Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Ditsala Tsa ga Jehofa

Etsa Ditsala Tsa ga Jehofa

“Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang.” —PESALEMA 25:14.

PINA: 106, 118

1-3. (a) Ke eng fa re tlhomamisegile gore re ka kgona go nna ditsala tsa Modimo? (b) Re tla tlotla ka bomang mo setlhogong seno?

BAEBELE e bitsa Aborahame e re ke tsala ya Modimo makgetlo a le mararo. (2 Ditiragalo 20:7; Isaia 41:8; Jakobe 2:23) Ke ene fela yo Baebele e mmitsang ka tlhamalalo e re ke tsala ya Modimo. A seo se raya gore ke ene fela motho yo o kileng a nna tsala ya ga Jehofa? Nnyaa. Baebele ya re rotlhe re ka kgona go nna ditsala tsa Modimo.

2 Baebele e na le dipego di le dintsi tsa banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba neng ba boifa Jehofa, ba dumela mo go ene le go nna ditsala tsa gagwe tsa botlhokwa. (Bala Pesalema 25:14.) Batho bano ke karolo ya “leru le legolo . . . la basupi” le Paulo a neng a bua ka lone. Botlhe e ne e le ditsala tsa Modimo.—Bahebera 12:1.

3 Mma re bue ka ditsala di le tharo tsa ga Jehofa tse di umakilweng mo Baebeleng: (1) Ruthe, motlholagadi yo o ikanyegang wa Moabe, (2) Hesekia, kgosi e e ikanyegang ya Juda le (3) Marea, mmagwe Jesu yo o boikokobetso. Re ka ithuta eng ka tsela e mongwe le mongwe wa bone a nnileng tsala ya Modimo ka yone?

O NE A BONTSHA LORATO LO LO IKANYEGANG

4, 5. Ruthe o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso efe e e thata, mme ke eng fa go ne go le thata go e dira? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Naomi le dingwetsi tsa gagwe e bong Ruthe le Orepa, ba ne ba tsere mosepele o moleele go tswa kwa Moabe go ya kwa Iseraele. Fa ba ntse ba le mo tseleng, Orepa o ne a boela morago kwa gaabo kwa Moabe. Naomi le ene o ne a batla go boela kwa gaabo kwa Iseraele. Ruthe ene o ne a dira eng? O ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso e thata. A o ne a tla boela gaabo kwa Moabe go ya go nna le ba masika, kgotsa a o ne a tla tsamaya le Naomi go ya Bethelehema?—Ruthe 1:1-8, 14.

5 Ba gaabo Ruthe ba ne ba nna kwa Moabe. Fa a ne a batla, o ne a ka boela kwa go bone mme ba ne ba ka nna ba mo tlhokomela. O ne a itse batho ba kwa Moabe, puo le ngwao ya teng. Naomi o ne a ka se solofetse Ruthe sepe sa dilo tseno kwa Bethelehema. Naomi o ne a tlhobaediwa ke gore Ruthe a ka nna a se ka a bona monna yo o tla mo nyalang kgotsa legae. Ka jalo, Naomi o ne a mo kopa gore a boele kwa gaabo kwa Moabe. Orepa ene o ne a setse a “boetse kwa bathong ba gagabo le kwa medimong ya gagwe.” (Ruthe 1:9-15) Ruthe ene o ne a gana go boela kwa bathong ba gaabo le kwa medingwaneng ya bone.

6. (a) Ruthe o ne a tsaya tshwetso efe e e siameng? (b) Ke eng fa Boase a ne a re Ruthe o senka botshabelo ka fa tlase ga diphuka tsa ga Jehofa?

6 Ruthe a ka tswa a ithutile ka Jehofa mo monneng wa gagwe kgotsa mo go matsalaagwe e bong Naomi. O ne a ithutile gore Jehofa ga a tshwane le medimo ya Moabe. O ne a rata Jehofa e bile a batla go mo obamela. Ka jalo, Ruthe o ile a tsaya tshwetso e e siameng. O ne a raya Naomi a re: “Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Tsela e Ruthe a neng a rata Naomi ka yone, e ama pelo. Mme se se kgatlhang thata ke gore Ruthe o ne a rata Jehofa. Seno se ne sa kgatlha Boase, ke ka moo a neng a akgola Ruthe go bo a ile a ‘senka botshabelo kafa tlase ga diphuka tsa ga Jehofa.’ (Bala Ruthe 2:12.) Mafoko a ga Boase a re gopotsa lemphorwana le le itshireletsang ka go tshabela ka fa tlase ga diphuka tsa mmaalone. (Pesalema 36:7; 91:1-4) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ile a sireletsa Ruthe le mo go mo duela ka ntlha ya tumelo ya gagwe. Ruthe o ne a se na lebaka la go nna pelopedi ka tshwetso e a e dirileng.

