Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O TLA AMOGELA MPHO E KGOLO E E TSWANG KWA MODIMONG?

A o Tla Lebogela Mpho e e Tlhwatlhwakgolo e e Tswang Kwa Modimong?

A o Tla Lebogela Mpho e e Tlhwatlhwakgolo e e Tswang Kwa Modimong?

“Lorato lo Keresete a nang le lone lo a re patelela . . . O ne a swela botlhe gore ba ba tshelang ba tle ba se ka ba tlhola ba itshelela, mme ba tshelele ene yo o neng a ba swela.”—2 Bakorintha 5:14, 15.

FA RE neilwe mpho e e tlhwatlhwakgolo, re tshwanetse go tlhotlheletsega go e lebogela. Jesu o ne a tlhalosa botlhokwa jwa seo fa a sena go fodisa banna ba le lesome ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jo bo koafatsang jo bo sa foleng. Mongwe wa bone o ne “a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le le kwa godimo.” Jesu o ne a re: “Go ne ga ntlafadiwa ba ba lesome, ga ke re? Jaanong ba bangwe ba le robongwe ba kae?” (Luke 17:12-17) Kgang eno e re ruta gore ka bonako re ka lebala dilo tse dintle tse ba bangwe ba re direlang tsone.

Thekololo ga e tshwane le dimpho tse dingwe. Ke yone mpho e e di gaisang tsotlhe e e tswang Modimong. O ka bontsha jang gore o lebogela se Modimo a go diretseng sone?

  • Ithute ka Monei wa mpho eo. Ga se gore thekololo e tla dira gore batho botlhe ba tshelele ruri. Go na le moo, Jesu o ne a bua jaana fa a rapela Modimo: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Fa o ne o ka bolelelwa gore mongwe o ne a boloka botshelo jwa gago fa o ne o le ngwana, a o ne o ka se batle go ithuta ka motho yoo le gore goreng a ne a dira jalo? Jehofa Modimo yo o go neileng mpho ya thekololo e e bolokang botshelo, o batla gore o mo itse le gore o nne tsala ya gagwe. Baebele e re kgothaletsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

  • Bontsha gore o dumela mo thekololong. “Yo o supang tumelo mo go Morwa o na le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:36) Go kaya eng go supa tumelo? Go kaya go tsaya kgato ya go bontsha gore o dumela mo thekololong. (Jakobe 2:17) Kgato efe? Mpho e nna ya gago fa o e amogela. Ka jalo, o tshwanetse go amogela thekololo. Jang? Ithute gore Modimo o batla gore o tshele jang o bo o dira jalo. * Kopa Modimo gore a go itshwarele le go go naya segakolodi se se se nang molato. Atamela Modimo o tlhomamisegile gore botlhe ba ba bontshang tumelo mo thekololong ba tla nna le kagiso e e nnelang ruri, tshireletsego le ditshegofatso tse dintsi!—Bahebera 11:1.

  • Nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu. Jesu o ne a simolola tiragalo ya ngwaga le ngwaga e e re thusang go gopola mpho ya thekololo. O ne a bua jaana ka tiragalo eo: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) Basupi ba ga Jehofa ba tla gopola loso lwa ga Jesu ka Labobedi, April 11, 2017, fa letsatsi le sena go phirima. Thulaganyo eo e tla tsaya mo e ka nnang ura, e bile e tla nna le puo e e tlhalosang botlhokwa jwa loso lwa ga Jesu le gore lo re tlisetsa ditshegofatso jang gone jaanong le mo nakong e e tlang. Mo ngwageng o o fetileng, batho ba ka nna dimilione di le 20 ba ne ba le gone mo Segopotsong sa loso lwa ga Jesu. Re go laletsa ka lorato gore o nne teng fa re tla bo re bontsha gore re lebogela mpho ya Modimo e e tlhwatlhwakgolo.

^ ser. 7 Tsela e e molemo ya go ithuta ka Modimo le go atamalana le ene, ke go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele. Kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a go thuse kgotsa tsena mo Website ya rona ya www.pr418.com/tn.