Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditsholofetso Tse di Tlileng go Diragala

Ditsholofetso Tse di Tlileng go Diragala

Dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo di rerwa mo lefatsheng lotlhe fela jaaka Jesu a ile a porofeta. (Mathaio 24:14) Buka ya Baebele ya Daniele e re bolelela gore Bogosi jono ke puso ya Modimo. Kgaolo ya bobedi ya buka eno e re bontsha boporofeti jo bo buang ka dipuso tsa batho, go tloga ka puso ya Babelona wa bogologolo go fitlha ka dipuso tsa nako ya rona. Temana 44 ya kgaolo eo e bua jaana ka se se tla diregang mo nakong e e tlang:

“Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”

Boporofeti jono le jo bongwe jo bo mo Baebeleng bo bolelela pele gore Bogosi Jwa Modimo bo tlile go fedisa dipuso tsotlhe tsa batho mme bo tla busa mo lefatsheng lotlhe. Bogosi jono bo tlile go tlisa diphetogo dife mo lefatsheng? A re tlotle ka dingwe tsa diphetogo tse di tla nnang gone mo nakong e e sa fediseng pelo.

  • DINTWA DI TLILE GO FEDISIWA

    Pesalema 46:9: “[Modimo] o dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”

    Botshelo bo ne bo ka nna monate tota fa botlhale le madi a mantsintsi a a dirisediwang go dira dibetsa tsa ntwa a ne a ka dirisediwa go thusa batho e seng go ba bolaya! Modimo o re solofetsa gore Bogosi jwa gagwe bo tla fedisa dintwa.

  • MALWETSE A TLILE GO FEDISIWA

    Isaia 33:24: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”

    Akanya fela gore botshelo bo tlile go nna jang fa malwetse a pelo, kankere, malaria le malwetse a mangwe a tla bo a sa tlhole a le gone! Re tla bo re sa tlhole re tlhoka dipetlele le melemo. Batho ba tla bo ba itekanetse.

  • DIJO DI TLA BO DI LE DINTSI

    Pesalema 72:16: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.”

    Go tlile go nna le dijo tse di lekaneng batho botlhe. Batho ga ba kitla ba tshwarwa ke tlala e bile dijo di tla bo di na le dikotla.

  • KUTLOBOTLHOKO, KHUTSAFALO LE LOSO DI TLA BO DI SEYO

    Tshenolo 21:4: “[Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

    Seo se raya gore re tlile go tshela monate re sa swe! Mmopi wa rona yo o lorato e bong Jehofa Modimo o re solofetsa gore o tla tlisa diphetogo tseno.

“RURI LE TLA ATLEGA”

A dilo tse re buileng ka tsone ke go ijesa dijo tsa ditoro fela? Le fa batho ba le bantsi ba dumela gore tsela e Baebele e tlhalosang botshelo jwa mo paradaiseng ka yone e utlwala e le monate, ba bangwe ba fitlhela go le thata go dumela gore re tlile go tshelela ruri re sa swe. Ga go makatse ka gonne ga go na motho ope yo o kileng a tshelela ruri a sa swe.

Boleo, loso, go bereka ka thata, go boga le dilo tse di utlwisang botlhoko e setse e le seomodiro thata mo batho ba le bantsi ba di tsayang e le dilo tse di tlwaelegileng fela tsa botshelo. Mme Jehofa Modimo o ne a sa batle gore batho ba a ba bopileng ba tshele ka tsela eno.

Go re thusa go dumela gore dilo tsotlhe tse a di buileng di tlile go direga, Modimo o ne a bua jaana: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me le tla nna fela jalo. Ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Baebele ya re Jehofa Modimo ga a ‘bue maaka.’ (Tito 1:2) Modimo o re solofetsa gore re tlile go tshela monate mo nakong e e tlang, mme re tlhoka go ipotsa gore: A go a kgonega gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng la Paradaise? Re tshwanetse go dirang gore re tshele mo lefatsheng leo? Dipotso tseno di arabiwa mo ditsebeng tse di latelang.