo nngwe le nngwe e ke yang kwa go yone, ke e tsaya e le serala se ke rerelang mo go sone e bile ke boleletse batho ba le bantsi ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi.” Moatlhodi o ne a raya setlhopha sa baagi se se dirang tshwetso mo kgetsing ya katlholo a re: “Ga lo fano go tla go dira tshwetso ya gore a lekawana leno ke moruti kgotsa jang. Lo fano go tla go dira tshwetso ya gore a o ile a ikobela taelo ya semolao ya gore a ye bosoleng kana jang.” Mo metsotsong e se kae fela, ba ne ba mpona molato. Ke ne ka atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong ya kwa Ashland, Kentucky.

JEHOFA O NTSHIRELETSA MO KGOLEGELONG

Ke ile ka fetsa dibeke di le pedi kwa kgolegelong ya kwa Columbus, Ohio, mme ke nna ke le esi mo seleng. Ke ne ka rapela Jehofa ka re: “Nka se kgone go nna mo seleng ka dingwaga di le tlhano. Ga ke itse gore ke dire eng.”

Mo letsatsing le le latelang, motlhokomedi o ne a dumela gore ke tswe. Ke ne ka ema gaufi le serintlha sa motho re lebile kwa ntle mo fensetereng. O ne a mpotsa a re: “O tshwaretswe eng?” Ka mo raya ka re: “Ke Mosupi wa ga Jehofa?” A re: “Ao monna? Jaanong o batlang fa?” Ka fetola ka re: “Basupi ba ga Jehofa ga ba ye ntweng go ya go bolaya batho ba bangwe.” A re: “Ga ke tlhaloganye, ba go tsenya mo kgolegelong ka gonne o gana go bolaya batho? Ka fa letlhakoreng le lengwe, ba tsenya batho ba bangwe mo kgolegelong ka gonne ba bolaya batho. A mme gone go a utlwala?” Ka mo araba ka re: “Le e seng.”

Go tswa foo a re: “Ke ne ke le kwa kgolegelong e nngwe ka dingwaga di le 15 mme ke ile ka bala dikgatiso dingwe tsa lona.” Fa a sena go bua jalo, ke ne ka rapela Jehofa ka re: “Jehofa, nthuse gore monna yono a ntshireletse.” Ke fa legolegwa leo le le bidiwang Paul le nthaya le re: “Fa mongwe a ka go kgoma, o mpolelele. Ke tla itebaganya le ene.” Fa e sa le go tloga ka nako eo, ga go ope wa magolegwa a le 50 yo o neng a nkatamela.

Ke ne ke le mongwe wa Basupi ba ba neng ba le mo kgolegelong ka gonne ba sa tseye letlhakore mo dipolotiking kwa Ashland, Kentucky

Fa ke fudusediwa kwa kgolegelong e e kwa Ashland, ke ne ka kopana le bakaulengwe gone koo. Ba ne ba re thusa go nna gaufi le Jehofa. Ba ne ba re abela go bala mmalo wa Baebele wa beke le beke e bile re ne re baakanyetsa dipotso le dikarabo ka nako ya dipokano tse re neng re di bitsa Bible Bees. Malao a sele e kgolo e re neng re le mo go yone a ne a bapile le dipota. Go ne go na le mokaulengwe yo o neng a rulaganya tshimo e re tla yang go rera kwa go yone. O ne a nthaya a re: “Robison, wena o tla ya go rera kwa bolaong jwa gore le gore. Mongwe le mongwe yo o mo bolaong joo, ke tshimo ya gago. Tlhomamisa gore o mo rerela pele a tsamaya.” Ke yone tsela e re neng re rera ka yone.

SE KE NENG KA SE FITLHELA FA KE TSWA MO KGOLEGELONG

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya khutla ka 1945 mme ga ke a ka ka gololwa ka yone nako eo. Ke ne ke tshwenyegile ka ba lelapa la gaetsho ka gonne Rre o ne a ntheile a re: “Fa ke kgonne go go sutisa fa pele ga me, ga go sepe se se ka mpalelang.” Fa ke sena go gololwa ke ne ke letetswe ke sengwe se se itumedisang. Maloko a le supa a lelapa la gaetsho a ne a ya dipokanong e bile mongwe wa bokgaitsadiake o ne a kolobeditswe, le fa Rre a ne a ba bogisa.

Ke ya bodireding le Demetrius Papageorge, motlodiwa yo o simolotseng go direla Jehofa ka 1913

Fa Ntwa ya Korea e simologa ka 1950, ke ne ka laelwa gape gore ke tsenele bosole. Ke ne ka laelwa gore ke ye kwa Fort Hayes gape. Fa re sena go dira diteko, lepodise lengwe le ne la nthaya la re: “O ba gaisitse botlhe mo setlhopheng.” Ke ne ka mo raya ka re: “Go siame mme gone ga ke batle go nna lesole.” Ke ne ka nopola 2 Timotheo 2:3 ke bo ke mo raya ke re: “Ke setse ke le lesole la ga Keresete.” Fa a sena go didimala ka lobakanya, o ne a re: “O ka tsamaya.”

Moragonyana ke ne ka nna gone kwa pokanong ya batho ba ba batlang go ya go direla kwa Bethele kwa kopanong ya kwa Cincinnati, Ohio. Mokaulengwe Milton Henschel o ne a re bolelela gore Bethele e tlhoka bakaulengwe ba ba batlang go berekela Bogosi. Ke ne ka tsenya kopo mme ya atlega. Ke ne ka simolola go direla kwa Brooklyn ka August 1954, mme ke sa ntse ke le koo le gompieno.

