Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baswi ba Tla Tshela Gape?

A Baswi ba Tla Tshela Gape?

Loso lo re ama rotlhe. Mme potso ke gore, a fa motho a tlhokafala, go ile fela jalo ka ene? A batho ba ba tlhokafetseng ba lebetswe? A go na le tsholofelo ya gore re tla ba bona gape?

AKANYA KA SE BAEBELE E SE BUANG:

BATHO BA BA TLHOKAFETSENG GA BA A LEBALWA

“Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo . . . ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29.

Modimo ga a lebala batho ba ba tlhokafetseng; o tla ba tsosa mo baswing.

BATHO BA BA TLHOKAFETSENG BA TLILE GO TSOSIWA MO BASWING

“Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15.

Dibilione tsa batho ba ba tlhokafetseng ba tla tsosiwa mo baswing gore ba tshele ka bosakhutleng mo lefatsheng la kagiso.

GA RE BELAELE GORE MODIMO O TLA TSOSA BASWI

“[Modimo] o bala palo ya dinaledi; o di bitsa tsotlhe ka maina a tsone.”—Pesalema 147:4.

E re ka Modimo a itse maina a dinaledi tsotlhe, seo se raya gore o kgona go gopola batho ba a tlileng go ba tsosa mo baswing.