Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanyege mo go Jehofa

Ikanyege mo go Jehofa

“E kete Jehofa a ka itshupa a le fa gare ga me le wena le fa gare ga bongwanake le bana ba gago ka bosakhutleng.” —1 SAMUELE 20:42.

PINA: 125, 62

1, 2. Ke eng fa botsala jwa ga Jonathane le Dafide e le sekao se se tlhomologileng sa boikanyegi?

JONATHANE o tshwanetse a bo a ile a gakgamadiwa thata ke go bona Dafide a le pelokgale jaana. Dafide o ne a bolaya mokaloba yo o bidiwang Goliathe a bo a tlisa “tlhogo ya Mofilisitia” yoo fa pele ga ga rraagwe Jonathane e bong Kgosi Saulo. (1 Samuele 17:57) Jonathane o ne a sa belaele gore Jehofa ke ene a thusang Dafide, mme go tloga ka nako eo go ya pele, Jonathane le Dafide ba ne ba nna ditsala tsa tlhogo ya kgomo. Ba ne ba dira kgolagano ya gore ba tla ikanyega ka dinako tsotlhe. (1 Samuele 18:1-3) Jonathane o ne a ikanyega mo go Dafide botshelo jotlhe jwa gagwe.

2 Jonathane o ne a nna a ikanyega mo go Dafide le fa Jehofa a ne a tlhophile Dafide go nna kgosi ya Iseraele mme e seng ene. Fa Saulo a ne a leka go bolaya Dafide, Jonathane o ne a tshwenyegile thata ka tsala ya gagwe. E re ka Jonathane a ne a itse gore Dafide o ne a le kwa nageng e e kwa Horeshe, o ne a ya teng go ya go mo kgothatsa gore a tswelele a ikanya Jehofa. O ne a raya Dafide a re: “O se ka wa boifa; gonne seatla sa ga Saulo rre ga se kitla se go bona, mme wena o tla nna kgosi ya Iseraele, mme nna ke tla nna wa bobedi fa morago ga gago.”—1 Samuele 23:16, 17.

3. Ke eng se Jonathane a neng a se tsaya se le botlhokwa thata go gaisa go ikanyega mo go Dafide, mme re itse seo jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

3 Gantsi re rata batho ba ba ikanyegang. Mme gone, a re rata Jonathane fela ka gonne a ile a ikanyega mo go Dafide? Nnyaa, Jonathane o ne a tsaya go ikanyega mo Modimong e le selo se se botlhokwa thata. Tota e bile, leo ke lone lebaka la go bo Jonathane a ile a ikanyega mo go Dafide e bile a sa mo fufegele le fa gone Dafide a ne a tla nna kgosi mo boemong jwa gagwe. Jonathane o ile a bo a thusa Dafide gore o ikaege ka Jehofa. Dafide o ne a nna a ikanyega mo go Jonathane mme Jonathane le ene o ne a ikanyega mo go ene, e bile ba ne ba ikanyega mo go Jehofa. Ba ne ba diragatsa maikano a ba a dirileng fa ba ne ba re: “E kete Jehofa a ka itshupa a le fa gare ga me le wena le fa gare ga bongwanake le bana ba gago ka bosakhutleng.”—1 Samuele 20:42.

4. (a) Ke eng se se tla re itumedisang le go re kgotsofatsa? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

4 Le rona re tshwanetse go ikanyega mo go ba malapa a rona, mo ditsaleng le mo Bakereseteng ba bangwe. (1 Bathesalonika 2:10, 11) Mme sa botlhokwa le go feta, re tshwanetse go ikanyega mo go Jehofa. Ke ene a re neileng botshelo. (Tshenolo 4:11) Fa re ikanyega mo go Jehofa, re tla itumela thata e bile re tla kgotsofala. Mme gone, re a itse gore re tshwanetse go ikanyega mo Modimong tota le fa re lebana le mathata. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka kafa sekao sa ga Jonathane se ka re thusang ka teng go ikanyega mo go Jehofa fa re lebana le maemo ano a manè: (1) fa re akanya gore ga re a tshwanela go tlotla mongwe yo o nang le taolo, (2) fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore re tla ikanyega mo go mang, (3) fa mokaulengwe yo o eteletseng pele a sa re tlhaloganye kgotsa a sa re tshware sentle (4) le fa re bona go le thata go diragatsa maikano a rona.

