Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela o Direla Jehofa o Itumetse

Tswelela o Direla Jehofa o Itumetse

AKANYA ka letsatsi le ka lone o neng o itumetse thata. A ke fa o ne o tsena mo lenyalong kgotsa fa ngwana wa gago wa ntlha a tsholwa? Kgotsa a ke letsatsi le o neng o kolobediwa ka lone? Ga go pelaelo gore leo e ne e le letsatsi le le itumedisang fela thata. Mo letsatsing leo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba itumetse fa ba bona o bontsha Modimo gore o mo rata ka pelo, moya, mogopolo le maatla otlhe a gago!—Mareko 12:30.

Ga go pelaelo gore fa e sa le o kolobediwa, o itumelela go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, go na le baboledi ba ba sa tlholeng ba itumelela go mo direla. Ka ntlha yang? A re na le mabaka a go bo re tshwanetse go tswelela re itumelela go direla Jehofa?

KE ENG FA BAKERESETE BANGWE BA SA TLHOLE BA ITUMETSE?

Molaetsa wa Bogosi o dira gore re itumele fela thata. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o re solofetsa gore Bogosi bo tla fedisa batho ba ba bosula mme bo dire gore go nne le lefatshe le lesha. Sefania 1:14 ya re: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” Mme fa re akanya gore re tshwanetse go leta lobaka lo loleele thata, re ka nna ra felelwa ke boitumelo. Seo se ka nna sa dira gore re goge dinao mo tirong ya Modimo.—Diane 13:12.

Fa re na le Bakeresete mmogo le rona, re tlhotlheletsega go tswelela re direla Jehofa ka boitumelo. Boitshwaro jo bontle jwa batho ba ga Jehofa e ka tswa e le jone bo dirileng gore re kgatlhegele go nna baobamedi ba Modimo le go mo direla re itumetse. (1 Petere 2:12) Le fa go ntse jalo, re tla dira eng fa Mokeresete mongwe a kgalemetswe ka gonne a tlodile molao wa Modimo? Seno se ka nna sa kgoba ba bangwe marapo le go dira gore ba felelwe ke boitumelo.

Go rata dithoto le gone go ka nna ga dira gore re se ka ra tlhola re itumelela go direla Jehofa. Jang? Batho ba ba laolwang ke Satane ba dira gore re akanye gore re tshwanetse go reka dilo tse re sa di tlhokeng. A re nneng re gopotse mafoko ano a ga Jesu: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Mathaio 6:24) Re ka se direle Jehofa re itumetse mme ka fa letlhakoreng le lengwe re ntse re ineetse mo lefatsheng leno.

ITUMELELE GO DIRELA JEHOFA

Batho ba ba ratang Jehofa ga ba akanye gore go mo direla ke go ithwesa morwalo o o seng kana ka sepe. (1 Johane 5:3) Gopola gore Jesu o ne a re: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28-30) Go nna Mokeresete wa boammaaruri go a lapolosa e bile go dira gore re itumele. Re na le mabaka a a utlwalang a go direla Jehofa re itumetse. A re sekasekeng a le mararo a one.—Habakuke 3:18.

Re direla Modimo yo o itumetseng yo o re neileng botshelo. (Ditiro 17:28; 1 Timotheo 1:11) Jehofa ke ene a re bopileng. Ka jalo, a re se kgaotseng go mo direla go sa kgathalesege gore re na le lobaka lo lo kana kang re kolobeditswe.

Héctor o nna a itumetse ka gonne o nna a akantse ka tsholofelo ya Bogosi e bile o tshwaregile mo bodireding

Akanya ka Héctor yo o neng a direla Jehofa e le molebedi yo o etang ka dingwaga di le 40. Tota le fa a setse a le ‘tlhogoputswa,’ o sa ntse a itumelela go direla Jehofa. (Pesalema 92:12-14) Héctor ga a tlhole a kgona go direla Modimo jaaka pele ka gonne mosadi wa gagwe o a lwala mme seo ga se a ka sa dira gore a felelwe ke boitumelo. A re: “Le fa go nkutlwisa botlhoko go bona mosadi wa me a koafalela pele e bile go le thata go mo tlhokomela, ga ke letlelele dilo tse di ntseng jalo go dira gore ke felelwe ke boitumelo jwa go direla Modimo wa boammaaruri. Go itse gore Jehofa ke ene a nneileng botshelo le gore ga a bopela batho lefela, go dira gore ke mo rate fela thata le go mo direla ka pelo yotlhe. Ke leka thata go nna ke tshwaregile mo bodireding e bile ke leka ka natla go tlhoma mogopolo mo tsholofelong ya Bogosi mme seo se dira gore ke se ka ka felelwa ke boitumelo.”