Ka dinako tsotlhe ke nna ke na le tiro e ntsi e ke tshwanetseng go e dira. Ke feditse dingwaga di le mmalwa ke dirisa motšhine wa go bedisa metsi kwa bogatisetsong le mo dikagong tsa diofisi, ke dirisitse metšhine e le mentsi le go baakanya dikgoro. Gape ke ile ka bereka kwa Diholong Tsa Dikopano kwa New York City.

Ke baakanya metšhini ya go bedisa metsi mo dikagong tsa ofisi kwa Bethele ya Brooklyn

Ke rata dithulaganyo tsa kwa Bethele tse di jaaka temana ya letsatsi le Thuto ya Tora ya Tebelo mmogo le go rera le phuthego. Dilo tseno ke tse lelapa lengwe le lengwe la Basupi ba ga Jehofa le tshwanetseng go di dira ka metlha. Fa lelapa le tshwara temana ya letsatsi, Kobamelo ya Lelapa, le nna gone kwa dipokanong e bile le rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo, lelapa leo le tla atamalana le Jehofa.

Ke na le ditsala di le dintsi mo Bethele le kwa phuthegong. Bangwe ba bone e ne e le batlodiwa mme ba setse ba le kwa legodimong. Ba bangwe e ne e se batlodiwa. Le fa go ntse jalo, batlhanka botlhe ba ga Jehofa, go akaretsa le maloko a Bethele, ke batho ba ba dirang diphoso. Fa ke na le kgotlhang le mokaulengwe wa me, ke leka go baakanya dilo. Ke akanya ka Mathaio 5:23, 24 mme ke leka go dirisa kgakololo eo. Go thata go raya motho o re “Intshwarele” mme gone ke yone tsela ya go rarabolola dikgotlhang.

KE NNA LE DIPHELELO TSE DI MOLEMO MO TIRONG YA GA JEHOFA

Gone jaanong go thata go rera ka ntlo le ntlo ka gonne ke setse ke godile mme gone ga ke ise ke latlhele seditse. Ke ithutile Se-China sa Mandarin e bile ke rata go bua le Ba-China ba ke kopanang le bone mo seterateng. Ka dinako tse dingwe ke na le go tsamaisetsa batho dimakasine di le 30 kgotsa di le 40.

Ke rerela Ba-China kwa Brooklyn, New York

Go na le motho yo ke tlotlang le ene kwa China. Letsatsi lengwe, lekgarebe le lentle le ne le nyenya fa le ntsha dipampitshana tsa papatso ya ditafole tsa maungo. Le nna ke ne ka nyenya le go mo naya Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Se-China. O ne a di tsaya mme a mpolelela gore leina la gagwe ke Katie. Morago ga moo, nako le nako fa Katie a feta, o ne a tla kwa go nna re bo re tlotla. Ke ile ka mo ruta maina a maungo le merogo ka Seesemane. Gape ke ne ka mo tlhalosetsa ditemana tsa Baebele mme a tsaya le buka ya Baebele e Ruta Eng. Morago ga dibeke di le mmalwa o ne a ja monyelelo.

Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ke ne ka ntsha dimakasine mme ka di naya lekgarebe le lengwe le le neng le ntsha dipampitshana tsa papatso. Beke e e latelang, le ne la nnaya founo le bo le re: “Tsaya o bue le China.” Ka mo raya ka re: “Ga ke itse ope kwa China.” O ne a mpateletsa gore ke e arabe, ke ne ka e tsaya mme ka re: “Dumela, o bua le Robison.” Go ne ga utlwala lentswe le re: “Robby, ke nna Katie. Ke boetse China.” Ke ne ka re: “China?” Katie a re: “Ee. Robby, lekgarebe le le go neileng founo leo, ke nnake. O nthutile dilo di le dintsi tse di molemo. Ke kopa tlhee gore o di mo rute le ene.” Ke ne ka re: “Katie, ke tla leka ka thata. Ke leboga go bo o mpoleletse kwa o leng gone.” Moragonyana, ke ne ka bua le monnawe Katie lekgetlo la bofelo. Ke solofela gore gongwe le gongwe fela kwa ba ka tswang ba le gone, ba ithuta ka Jehofa.

Ke diretse Jehofa ka dingwaga di le 73 mme ke itumelela gore o nthusitse gore ke ikanyege le fa ke ne ke le mo kgolegelong. Gape bana ba gaetsho ba re ba kgothaditswe ke go bo ke ile ka itshokela kganetso ya ga rre ke sa ineele. Bonnake le bokgaitsadiake ba le barataro mmogo le mmè ba ne ba feleletsa ba kolobeditswe. Tota le Rre o ne a fetogile go sekae, o ne a kile a tla dipokanong makgetlonyana pele a tlhokafala.

Fa Jehofa a batla, o tla tsosa ba masika le ditsala tsa me tse di tlhokafetseng. Re tla itumelela go obamela Jehofa ka bosakhutleng re na le batho ba re ba ratang! *—Bona ntlha e e kwa tlase.

^ ser. 32 Corwin Robinson o ne a tlhokafala a ntse a ikanyega mo go Jehofa pele setlhogo seno se gatisiwa.