FA RE AKANYA GORE GA RE A TSHWANELA GO TLOTLA MONGWE YO O NANG LE TAOLO

5. Ke eng fa go ne go le thata gore Baiseraele ba ikanyege mo Modimong ka nako ya fa go ne go busa Saulo?

5 Jonathane le batho ba Iseraele ba ne ba le mo mathateng. Rraagwe Jonathane e bong Kgosi Saulo o ne a tlhoka kutlo mme Jehofa a mo gana. (1 Samuele 15:17-23) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a letla Saulo gore a tswelele a busa dingwaga di le dintsi. Ka jalo, go ne go se motlhofo gore batho ba ikanyege mo Modimong fa kgosi e e beilweng mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa” e ne e palelwa ke go dira jalo.—1 Ditiragalo 29:23.

6. Ke eng se se bontshang gore Jonathane o ne a ikanyega mo go Jehofa?

6 Jonathane o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa. Akanya ka se a ileng a se dira fa Saulo a sena go tlola ditaelo tsa Modimo. (1 Samuele 13:13, 14) Ka nako eo, masole a Bafilisitia a ne a tla go tlhasela Iseraele ka dikara tsa ntwa di le 30 000. Saulo o ne a na le masole a le 600 mme ene le Jonathane ke bone fela ba ba neng ba tshotse dibetsa. Jonathane o ne a sa tshoga. O ne a gakologelwa mafoko a ga moporofeti Samuele a a reng: “Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo.” (1 Samuele 12:22) Jonathane o ne a raya lesole lengwe a re: “Ga go na se se ka kgoreletsang Jehofa go boloka ka ba le bantsi kgotsa ka ba le mmalwa.” Ka go rialo, ene le lesole leo ba ne ba tlhasela segopa sa Bafilisitia mme ba bolaya ba le 20 ba bone. Jonathane o ne a na le tumelo mo go Jehofa mme Jehofa o ne a mo segofatsa. Jehofa o ne a dira gore lefatshe le rorome, mme seo sa tshosa Bafilisitia. Go tswa foo, ba ne ba tlhaselana le go bolaana, mme Baiseraele ba kgona go fenya ntwa eo.—1 Samuele 13:5, 15, 22; 14:1, 2, 6, 14, 15, 20.

7. Jonathane o ne a dirisana jang le rraagwe?

7 Le fa Saulo a ile a tswelela a tlola ditaelo tsa ga Jehofa, Jonathane o ne a nna a mo tlotla ntle fela le fa rraagwe a ne a mo laela go dira sengwe se se kgatlhanong le melao ya ga Jehofa. Ka sekai, o ne a thusa rraagwe go sireletsa batho ba ga Jehofa.—1 Samuele 31:1, 2.

8, 9. Re bontsha jang gore re ikanyega mo Modimong fa re tlotla batho ba ba nang le taolo?

8 Fela jaaka Jonathane, le rona re ka ikanyega mo go Jehofa ka go ikobela puso ya naga e re nnang mo go yone fa fela e sa re laele go tlola melao ya ga Jehofa. Jehofa o letlelela “balaodi [bano] ba bagolo” gore ba re laole e bile o batla gore re ba tlotle. (Bala Baroma 13:1, 2.) Ke ka moo re tshwanetseng go tlotla modiredi wa puso tota le fa a sa ikanyege e bile re akanya gore ga re a tshwanela go mo tlotla. Tota e bile, re tshwanetse go tlotla batho botlhe ba Jehofa a ba neileng taolo.—1 Bakorintha 11:3; Bahebera 13:17.

Tsela nngwe e re ka nnang re ikanyega mo go Jehofa ka yone ke ka go tlotla balekane ba rona ba lenyalo, tota le fa ba sa direle Jehofa (Bona serapa 9)

