Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa o Utlwaletswe ke Botshelo

Fa o Utlwaletswe ke Botshelo

Adriana wa kwa Brazil a re: “Ke ne ke sa tlhaloganye gore goreng ke ikutlwa ka tsela eno. Go ile ga ya bokgakaleng jwa gore ke batle go ipolaya.”

A PELO ya gago e kile ya nna botlhoko thata mo o neng o bona go le botoka gore o swe? Fa e le gore o kile wa ikutlwa jalo, gongwe o tlhaloganya tsela e Adriana a neng a ikutlwa ka yone. Fa nako e ntse e ya, dingaka di ile tsa lemoga gore Adriana o na le bolwetse jwa dipreshene. Bolwetse joo bo dira gore motho a nne a utlwile botlhoko mme a sa itse gore bothata ke eng.

Kaoru yo o nnang kwa Japane o ne a tlhokomela batsadi ba gagwe ba ba godileng e bile ba lwala. A re: “[Ke ne ke tlhokomela batsadi ba me mme ka fa letlhakoreng le lengwe] ke na le tiro e ntsi kwa mmerekong. Fa nako e ntse e ya, ke ile ka felelwa ke keletso ya dijo e bile ke sa kgone go robala sentle. Ke ne ke akanya gore go botoka gore ke swe.”

Ojebode wa kwa Nigeria a re: “Ke ne ke nna ke utlwile botlhoko e bile ke leletse ruri, ka jalo, ke ne ka loga leano la go ipolaya.” Re itumelela gore Ojebode, Kaoru le Adriana ga ba a ka ba feleletsa ba ipolaile. Mme ngwaga le ngwaga go na le batho ba le bantsi ba ba ipolayang.

KWA O KA BONANG THUSO GONE

Bontsi jwa batho ba ba ipolayang ke banna, mme seo ke ka gonne ba tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso. Fa o ikutlwa o tlaletswe kgotsa o gateletswe mo maikutlong, o se ka wa tlhabiwa ke ditlhong go kopa thuso ka gonne Jesu o ile a re batho ba ba lwalang ba tlhoka ngaka. (Luke 5:31) Bontsi jwa batho ba ba nang le bolwetse jwa dipreshene ba lemogile gore dingaka di kgona go ba naya dipilisi tse di ba thusang gore ba ikutlwe botoka. Ojebode, Kaoru le Adriana ba ile ba ya ngakeng mme gone jaanong ba ikutlwa botoka thata.

Go na le dingaka tse di alafang bolwetse jwa dipreshene ka go naya batho dipilisi mme tse dingwe di tlotla le bone di bo di ba thusa go tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone. Gape ba lelapa le ditsala ba ka thusa batho bano ka go sa ba felele pelo, go leka go ba tlhaloganya le go ba ema nokeng. Tsala e e molemo go di gaisa tsotlhe ke Jehofa Modimo mme o dirisa Baebele go re thusa.

A GO TLA TSAMAYA GO SIAMA?

Gantsi batho ba ba tshwerweng ke bolwetse jwa dipreshene ba ka nna ba tlhoka go tsaya kalafi ka lobaka lo loleele e bile ba ka tlhoka go fetola dilo dingwe mo matshelong a bone. Le fa o ka tswa o tshwerwe ke bolwetse jono, Baebele e re solofetsa gore dilo di tla siama mo nako e e tlang. Ojebode a re: “Ke lebile pele go bona mafoko a a mo go Isaia 33:24 a diragadiwa. Temana eno ya re ga go na motho ope mo lefatsheng yo o tla bong a lwala.” Fela jaaka Ojebode, le wena o ka gomodiwa ke go itse gore Modimo a re go tlile go nna le “lefatshe le lesha,” mme mo lefatsheng leo go tla bo go se na dilo tse di re utlwisang botlhoko. (Tshenolo 21:1, 4) Temana eno e re netefaletsa gore ga re kitla re tlhola re utlwa botlhoko. Ga o kitla o tlhola o gopola dilo tse di botlhoko e bile ga di kitla di “tsoga mo pelong” ya gago.—Isaia 65:17.