Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Goreng re Tsofala e Bile re Swa?

Goreng re Tsofala e Bile re Swa?

E NE e se boikaelelo jwa Modimo gore re swe. Modimo o bopile Adame le Efa ba se na boleo, e bile ba ka bo ba sa ntse ba tshela le gompieno fa fela Adame a ka bo a ile a reetsa Jehofa fa a ne a bua le ene ka setlhare sengwe se se neng se le mo tshimong ya Edene.

Modimo o ile a raya Adame a re: “Ka letsatsi le o jang mo [setlhareng seo] ruri o tla swa.” (Genesise 2:17) Ga go utlwale gore Modimo a bolelele Adame mafoko ano fa e le gore Adame o ne a ntse a tlile go tsofala a bo a swa. Ka jalo, Adame o ne a itse gore go tla diragalang fa a ka ja setlhare seno.

E NE E SE BOIKAELELO JWA MODIMO GORE RE SWE

Go ne go sa tlhokege gore Adame le Efa ba je maungo a setlhare seo ka gonne go ne go na le ditlhare tse dintsi tota tsa maungo tse ba neng ba ka ja mo go tsone. (Genesise 2:9) Fa ba ka bo ba ile ba reetsa Modimo e bile ba amogela gore ke ene a nang le tshwanelo ya go ba bolelela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, ba ka bo ba sa ja mo setlhareng seo.

SE SE BOLAILENG ADAME LE EFA

Fa re batla go tlhaloganya gore ke eng se se bolaileng Adame le Efa, re tshwanetse go itse gore go diragetseng kwa tshimong ya Edene. Satane Diabolo o ile a dirisa noga go bua maaka. Baebele ya re: “Jaanong noga ya itshupa e le botlhajana thata mo dibataneng tsotlhe tsa naga tse Jehofa Modimo a di dirileng. Ka jalo ya raya mosadi ya re: ‘A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?’”—Genesise 3:1.

Efa o ile a re: “Re ka ja leungo la ditlhare tsa tshingwana. Mme fa e le go ja leungo la setlhare se se fa gare ga tshingwana, Modimo o rile, ‘Lo se ka lwa ja mo go sone, nnyaa, lo se ka lwa se ama gore lo se ka lwa swa.’ Foo noga ya raya mosadi ya re: “Ruri ga lo kitla lo swa. Gonne Modimo o a itse gore mo go lone letsatsi le lo jang mo go sone ka lone ruri matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” Satane o ile a raya Adame le Efa a re Jehofa o bua maaka le gore o ba tima sengwe se se monate.—Genesise 3:2-5.

Efa o ile a dumela Satane. O ne a leba setlhare mme a se galela. O ile a kgetla leungo a bo a le ja. Baebele e tlhalosa se se ileng sa direga morago ga moo, Ya re: “Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.”—Genesise 3:6.

Modimo o reile Adame a re: “Ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.”—GENESISE 2:17

Modimo o ile a utlwa botlhoko tota fa a bona bana ba gagwe ba a ba ratang thata ba tlola taelo ya gagwe ka boomo fela! Jehofa o ile a dirang? O ile a raya Adame a re: “O tla . . . boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:17-19) “Malatsi otlhe a ga Adame a a a tshetseng a ne a fitlha go dingwaga di le makgolo a le robongwe le masome a mararo [930] mme a swa.” (Genesise 5:5) Adame ga a ka a ya legodimong kgotsa go ya go tshela kwa lefelong lengwe. Jehofa o mmopile ka lorole lwa mmu. Ka jalo, fa a swa, o ile a boa a nna lorole gape. O ne a sa tlhole a le teng. Go ne go ile fela jalo ka ene!

BA FETISEDITSE BOLEO JWA BONE MO GO RONA

E re ka Adame le Efa ba ile ba leofela Modimo ka boomo, ba ile ba nna baleofi ba bo ba latlhegelwa ke tshono ya go tshelela ruri. Mme se ba se dirileng ga se a ka sa ama bone fela. Ba ile ba fetisetsa boleo joo mo baneng ba bone. Baroma 5:12 ya re: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”

Baebele e bitsa boleo le loso e re ke “sebipo se se bipileng ditšhaba tsotlhe, le mologo o o logagantsweng mo ditšhabeng tsotlhe.” (Isaia 25:7) Sebipo seno se bipile batho botlhe mme ga go na kwa re ka se tshabelang gone. Go ntse fela jaaka Baebele e bua fa e re “mo go Adame botlhe ba swa.” (1 Bakorintha 15:22) Mme fela jaaka moaposetoloi Paulo le rona re ipotsa gore: ‘Ke mang yo o tla re namolang mo mebeleng e e diragalelwang ke loso lono?’ A mme o teng?—Baroma 7:24.