9 Kgaitsadi Olga wa kwa South America, o ne a ikanyega mo go Jehofa ka go tlotla monna wa gagwe le fa gone a ne a mo kgokgontsha. [1] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) Ka dinako tse dingwe o ne a sa mmuise kgotsa a mo kgoba ka mafoko fela ka gonne e le Mosupi wa ga Jehofa. O ne a tle a mmolelele gore o tla mo tlogela a bo a tsamaya le bana. Le fa go ntse jalo, Olga ga a ka a “busetsa . . . bosula ka bosula.” O ne a leka thata go nna mosadi yo o siameng. O ne a mo apeela, a mo tlhatswetsa le go tlhokomela masika a monna wa gagwe. (Baroma 12:17) Mme fa go kgonega, o ne a tsamaya le ene fa a etela ba masika le ditsala tsa gagwe. Ka sekai, fa monna wa gagwe a ne a batla go ya phitlhong ya ga rraagwe kwa toropong e sele, Olga o ne a rulaganya sengwe le sengwe se ba neng ba tla se tlhoka mo tseleng. Mme fa ba le kwa phitlhong, o ne a mo emela kwa ntle ga kereke. Morago ga dingwaga di le dintsi, monna wa ga Olga o ne a simolola go dirisana le ene sentle ka gonne Olga o ne a mo tlotla e bile a sa mo felele pelo. Gone jaanong o kgothaletsa Olga gore a ye dipokanong e bile o a mo isa. Ka dinako tse dingwe, ba a tle ba ye dipokanong mmogo.—1 Petere 3:1.

FA RE TSHWANELWA KE GO DIRA TSHWETSO YA GORE RE TLA IKANYEGA MO GO MANG

10. Jonathane o ile a itse jang gore o tshwanetse go ikanyega mo go mang?

10 Fa Saulo a ne a re o tlile go bolaya Dafide, Jonathane o ne a tshwanelwa ke go tsaya tshwetso e e thata. O ne a batla go ikanyega mo go rraagwe e bile a batla go ikanyega le mo go Dafide. Jonathane o ne a itse gore Jehofa o eme Dafide nokeng e seng Saulo, ka jalo, o ne a tlhopha go ikanyega mo go Dafide. O ne a tlhagisa Dafide gore a iphitlhe mme a bolelela Saulo gore ke eng a sa tshwanela go bolaya Dafide.—Bala 1 Samuele 19:1-6.

11, 12. Go rata Modimo go re thusa jang go re kgone go ikanyega mo go ene?

11 Kgaitsadi Alice wa kwa Australia o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore o tla ikanyega mo go mang. O ne a bolelela ba gaabo ka dilo tse a di ithutang mo Baebeleng. Gape o ne a ba bolelela gore ga a kitla a keteka Keresemose le bone le go ba tlhalosetsa lebaka la tshwetso ya gagwe. Kwa tshimologong ba ne ba swabisitswe ke tshwetso eo, mme fa nako e ntse e ya, ba ne ba simolola go mo galefela thata. Ba ne ba tsaya gore Alice ga a tlhole a ba kgathalela. Mmaagwe Alice o ne a mmolelela gore ga a tlhole a batla go mmona gape. Alice a re: “Ke ne ke gamaregile e bile ke utlwile botlhoko tota ka gonne ke rata ba lelapa la gaetsho fela thata. Le fa go ntse jalo, ke ne ka dira tshwetso ya gore Jehofa le Morwawe ke bone ba leng botlhokwa go feta sengwe le sengwe, ka jalo, ke ne ka kolobediwa kwa kopanong e e latelang.”—Mathaio 10:37.

12 Ga re a tshwanela go ikanyega thata mo dilong tse di jaaka setlhopha sa metshameko, sekolo, kgotsa naga e re tswang kwa go yone go feta kafa re ikanyegang ka teng mo Jehofa. Ka sekai, Henry o ne a rata go tshameka chess kwa sekolong e bile o ne a batla go gapela sekolo seo sekgele. E re ka a ne a e tshameka mafelobeke mangwe le mangwe, o ne a se na nako ya go ya bodireding le go ya dipokanong. Henry a re o ne a lemoga gore o ne a ikanyega thata mo sekolong go na le go ikanyega mo Modimong. Ka jalo, o ne a emisa go tshameka chess kwa sekolong.—Mathaio 6:33.

13. Go ikanyega mo Modimong go ka re thusa jang gore re kgone go itshokela mathata a lelapa?

13 Ka dinako tse dingwe go nna thata go ikanyega mo masikeng otlhe ka nako e le nngwe. Ka sekai, Ken a re: “Ke ne ke batla go etela mmè gangwe le gape e bile ke batla gore ka dinako tse dingwe a tle go nna le rona. Bothata ke gore mmè le mosadi wa me ba ne ba sa utlwane. Ba ne ba fetogile kgomo ya moshate.” Ken o ne a akanya ka se Baebele e se rutang mme a lemoga gore o tshwanetse go itumedisa mosadi wa gagwe le go ikanyega mo go ene. O ne a bona tharabololo e e neng ya itumedisa mosadi wa gagwe. Go tswa foo, o ne a mo tlhalosetsa lebaka la go bo a tshwanetse go dirisana sentle le matsalaagwe. Gape o ne a tlhalosetsa mmaagwe gore ke eng a tshwanetse go tlotla mosadi wa gagwe.—Bala Genesise 2:24; 1 Bakorintha 13:4, 5.

