Ithute mo Batlhankeng ba ba Ikanyegang ba ga Jehofa
“Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”—MIKA 6:8.
PINA: 63, 43
1, 2. Dafide o ne a bontsha jang gore o ikanyega mo Modimong? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
SAULO le masole a gagwe a le 3 000 ba ne ba tsoma Dafide kwa nageng ya kwa Juda ba batla go mmolaya. Bosigo bongwe, Dafide le banna ba ba neng ba tsamaya le ene ba ne ba goroga kwa lefelong le Saulo le masole a gagwe ba neng ba kampile kwa go lone. Masole a ne a ile ka boroko, ka jalo, Dafide le Abishai ba ne ba ba ralala le go fitlha kwa Saulo a neng a robetse gone. Abishai o ne a sebela Dafide a re: “Mma ke mo tlhabelele fa fatshe ka lerumo gangwe fela fela, mme ga nkitla ke mo dira jalo gabedi.” Dafide ga a ka a mo letla go dira jalo. O ne a raya Abishai a re: “O se ka wa mo senya, gonne ke mang yo o ntsheditseng motlodiwa wa ga Jehofa seatla mme a nna a se na molato.” Go tswa foo, a bo a re: “Go ka se direge ka nna, go ya kafa ponong ya ga Jehofa, gore ke ntshetse motlodiwa wa ga Jehofa seatla!”—1 Samuele 26:8-12.
2 Dafide o ne a itse se a tshwanetseng go se dira go bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa. O ne a itse gore o tshwanetse go Mika 6:8.
tlotla Saulo le gore o ne a sa tshwanela go mo gobatsa. Ka ntlha yang? Ka gonne Modimo ke ene a neng a tlhomile Saulo gore e nne kgosi ya Iseraele. Le gompieno Jehofa o sa ntse a batla gore batlhanka botlhe ba gagwe ba ikanyege le gore ba tlotle batho ba a ba tlhomileng gore ba etelele pele mo phuthegong.—Bala3. Abishai o ne a bontsha jang gore o ikanyega mo go Dafide?
3 Abishai o ne a tlotla Dafide ka gonne a itse gore Modimo o ne a tlhophile Dafide gore e nne kgosi. Le fa go ntse jalo, fa Dafide a sena go nna kgosi, o ne a dira maleo a a masisi. O ne a akafala le mosadi wa ga Uria mme a laela Joabe gore a tlhomamise gore Uria o a bolawa. (2 Samuele 11:2-4, 14, 15; 1 Ditiragalo 2:16) Joabe e ne e le morwarraa Abishai, ka jalo, Abishai a ka tswa a ne a itse se Dafide a se dirileng, le fa go ntse jalo, o ne a sa ntse a tlotla Dafide. Mo godimo ga moo, Abishai e ne e le molaodi wa masole, ka jalo, o ne a ka nna a dirisa taolo ya gagwe go nna kgosi mme ga a ka a dira jalo. Go na le moo, o ne a direla Dafide le go mo sireletsa kgatlhanong le baba ba gagwe.—2 Samuele 10:10; 20:6; 21:15-17.
4. (a) Dafide o ne a bontsha jang gore o ikanyega mo Modimong? (b) Ke dikao dife tse dingwe tse re tla di sekasekang?
4 Dafide o ne a ikanyega mo go Jehofa go ya losong. Fa a ne a le mosha, o ne a sireletsa leina la ga Jehofa le batho ba gagwe ka go bolaya mokaloba yo o bidiwang Goliathe. (1 Samuele 17:23, 26, 48-51) Fa Dafide e ne e le kgosi, moporofeti wa ga Jehofa e bong Nathane o ne a tshwanelwa ke go mo kgalemela ka ntlha ya maleo a a neng a a dirile. Dafide o ne a amogela gore o dirile phoso mme a ikwatlhaya. (2 Samuele 12:1-5, 13) Fa Dafide a setse a tsofetse, o ne a ntsha dilo tse di tlhwatlhwakgolo go thusa go aga tempele ya ga Jehofa. (1 Ditiragalo 29:1-5) Le fa Dafide a ile a dira diphoso tse di masisi mo botshelong jwa gagwe, le ka motlha ga a ise a ko a tlogele go ikanyega mo Modimong. (Pesalema 51:4, 10; 86:2) Mo setlhogong seno, re tla sekaseka sekao sa ga Dafide le sa batho ba bangwe ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe le go bona kafa re ka ikanyegang mo go Jehofa ka gone mme e seng mo mothong ope o sele. Gape re tla sekaseka dinonofo tse di tla re thusang go dira jalo.
A O TLA IKANYEGA MO GO JEHOFA?