Jehofa o re neile setlhabelo sa thekololo se se re thusang gore re kgone go itumelela botshelo. “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Jehofa o kgona go re itshwarela maleo e bile re ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri fa fela re bontsha tumelo mo mphong ya Modimo ya thekololo. Leno ke lebaka le le utlwalang thata la go bo re tshwanetse go mo leboga! Mme seo se tla dira gore re direle Jehofa re itumetse.

Jesús o ne a fetola tsela e a neng a tshela ka yone ya go rata dithoto mme o feditse dingwaga a direla Jehofa a itumetse

Mokaulengwe mongwe yo o neng a nna kwa Mexico yo o bidiwang Jesús o ne a re: “Tiro ya me e ne e ntshwakgotse botlhoko tota ka gonne ka dinako tse dingwe ke ne ke bereka nako e e oketsegileng le fa go ne go sa tlhokege. Ke ne ke dira seo ka gonne ke batla go nna le madi a mantsi. Ke ne ka ithuta ka Jehofa le kafa a ileng a ntsha Morwawe yo a mo ratang thata gore a re swele. Ke ne ke batla go mo direla ka pelo yotlhe. Ka jalo, ke ne ka ineela mo go Jehofa le go tlogela tiro e ke feditseng dingwaga di le 28 ke ntse ke e dira mme ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng.” Go tloga ka nako eo, Jesús o ne a simolola go direla Jehofa a itumetse.

Re tshela go ya ka melao ya Modimo e bile seo se dira gore re itumele. A o sa ntse o gopola gore o ne o tshela jang pele o ithuta ka Jehofa? Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete ba kwa Roma gore ba ne ba “gololwa mo boleong” le go nna “batlhanka ba tshiamo.” E re ka ba ne ba tshela go ya ka melao ya Modimo, ba ne ba na le tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 6:17-22) Le rona re tshela go ya ka melao ya ga Jehofa, ke ka moo re se nang matshwenyego a a bakiwang ke go tshela botshelo jo bo leswe kgotsa jo bo tletseng thubakanyo. Leo ke lebaka le le dirang gore re itumele!

“Nako e ke itumelelang thata mo botshelong jwa me, ke e ke e feditseng ke direla Jehofa.”—Jaime

Akanya ka Jaime yo o neng a sa dumele mo Modimong, a sa dumele gore go na le Mmopi e bile e le ramabole. Jaime o ne a ya kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa mme a kgatlhiwa ke tsela e e lorato e batho ba neng ba dirisana ka yone. Jaime o ne a tshwanelwa ke go kopa Jehofa gore a mo thuse go dumela mo go Ene le go fetola tsela e a neng a tshela ka yone. Jaime a re: “Ka iketlo, ke ne ka simolola go lemoga gore go na le Rre yo o lorato le Modimo yo o kutlwelobotlhoko. Go tshela ka melao ya ga Jehofa go ntshireleditse fela thata. Fa nka bo ke sa fetola botshelo jwa me, le nna ke ka bo ke ile ka bolawa fela jaaka bangwe ba ditsala tsa me ba e neng e le boramabole ba ile bolawa. Nako e ke itumelelang thata mo botshelong jwa me, ke e ke e feditseng ke direla Jehofa.”

SE LATLHELE SEDITSE!

Re tshwanetse go dira eng fa re ntse re letetse gore lefatshe leno le senngwe? Se lebale gore re dira thato ya Modimo le gore re lebile pele go bona botshelo jo bo sa khutleng. “Jalo a re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” (Bagalatia 6:8, 9) Jehofa o tla re thusa gore re se ka ra ineela go na le moo re itshoke, re leke ka natla go nna le dinonofo tse di tla re thusang gore re falole “pitlagano e kgolo” mme re tswelele re itumelela go direla Jehofa.—Tshenolo 7:9, 13, 14; Jakobe 1:2-4.

Re a itse gore Jehofa o tla re duela fa re itshoka ka gonne o a itse gore re a mo rata e bile re rata le leina la gagwe. Fa re sa kgaotse go mo direla re itumetse, re tla tshwana le mopesalema Dafide yo o neng a re: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa. Ka jalo pelo ya me e a ipela, le kgalalelo ya me e sekametse mo go ipeleng. Gape, nama ya me e tla aga ka polokesego.”—Pesalema 16:8, 9.