FA MOKAULENGWE A SA RE TLHALOGANYE KGOTSA A SA RE TSHWARE SENTLE

14. Saulo o ne a tshwara Jonathane makgwakgwa jang?

14 Gape re ka ikanyega mo go Jehofa fa mokaulengwe yo o eteletseng pele a sa re tlhaloganye kgotsa a sa re tshware sentle. Kgosi Saulo o ne a tlhophilwe ke Jehofa, le fa go ntse jalo, o ne a kgokgontsha morwawe. O ne a sa tlhaloganye gore ke eng fa Jonathane a rata Dafide. Ka jalo, fa Jonathane a leka go thusa Dafide, Saulo o ne a tenega a bo a mo tlhabisa ditlhong fa pele ga batho. Le fa go le jalo, Jonathane o ne a tswelela a tlotla rraagwe. Gape o ne a tswelela a ikanyega mo go Jehofa le mo go Dafide ka gonne ke ene yo Modimo a neng a mo tlhophile go nna kgosi e e latelang ya Iseraele.—1 Samuele 20:30-41.

15. Re tshwanetse go tsiboga jang fa mokaulengwe a sa re tshware sentle?

15 Bakaulengwe ba ba eteletseng pele mo diphuthegong tsa rona gompieno, ba leka thata gore ba tshware Bakeresete botlhe ka go lekana. Mme bakaulengwe bano ba dira diphoso fela jaaka mongwe le mongwe wa rona. Ke ka moo ka dinako tse dingwe ba sa tlhaloganyeng lebaka la sengwe se re se dirileng. (1 Samuele 1:13-17) Ka jalo, fa go ka direga gore ba re direle tshiamololo kgotsa ba sa re tlhaloganye, a re tsweleleng re ikanyega mo go Jehofa.

FA GO LE THATA GO DIRAGATSA MAIKANO A RONA

16. Ke mo maemong afe a mo go one re tla tlhokang go ikanyega mo Modimong mme re tile go nna pelotshetlha?

16 Saulo o ne a batla gore Jonathane e nne kgosi e e latelang ya Iseraele mme e seng Dafide. (1 Samuele 20:31) Mme Jonathane ene o ne a rata Jehofa e bile a ikanyega mo go ene. Ka jalo, Jonathane ga a ka a nna pelotshetlha go na le moo, o ne a nna tsala e kgolo ya ga Dafide mme a diragatsa se a se mo solofeditseng. Tota e bile, fa motho a rata Jehofa e bile a ikanyega mo go ene, “ga a fetoge” le fa go ka nna thata jang. (Pesalema 15:4). E re ka re ikanyega mo go Jehofa, ga re kitla re nna batlhanka ba mafoko a rona. Ka sekai, fa re dira tumalano ya kgwebo, re tla dira se re itlamileng go se dira le fa go ka nna thata jang. Fa re na le mathata mo lenyalong, re tla bontsha gore re rata Jehofa ka go ikanyega mo molekaneng wa rona wa lenyalo.—Bala Malaki 2:13-16.

Fa re dira tumalano ya kgwebo, re tla dira se re itlamileng go se dira ka gonne re ikanyega mo Modimong (Bona serapa 16)

17. Setlhogo seno se go thusitse jang?

17 Re batla go tshwana le Jonathane ka go ikanyega mo Modimong le fa go ka nna thata jang. A re ikanyegeng mo Bakereseteng ba bangwe le fa ba ka re swabisa. Fa re dira jalo, re tla itumedisa Jehofa mme le rona re tla itumela thata. (Diane 27:11) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re tlhokomela ka dinako tsotlhe le gore o itse se se re siametseng. Mo setlhogong se se latelang, re tla ithuta ka batho ba motlha wa ga Dafide ba ba neng ba ikanyega le ba ba neng ba sa ikanyege.

^ [1] (serapa 9) Maina mangwe a fetotswe.