5. Ke thuto efe e re ithutang yone mo phosong ya ga Abishai?
5 Fa Abishai a ne a batla go bolaya Saulo, o ne a leka go bontsha gore o ikanyega mo go Dafide. E re ka Dafide a ne a itse gore go phoso go bolaya “motlodiwa wa ga Jehofa,” o ne a thibela Abishai go bolaya Saulo. (1 Samuele 26:8-11) Seno se re ruta thuto eno ya botlhokwa: Gore fa re tlhoka go dira tshwetso ya gore ke mang yo re tshwanetseng go ikanyega mo go ene, re tshwanetse go akanya pele ka melaometheo ya Baebele e e ka re thusang.
Go botlhokwa gore re ikanyege mo go Jehofa go na le go ikanyega mo mothong ope fela
6. Le fa gone go tlwaelegile go ikanyega mo go mongwe wa losika kgotsa mo tsaleng, ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko?
6 Re tsholwa re na le keletso ya go batla go ikanyega mo mothong yo re mo ratang, jaaka tsala kgotsa mongwe wa losika. E re ka re le baleofi, maikutlo a rona a ka nna a re timetsa. (Jeremia 17:9) Ka jalo, fa mongwe yo re mo ratang a dira sengwe se se sa siamang a bo a tlogela phuthego ya Modimo, ga re a tshwanela go lebala gore go botlhokwa gore re ikanyege mo go Jehofa go na le go ikanyega mo mothong ope o sele.—Bala Mathaio 22:37.
7. Kgaitsadi mongwe o ne a nna a ikanyega jang mo Modimong le fa a ne a lebane le boemo jo bo thata?
7 O ka bontsha Jehofa gore o ikanyega mo go ene fa mongwe wa losika a kgaotswe. Ka sekai, letsatsi lengwe mmaagwe Anne o ne a mo founela a re o batla go mo etela. [1] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) Mmaagwe Anne o ne a mmolelela gore o utlwisiwa botlhoko ke gore ba lelapa ga ba mmuise. Seno se ne sa hutsafatsa Anne mme o ne a solofetsa mmaagwe gore o tla mo araba ka lekwalo. Pele ga Anne a kwala lekwalo leo, o ne a akanya ka melaometheo mengwe ya Baebele. (1 Bakorintha 5:11; 2 Johane 9-11) Go tswa foo, o ne a kwalela mmaagwe a mo tlhalosetsa gore ke ene a tlogetseng ba losika fa a ne a dira boleo e bile a gana go ikwatlhaya. O ne a bolelela mmaagwe gore tsela e le nngwe fela ya go itumela gape, ke go boela kwa go Jehofa.—Jakobe 4:8.
8. Ke dinonofo dife tse di ka re thusang gore re ikanyege mo Modimong?
8 Batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba nako ya ga Dafide ba ne ba le boikokobetso, ba le pelonomi e bile ba le pelokgale. Mma re bone kafa dinonofo tseno di ka re thusang ka gone gore re nne re ikanyega mo go Jehofa.
RE TSHWANETSE GO IKOKOBETSA
9. Ke eng fa Abenere a ile a leka go bolaya Dafide?
9 Morwa Saulo e bong Jonathane mmogo le molaodi wa masole a Iseraele e bong Abenere, ba ne ba le teng fa Dafide a tlisa tlhogo ya ga Goliathe kwa go Kgosi Saulo. Jonathane o ne a nna tsala ya ga Dafide le go nna a ikanyega mo go ene. (1 Samuele 17:57–18:3) Mme Abenere ene ga a ka a dira jalo. Tota e bile, o ne a bo a thusa Saulo yo o neng a batla go bolaya Dafide. (1 Samuele 26:1-5; Pesalema 54:3) Jonathane le Abenere ba ne ba itse gore Modimo o batla gore Dafide e nne kgosi ya Iseraele. Mme fa Saulo a sena go tlhokafala, Abenere ga a ka a tshegetsa Dafide. Go na le moo, o ne a leka go tlhoma morwa Saulo e bong Isheboshethe gore a nne kgosi. Moragonyana, Abenere a ka tswa a ne a batla go nna kgosi, gongwe ke lone lebaka la go bo a ile a tlhakanela dikobo le mongwe wa basadi ba ga Kgosi Saulo. (2 Samuele 2:8-10; 3:6-11) Ke eng fa tsela e Jonathane a neng a ikutlwa ka yone ka Dafide e ne e farologane le e Abenere a neng a ikutlwa ka yone ka ene? Jonathane o ne a ikanyega mo go Jehofa e bile a ikokobeditse fa Abenere ene a ne a sa nna jalo.
