Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | DITSELA TSA GO ITUMELELA GO BALA BAEBELE

O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

Go bala Baebele go dira gore o ikutlwe jang? A go a go lapisa? Kgotsa a go a go lapolosa? Seno se ikaegile thata ka mekgwa e o e dirisang. A re bone se o ka dirang gore o itumelele go bala Baebele.

Dirisa Baebele e batho ba e tshepang e bile e dirisa puo e e tlwaelegileng. Fa o bala buka e e nang le mafoko a mantsi a bogologolo e bile o sa a tlhaloganye, ga o kitla o itumelela go e bala. Ka jalo, batla Baebele e e dirisang puo e go leng motlhofo go e tlhaloganya e bile e ama pelo. Mme gone, e tshwanetse ya bo e nepile e bile e ranotswe sentle. *

Dirisa thekenoloji. Gone jaanong Baebele e teng le mo didirisiweng tsa thekenoloji. Dibaebele dingwe di ka balwa mo Internet kgotsa tsa tsenngwa mo khomputareng kgotsa mo founong. Mo didirisiweng dingwe, o kgona go bona ka bonako gore ditemana tse dingwe di a reng ka kgang e o e balang kgotsa gore Dibaebele tse dingwe di ranotse temana eo jang. Fa o sa rate go bala, o ka reetsa Baebele e e rekotilweng. Batho ba le bantsi ba rata go reetsa sengwe fa ba le mo sepalangweng sa batho botlhe, ba tlhatswa diaparo kgotsa ba dira ditiro dingwe tse di ba letlang go reetsa sengwe fa ba bereka. Ke eng o sa leke mokgwa o o go siametseng?

Dirisa didirisiwa tsa go ithuta Baebele. Didirisiwa tseno di ka go thusa go solegelwa molemo thata ke se o se balang. Di na le dimmapa tsa mafatshe a go buiwang ka one mo Baebeleng a a ka go thusang go tlhaloganya ditiragalo tse o di balang. Ditlhogo tse di mo dimakasineng kgotsa tse di mo karolong e e reng, “Dithuto Tsa Baebele” mo website ya jw.org di ka go thusa go sekaseka bokao jwa dilo di le dintsi tse di mo Baebeleng.

Dirisa mekgwa e e farologaneng. Fa go bala Baebele go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong go go kgoba marapo, ke eng o sa leke go simolola go bala buka nngwe ya Baebele e e go kgatlhang thata? Fa o batla go itse batho ba go buiwang thata ka bone mo Baebeleng, leka go bala ka botho jwa bone. Sekai sa kafa re ka dirang seno ka gone se mo lebokosong le le reng, “ Ithute Baebele ka go Itse Batho ba e Buang ka Bone.” Kgotsa gongwe o ka leka go bala Baebele go ya ka ditlhogo kgotsa go ya ka tatelano ya ditiragalo tsa yone. Leka go dirisa nngwe ya dikakantsho tseno.

^ ser. 4 Batho ba le bantsi ba lemogile gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e nepile, e a ikanyega e bile e balega motlhofo. Baebele eno e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa e teng ka dipuo di feta 130. O ka itseela yone mo website ya jw.org/tn kgotsa o ka itseela app ya JW Library. Mme fa o batla, Basupi ba ga Jehofa ba ka e tlisa kwa lelapeng la gago.