7. Ke eng se se ka thusang batho ba ba sa ntseng ba okaoka go ineela mo go Jehofa?

7 Batho ba le bantsi ba ithuta ka Jehofa mme ga ba batle go senka botshabelo mo go ene. Ba okaoka go ineela mo go ene le go kolobediwa. Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, ipotse gore ke eng fa o okaoka. Ga go ope yo o ka reng ene ga a direle modimo ope. (Joshua 24:15) Fa o tlhopha go direla Modimo wa boammaaruri, o tla bo o tsere tshwetso e e siameng. Fa re dira tshwetso ya go ineela mo go Jehofa, re tla bo re bontsha gore re dumela gore o tla nna botshabelo jwa rona. Jehofa o tla go thusa gore o kgone go tswelela o mo direla le fa go ka nna thata jang. Ke sone se Modimo a neng a se direla Ruthe.

‘O NE A NGAPARELA JEHOFA’

8. Tlhalosa maemo a Hesekia a goletseng mo go one.

8 Maemo a ga Hesekia a ne a farologane gotlhelele le a ga Ruthe. Hesekia o ne a tsholetswe mo setšhabeng se se neng se ineetse mo Modimong. Mme go ne go na le Baiseraele ba ba neng ba sa ikanyege mo Modimong. Rraagwe Hesekia e bong Kgosi Ahase, o ne a le bosula. O ne a nyatsa tempele ya Modimo le go tlhotlheletsa batho gore ba obamele medimo e sele. Kgosi Ahase o ne a ntshetsa medingwana ditlhabelo ka go fisa bomorwarraagwe Hesekia ba ntse ba tshela. Hesekia o goletse mo maemong a a botlhoko tota.—2 Dikgosi 16:2-4, 10-17; 2 Ditiragalo 28:1-3.

9, 10. (a) Ke eng fa go ka bo go ile ga nna motlhofo gore Hesekia a galefele Modimo? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go galefela Modimo? (c) Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore tsela e re godileng ka yone e dira gore re nne batho ba ba bosula kgotsa ba ba siameng?

9 Go ka bo go ile ga nna motlhofo gore Hesekia a galefele Jehofa ka ntlha ya ditiro tsa ga Ahase. Gompieno, go na le batho bangwe ba maemo a bone a leng botoka thata mo go a ga Hesekia mme gone ba dumela gore ba na le mabaka a a utlwalang a go “galefela Jehofa” kgotsa phuthego ya gagwe. (Diane 19:3) Ba bangwe ba dumela gore tsela e e botlhoko e ba godileng ka yone e ka dira gore ba tshele botshelo jo bo sa siamang kgotsa go dira diphoso tse batsadi ba bone ba di dirileng. (Esekiele 18:2, 3) A mme gone go ntse jalo?

10 Botshelo jwa ga Hesekia bo bontsha gore ga go a nna jalo! Ga go na lebaka lepe le le ka dirang gore motho a galefele Jehofa. Ga se ene a bakelang batho mathata. (Jobe 34:10) Gone ke boammaaruri gore batsadi ba kgona go ruta bana ba bone go dira dilo tse di siameng kgotsa tse di sa siamang. (Diane 22:6; Bakolosa 3:21) Mme seo ga se reye gore lelapa le o goletseng mo go lone ke lone le dirang gore o nne motho yo o siameng kgotsa yo o sa siamang. Ke eng re rialo? Ka gonne Jehofa o re neile kgololesego ya go itlhophela go dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. (Duteronome 30:19) Hesekia o ne a dirisa jang kgololesego eo?