10. Ke eng fa Abesalome a ne a sa ikanyege mo Modimong?
10 Morwa Kgosi Dafide e bong Abesalome o ne a sa ikanyege mo Modimong ka gonne o ne a le boikgogomoso. E re ka a ne a batla go nna kgosi, o ne a dira gore a direlwe “kara, e na le dipitse le banna ba le masome a matlhano ba ba sianang fa pele ga gagwe.” (2 Samuele 15:1) Gape o ne a gapa dipelo tsa Baiseraele ba le bantsi. O ne a bo a leka go bolaya rraagwe le fa a ne a itse gore Jehofa o ne a mo tlhomile gore e nne kgosi ya Iseraele.—2 Samuele 15:13, 14; 17:1-4.
11. Re ka ithuta eng go tswa mo pegong ya Baebele ya ga Abenere, Abesalome le Baruke?
11 Fa Mokeresete a sa ikokobetsa e bile a batla go nna le taolo e ntsi, go thata gore a nne a ikanyega mo Modimong. Re rata Jehofa e bile ga re batle go nna pelotshetlha le go nna bosula jaaka Abenere le Abesalome. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra simolola go rata madi kgotsa go batla tiro e e tla dirang gore re ikutlwe re le batho ba botlhokwa. Go dira jalo go tla re tlhoboganya le Jehofa. Nako nngwe mokwaledi wa ga Jeremia e bong Baruke, o ne a batla sengwe se a neng a se na sone e bile a sa tlhole a itumelela go direla Modimo. Mme Jehofa o ne a raya Baruke a re: “Bona! Se ke se agileng ke a se rutlolola, le se ke se jadileng ke a se kumola, le lefatshe lotlhe. Mme fa e le wena, o nna o ntse o ipatlela dilo tse dikgolo. Se nne o ntse o batla.” (Jeremia 45:4, 5) Baruke o ne a reetsa Jehofa. Le rona re tshwanetse go dira jalo ka gonne mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tlile go senya batho ba ba bosula.
Fa o bolelela Mokeresete ka wena gore a kope bagolwane gore ba mo thuse, o bontsha gore o a mo akanyetsa e bile o ikanyega mo go Jehofa
12. Tlhalosa lebaka la go bo re sa kgone go ikanyega mo Modimo fa re le bogagaru.
12 Mokaulengwe mongwe wa kwa Mexico e bong Daniel, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore ke mang yo a tla ikanyegang mo go ene. O ne a batla go nyala lekgarebe le le neng le sa direle Jehofa. Daniel a re: “Ke ne ka tswelela ke mo kwalela, tota le fa ke sena go tsenela tirelo ya bobulatsela.”
Go tswa foo, o ne a lemoga gore bogagaru bo ne bo mo dira gore a batle go dira selo se a neng a itse gore se phoso. O ne a sa ikanyege mo go Jehofa mme o ne a tlhoka go ikokobetsa. Ka jalo, o ne a bolelela mogolwane mongwe ka lekgarebe leno. Daniel a re: “Mogolwane yoo o ne a nthusa go lemoga gore fa ke batla go ikanyega mo Modimong, ke tshwanetse go emisa go kwalela lekgarebe leno. Fa ke sena go rapela thata ke lela, ke ne ka dira jalo. Go ise go ye kae, ke ne ka itumelela bodiredi le go feta.” Gone jaanong Daniel o nyetse mosadi yo o ratang Jehofa e bile ke molebedi wa potologo.GO IKANYEGA MO MODIMONG GO RE THUSA GO TLHOMOGELA BA BANGWE PELO
13. Fa Dafide a sena go leofa, Nathane o ne a bontsha jang gore o ikanyega mo Modimong le mo go Dafide?
13 Fa re ikanyega mo go Jehofa, re tla ikanyega le mo bathong ba bangwe le go ba thusa ka tsela epe fela e re ka e kgonang. Moporofeti Nathane o ne a ikanyega mo go Jehofa le mo go Dafide. Fa Dafide a sena go tsaya mosadi wa monna yo mongwe le go bolaya monna yoo, Jehofa o ne a romela Nathane gore a ye go mmontsha phoso e a e dirileng. E re ka Nathane a ne a le pelokgale, o ne a ikobela Jehofa. Gape o ne a bontsha gore o botlhale ka go bua le Dafide ka bonolo. O ne a batla gore Dafide a lemoge gore o dirile phoso e e masisi. Ka jalo, o ne a mmolelela ka monna mongwe yo o humileng yo o neng a tsaya kwanyana ya go tshega le go tlhonama ya monna wa mohumanegi. Dafide o ne a galefisiwa ke se monna yono wa mohumi a se dirileng. Go tswa foo, Nathane o ne a mo raya a re: “Ke wena monna yoo!” Dafide o ne a lemoga gore o leofetse Jehofa.—2 Samuele 12:1-7, 13.
