Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba ba falolang metlha ya bofelo ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A re tshela “mo metlheng ya bofelo”?

O ne o ka reng?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

Se Baebele e se buang

“Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata.” (2 Timotheo 3:1) Boporofeti jwa Baebele le dilo tse di diregang gompieno di bontsha gore re tshela “mo metlheng ya bofelo.”

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dintwa, tlala, dithoromo tsa lefatshe le malwetse a mantsi a a kotsi.—Mathaio 24:3, 7; Luke 21:11.

  • Mo metlheng ya bofelo, batho ga ba kitla ba itshwara sentle e bile ba tla tlogela go direla Modimo.—2 Timotheo 3:2-5.

Batho ba tla nna le bokamoso jo bo ntseng jang?

Batho bangwe ba dumela gore . . . kwa bokhutlong jwa metlha ya bofelo, lefatshe le tla fedisiwa le batho botlhe ba ba mo go lone, mme ba bangwe ba dumela gore maemo a tla tokafala. Wena o akanya eng?

Se Baebele e se buang

“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”Pesalema 37:29.

Se gape re se ithutang mo Baebeleng

  • Kwa bokhutlong jwa metlha ya bofelo, dilo tsotlhe tse di sa siamang di tla fedisiwa.—1 Johane 2:17.

  • Lefatshe le tla fetolwa paradaise.—Isaia 35:1, 6.