Basha ba le bantsi ba amogela boammaaruri go sa kgathalesege gore lelapa le ba tswang mo go lone le ntse jang (Bona serapa 9, 10)

11. Ke eng se se dirileng gore Hesekia a nne nngwe ya dikgosi tse di siameng tsa kwa Juda?

11 Le fa rraagwe Hesekia e ne e le nngwe ya dikgosi tse di bosula thata tsa kwa Juda, Hesekia ene o ne a nna nngwe ya dikgosi tse di siameng thata. (Bala 2 Dikgosi 18:5, 6.) Ga a ka a latela dikgato tsa ga rraagwe tse di sokameng. Go na le moo, o ne a reetsa baporofeti ba ga Jehofa ba ba jaaka, Isaia, Mika le Hosea. O ne a reetsa ka kelotlhoko fa ba mo gakolola le fa ba mo kgalemela. Go dira jalo go ne ga mo thusa go baakanya bontsi jwa mathata a a bakilweng ke rraagwe. O ne a phepafatsa tempele, a kopa Modimo gore a itshwarele batho ba gagwe le go senya medingwana e e neng e le teng. (2 Ditiragalo 29:1-11, 18-24; 31:1) Fa kgosi ya Asiria e bong Senakaribe a ne a tshosetsa Jerusalema gore o tla e tlhasela, Hesekia o ne a bontsha gore o pelokgale le gore o na le tumelo. O ne a ikanya Jehofa gore o tla mo sireletsa, ka jalo, a nonotsha batho ba gagwe. (2 Ditiragalo 32:7, 8) Nako nngwe Hesekia o ne a ikgogomosa, mme e rile fa Jehofa a mo kgalemela, o ne a ikokobetsa. (2 Ditiragalo 32:24-26) Hesekia ke sekao se sentle tota se re ka se latelang. Ga a ka a letla gore lelapa le a goletseng mo go lone le senye botshelo jwa gagwe. Go na le moo, o ne a bontsha gore tota ke tsala ya ga Jehofa.

12. Batho ba le bantsi ba ile ba etsa Hesekia jang?

12 Batho ba lefatshe leno ba setlhogo, ba na le dipelo tse di maswe mme bana ba le bantsi ba golela mo malapeng a mo go one ba sa ratiweng e bile ba sa tlhokomelweng sentle. (2 Timotheo 3:1-5) Le fa Bakeresete ba le bantsi ba diragaletswe ke dilo tse di utlwisang botlhoko mo malapeng a bone, ba itlhophetse go nna ditsala tsa ga Jehofa. Fela jaaka Hesekia, le bone ba bontsha gore tsela e ba godileng ka yone ga e ame se ba tla nna sone mo isagweng. Modimo o re neile mpho ya go itlhophela, mme re ka itlhophela go mo direla le go mo tlotla fela jaaka Hesekia a ile a dira.

“BONA! LELATA LA GA JEHOFA!”

13, 14. Ke eng fa kabelo ya ga Marea e ne e bonala e kete e boima, le fa go ntse jalo, o ne a tsiboga jang fa Gabariele a mo itsise ka yone?

13 Dingwagangwaga morago ga motlha wa ga Hesekia, lekgarebe lengwe le le bidiwang Marea le ne la nna tsala e e kgethegileng ya ga Jehofa mme la newa kabelo e e sa tshwaneng le epe. Marea o ne a tlile go tshola le go godisa Morwa Modimo! Seo se raya gore Jehofa o ne a ikanya Marea thata, ke ka moo a neng a mo naya tlotla e e kana kana. Mme Marea o ne a tsiboga jang fa a utlwa ka kabelo eo la ntlha?

“Bona! Lelata la ga Jehofa!” (Bona serapa 13, 14)

14 Gantsi re bua thata ka tlotla e kgolo e Marea a neng a e newa. Ke eng se se ka tswang se ile sa mo tshwenya ka kabelo eo? Ka sekai, moengele Gabariele o ne a mo raya a re o tla ima ntle le go tlhakanela dikobo le monna. Le fa go ntse jalo, Gabariele ga a ka a tlhalosetsa ba lelapa la ga Marea le baagelani ba gagwe gore o tla ima jang. Ba ne ba tla akanya eng fa ba bona Marea a imile? O ne a tla tlhomamisetsa Josefa jang gore ga a ka a tlhakanela dikobo le monna o sele? Mo godimo ga moo, o ne a na le maikarabelo a magolo a go godisa Morwa Modimo! Ga re itse matshwenyego otlhe a ga Marea, mme gone re itse se a ileng a se dira fa Gabariele a sena go bua le ene. O ne a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.”—Luke 1:26-38.

