Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TORA YA TEBELO No. 3 2017 | Bapalami ba Dipitse Tse Nnê—Ba go Ama Jang?

O AKANYA ENG?

Batho ba le bantsi ba itse bapalami ba dipitse tse nnê ba go buiwang ka bone mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Batho bangwe ba tshosiwa ke tsone. Ba bangwe di a ba kgatlha. Bona gore Baebele ya reng ka boporofeti joo:

Go itumela yo o balelang kwa godimo le ba ba utlwang mafoko a boporofeti jono.”Tshenolo 1:3.

Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa kafa bapalami ba banê ba dipitse ba re thusang ka gone.

 

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Bapalami ba Dipitse Tse Nnê le Wena

Buka ya Baebele ya Tshenolo, e bua ka dipitse tse nnê, e tshweu, e khibidu, e ntsho le e tshetlha.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Bapalami ba Dipitse Tse Nnê ke Bomang?

Bona gore ponatshegelo eno e kaya eng.

Bosupi jo Bongwe Gape

O ka tswa o sa itse gore Tatenai e ne e le mang, mme gone baithutamarope ba fitlhetse bosupi jwa gore o kile a nna gone.

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne Ke Rata Beisebolo go Feta Sengwe le Sengwe!

Samuel Hamilton o ne a rata metshameko ka pelo yotlhe mme go ithuta Baebele go ne ga fetola botshelo jwa gagwe.

ETSA TUMELO YA BONE

“O Mosadi yo Montle”

Fa ba le kwa Egepeto, dikgosana tsa ga Faro di bona tsela e Sara a leng montle ka yone. Se se diregang morago ga moo se ka go gakgamatsa.

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A Modimo o rata morafe o o rileng go gaisa e mengwe? A go na le batho ba ba segofaditsweng le ba ba hutsitsweng?

Tse Dingwe

Buka ya Tshenolo—E Kaya Eng?

Buka eno ka boyone ya re ba ba e balang, ba e tlhaloganya e bile ba dirisa molaetsa wa yone ba tla itumela.