Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Matlho a gago a ne a mpona ke le losea.”—PESALEMA 139:16

A Modimo O a Go Tlhaloganya?

A Modimo O a Go Tlhaloganya?

SE RE SE ITHUTANG MO DILONG TSE MODIMO A DI BOPILENG

Fa o bona mawelana, sengwe sa dilo tsa ntlha tse o di lemogang ka bone ke tsela e ba utlwanang le e ba ratanang ka yone. Nancy Segal yo e leng mokaedi wa setheo se se ithutang ka mawelana e bile le ene e le lewelana a re mawelana mangwe a “kgona go tlhaloganya gore yo mongwe a reng ntle le gore a itlhalose.” Mosadi mongwe o ile a bua jaana ka lewelana la gagwe: “Ke itse sengwe le sengwe ka ene le ene o itse sengwe le sengwe ka nna.”

Ke eng se se dirang gore mawelana a tlhaloganyane thata jaana? Dipatlisiso di a re le fa mawelana a godisitswe mmogo, selo se se dirang gore a tlhaloganyane thata ke gore a na le disele tse di tshwanang tsa mmele.

AKANYA KA SENO: Modimo ke ene a re bopileng, ka jalo, o re itse go gaisa tsela e re ikitseng ka yone. Ke ka moo mopesalema Dafide a ileng a re: “O ne wa mpoloka ke bipilwe mo sebopelong sa ga mmè. Marapo a me a ne a sa go fitlhegela fa ke ne ke dirwa mo sephiring. . . . Matlho a gago a ne a mpona ke le losea lo lo mo popelong, mme dikarolo tsotlhe tsa lone di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.” (Pesalema 139:13, 15, 16) Modimo ke ene fela a re tlhaloganyang sentle gape ke ene a itseng dilo tse di dirileng gore re bo re na le botho jo re nang le jone. Ka jalo, o tlhaloganya sengwe le sengwe ka rona.

BAEBELE E RE RUTA GORE MODIMO O A RE TLHALOGANYA

Dafide o ne a re: “Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse. O itse go nna ga me le go ema ga me. O akanyeditse kakanyo ya me go tswa kgakala. Gonne ga go na lefoko lepe mo lolemeng lwa me, mme bona! wena Jehofa, o setse o le itse lotlhe fela.” (Pesalema 139:1, 2, 4) Gape Jehofa o itse dilo tse di mo dipelong tsa rona e bile o “lemoga tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo.” (1 Ditiragalo 28:9; 1 Samuele 16:6, 7) Ditemana tseno di re ruta eng ka Modimo?

Le fa ka dinako tse dingwe re ka rapelela mo pelong, Mmopi wa rona o kgona go bona sengwe le sengwe se re se dirang e bile o tlhaloganya gore goreng re se dira. Gape o kgona go bona fa re eletsa go dira dilo tse di siameng le fa ka dinako tse dingwe go le thata. Ga re a tshwanela go belaela gore Modimo o bona dilo tse di siameng tse re di akanyang le tse re batlang go di dira ka gonne o re bopile mo setshwanong sa gagwe.—1 Johane 4:7-10.

Modimo o bona sengwe le sengwe. O itse kutlobotlhoko ya rona tota le fa ba bangwe ba sa e bone kgotsa ba sa e tlhaloganye sentle

Baebele ya re

  • “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.”—1 PETERE 3:12.

  • Modimo a re: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.”—PESALEMA 32:8.

MODIMO O RE TLHOMOGELA PELO

A go itse gore Modimo o tlhaloganya maemo a rona le tsela e re ikutlwang ka yone go ka re thusa gore re itshoke fa re na le mathata? Akanya ka se se ileng sa diragalela Anna wa kwa Nigeria. A re: “Maemo a ne a le thata mo ke neng ke ipotsa gore tota ke tshelela eng. Ke ile ka tlhokafalelwa ke monna mme fa ke ntse ke oka morwadiake yo o neng a le kwa bookelong, dingaka di ile tsa ntlhatlhoba mme tsa fitlhela gore ke na le kankere ya letsele. Ke ne ke tlhoka go ariwa le go dirisa kalafi ya go bolaya disele tsa kankere eo. Go ne go le thata ka gonne nna le morwadiake re ne re le mo bookelong ka nako e le nngwe.”

Ke eng se se thusitseng Anna gore a kgone go itshoka? A re: “Ke ne ke tlhola ke akanya ka Bafilipi 4:6, 7 e e reng ‘kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo.’ Nako le nako fa ke akanya ka temana eno, e dira gore ke ikutlwe ke le gaufi thata le Jehofa ka gonne ke itse gore o nkitse go gaisa tsela e ke ikitseng ka yone. Gape Bakeresete ba phuthego ya rona ba ile ba nkgothatsa fela thata.

“Le fa ke sa ntse ke lwala, maemo a me le a morwadiake a ile a tokafala thata. Re a itse gore Jehofa o tla re thusa, ke ka moo re ithutileng gore re se ka ra akanya ka dilo tse di bosula fa re na le mathata. Jakobe 5:11 ya re: ‘Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng. Lo utlwile ka boitshoko jwa ga Jobe e bile lo bone phelelo e Jehofa a neng a e naya, gore Jehofa o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.’” Jehofa o ne a bona dilo tse di neng di diragalela Jobe, ka jalo, le rona o bona mathata a a re tlhagelang.