14. O ka bontsha jang gore o ikanyega mo go Jehofa, mo tsaleng kgotsa mo go ba losika?
14 Jehofa ke ene wa ntlha yo re tshwanetseng go ikanyega mo go ene mme go tswa foo re ka ikanyega le mo bathong ba bangwe ka go ba akanyetsa. Ka sekai, gongwe o na le bosupi jwa gore Mokeresete mongwe o dirile boleo jo bo masisi. O ka tswa o batla go ikanyega mo go ene, segolobogolo fa e le tsala ya gago kgotsa e le mongwe wa losika. Mme gape, o a itse gore go botlhokwa gore o ikanyege mo go Jehofa. Ka jalo, fela jaaka Nathane, ikanyege mo go Jehofa mme o akanyetse Mokeresete yoo. Mmolelele gore a kope bagolwane gore ba mo thuse le gore a dire jalo ka potlako. Fa a sa dire jalo, bolelela bagolwane. Fa o dira jalo, o bontsha gore o ikanyega mo go Jehofa. Mo godimo ga moo, o tla bo o bontsha Mokeresete yoo gore o a mo akanyetsa ka gonne bagolwane ba tla kgona go mo thusa gore a baakanye botsala jwa gagwe le Jehofa. Ba tla mo thusa ka bonolo.—Bala Lefitiko 5:1; Bagalatia 6:1.
RE TLHOKA GO NNA PELOKGALE GORE RE KGONE GO IKANYEGA MO MODIMONG
15, 16. Ke eng fa Hushai a ne a tlhoka bopelokgale gore a kgone go nna a ikanyega mo Modimong?
15 Hushai e ne e le mongwe wa ditsala tse di ikanyegang tsa ga Kgosi Dafide. Fa batho ba ne ba batla go dira Abesalome kgosi, Hushai 2 Samuele 15:13; 16:15) Hushai o ne a dira eng? A o ne a tlogela Dafide mme a tshegetsa Abesalome? Le e seng. Le fa Dafide a ne a tsofetse e bile batho ba le bantsi ba ne ba batla go mmolaya, Hushai o ne a nna a ikanyega mo go ene ka gonne Jehofa o ne a tlhomile Dafide gore a nne kgosi. Ka jalo, Hushai o ne a ya kwa Thabeng ya Lotlhware go ya go kopana le Dafide.—2 Samuele 15:30, 32.
o ne a tlhoka bopelokgale gore a kgone go ikanyega mo go Dafide le mo Modimong. O ne a itse gore Abesalome o tlile mo Jerusalema le masole a gagwe le gore Dafide o ne a tshabile. (16 Dafide o ne a mo kopa gore a boele kwa Jerusalema mme a itire tsala ya ga Abesalome gore a kgone go dira gore Abesalome a reetse kgakololo ya gagwe go na le go reetsa ya ga Ahitofele. Hushai o ne a le pelokgale e bile o ne a tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go ikobela Dafide le go nna a ikanyega mo go Jehofa. Dafide o ne a rapela Jehofa a mo kopa gore a thuse Hushai, mme Jehofa o ne a dira fela jalo. Abesalome o ne a reetsa Hushai go na le go reetsa Ahitofele.—2 Samuele 15:31; 17:14.
17. Ke eng fa re tlhoka bopelokgale gore re kgone go ikanyega?
17 Re tshwanetse go nna pelokgale gore re kgone go ikanyega mo go Jehofa le go mo ikobela go na le go dira dilo tse ba masika, badirimmogo le rona kgotsa badiredipuso ba batlang gore re di dire. Ka sekai, fa e sa le go tloga Taro wa kwa Japane a le mmotlana, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go itumedisa batsadi ba gagwe. O ne a ba ikobela le go ikanyega mo go bone, e seng ka gonne a ne a patelediwa go dira jalo, go na le moo, ka gonne a ba rata. Mme fa a ne a simolola go ithuta le Basupi ba ga Jehofa, batsadi ba gagwe ba ne ba sa rate. O ne a utlwile botlhoko e bile go le thata go ba bolelela gore o dirile tshwetso ya go ya kwa dipokanong. Taro a re: “Ba ne ba galefile thata mo go neng ga feta dingwaga ba sa batle ke ba etela kwa gae. Ke ne ka kopa Jehofa gore a nneye bopelokgale gore ke se ka ka fetola tshwetso ya me. Gone jaanong ba kokobetse e bile ke kgona go etela kwa gae gangwe le gape.”—Bala Diane 29:25.
18. O ithutile eng mo setlhogong seno?
18 Fela jaaka Dafide, Jonathane, Nathane le Hushai, e kete re ka itumelela go ikanyega mo go Jehofa. Le ka motlha a re se keng ra tshwana le Abenere le Abesalome ba ba neng ba sa ikanyege. Boammaaruri ke gore, re baleofi e bile re dira diphoso. Mme a re bontsheng Jehofa gore go ikanyega mo go ene ke selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona.
^ [1] (serapa 7) Maina mangwe a fetotswe.