15. Ke eng fa Marea a ne a na le tumelo e e nonofileng?

15 Marea o ne a na le tumelo e e nonofileng thata! Fela jaaka mosetsana wa lelata, o ne a ikemiseditse go dira sengwe le sengwe se mong wa gagwe a neng a se mo laela. O ne a ikanya Jehofa gore o tla mo tlhokomela le go mo sireletsa. Go tlile jang gore Marea a nne le tumelo e e maatla jaana? Ga go ope yo o tsholwang a na le tumelo. Le fa go ntse jalo, re ka nna le tumelo fa re leka ka natla e bile re kopa Modimo gore a segofatse maiteko a rona. (Bagalatia 5:22; Baefeso 2:8) Marea o ne a leka ka natla go nonotsha tumelo ya gagwe. Re itse jang? A re sekasekeng kafa a neng a reetsa ka gone le se a neng a se bua.

16. Ke eng se se bontshang gore Marea o ne a reetsa ka kelotlhoko?

16 Kafa Marea a neng a reetsa ka gone. Baebele ya re re “tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Marea o ne a le tsebe ntlha go utlwa. Baebele e bontsha gore o ne a reetsa ka kelotlhoko, segolo jang fa go buiwa ka dilo tse di malebana le Jehofa. O ne a ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka dilo tsa botlhokwa. Sekai sa seo ke ka nako ya fa Jesu a ne a tsholwa, fa badisa ba ne ba mmolelela molaetsa o ba o utlwileng mo moengeleng wa Modimo. Nako nngwe fa Jesu a ne a le dingwaga tse 12, o ne a bua sengwe se se neng sa jesa Marea kgakge. Mo makgetlong ao oomabedi, Marea o ne a reetsa, a gakologelwa e bile a akanya thata ka se a se utlwileng.—Bala Luke 2:16-19, 49, 51.

17. Se Marea a neng a se bua se re ruta eng ka ene?

17 Se Marea a neng a se bua. Baebele ga e bue thata ka se Marea a ileng a se bua. Mafoko a a mo go Luke 1:46-55 ke one a maleele go gaisa otlhe a a kileng a a bua. Mafoko ano a bontsha gore Marea o ne a itse Dikwalo Tsa Sehebera sentle. Jang? Mafoko a ga Marea a tshwana le a thapelo ya ga mmaagwe Samuele e bong Hana. (1 Samuele 2:1-10) Go bonala Marea a ile a nopola Dikwalo makgetlo a le 20. Ga go pelaelo gore o ne a rata go bua ka dilo tse a di ithutileng mo Tsaleng ya gagwe e kgolo e bong Jehofa.

18. Re ka etsa tumelo ya ga Marea ka ditsela dife?

18 Fela jaaka Marea, ka dinako tse dingwe le rona Jehofa a ka nna a re naya tiro e re akanyang gore e thata. A re etseng Marea ka go ikokobetsa le go amogela tiro e re newang, re tlhomamisegile gore Jehofa o tla re thusa. Gape re ka etsa tumelo ya ga Marea ka go reetsa Jehofa ka kelotlhoko le go akanyetsa kwa teng ka se re se ithutileng ka ene le ka maikaelelo a gagwe. Go tswa foo, re tla itumelela go bolelela ba bangwe ka se re se ithutileng.—Pesalema 77:11, 12; Luke 8:18; Baroma 10:15.

19. Re ka tlhomamisega ka eng fa re etsa tumelo ya batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng?

19 Go a bonala gore tota Ruthe, Hesekia le Marea e ne e le ditsala tsa ga Jehofa, fela jaaka Aborahame. E ne e le karolo ya “leru le legolo la basupi” e bile le bone ba nnile le tshiamelo ya go nna ditsala tsa Modimo. A re tsweleleng re etsa tumelo ya basupi bano. (Bahebera 6:11, 12) Fa re dira jalo, re tla nna ditsala tsa ga Jehofa ka bosakhutleng!