Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O sa Ntse o ka Kgona go Itumelela Botshelo

O sa Ntse o ka Kgona go Itumelela Botshelo

LETSATSI lengwe ga go na ope yo o tla tlholang a lwala, a tsofala kgotsa a swa mme le wena o ka nna mongwe wa batho bao. Mme gone jaaanong botshelo bo thata. Ke eng se o ka se dirang gore o kgone go itumelela botshelo gone jaanong? Baebele e na le kgakololo e e ka go thusang gore o itumele. A re bue ka mathata mangwe a botshelo mme re bone gore Baebele e ka re thusa jang ka one.

KGOTSOFALELA SE O NANG LE SONE

Baebele ya re: “A mokgwa wa lona wa botshelo e se ka ya nna wa go rata madi, lo ntse lo kgotsofetse ka dilo tsa jaanong.”Bahebera 13:5.

Gone jaanong go na le dilo tse dintsi tse re bolelelwang gore re tshwanetse go nna le tsone mo botshelong. Mme Baebele yone ya re re ‘kgotsofalele dilo tsa gone jaanong.’ Jang?

Tila go rata madi. Batho ga ba tshabe go tsenya matshelo a bone mo kotsing, go kgaogana le ba masika le ditsala, go dira dilo tse di sa siamang kgotsa go itiga seriti, e le fela ka ntlha ya go rata madi. (1 Timotheo 6:10) Batho ba rata madi! Mme Baebele ya re motho yo o ratang madi ga a ‘kgotsofale.’—Moreri 5:10.

Batho ba botlhokwa thata. Ke nnete gore dilo tse di jaaka difouno le dikhomputara le dilo tse dingwe di re thusa fela thata. Mme gone dilo tseno di ka se re bolelele gore di a re rata. Fa o na le tsala ya boammaaruri, o tla itumela tota mo botshelong.—Diane 17:17.

RE KA KGONA GO ITUMELA FA RE DIRISA KGAKOLOLO YA BAEBELE

GO ITSHOKA FA O LWALA

Baebele ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.”Diane 17:22.

Fa o le motho yo o itumetseng, o kgona go itshoka le fa o lwala. Mme gone motho a ka itumela jang fa a lwala?

Lebogela se o nang le sone. O ka se ka wa kgona go itumela mo botshelong fa o nna fela o akantse ka mathata a gago. (Diane 15:15) Baebele e re kgothaletsa gore re ithute go leboga. (Bakolosa 3:15) Ithute go lebogela le dilo tse di sa reng sepe fela mo botshelong. Go na le dilo tse di ka dirang gore motho a itumelele botshelo tse di jaaka go bona letsatsi le phirima, phefo e e tsiditsana le go bona motho yo o mo ratang a tshega.

Thusa batho ba bangwe. Le fa o ka tswa o lwala, o se ka wa lebala gore “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Fa re thusa batho ba bangwe mme re bona tsela e ba itumetseng ka yone, seo se dira gore le rona re itumele e bile re lebala go se kae ka mathata a rona. Re ka tokafatsa matshelo a rona fa re thusa ba bangwe gore le bone ba tokafatse a bone.

TIISA LENYALO

Baebele ya re: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’Bafilipi 1:10.

Fa batho ba ba nyetseng ba sa fetse nako e ntsi ba le mmogo, lenyalo la bone le ka nna la thubega. Monna le mosadi ba tshwanetse go tsaya lenyalo la bone le le botlhokwa thata.

Dirang dilo mmogo. Go na le gore mongwe le mongwe a dire dilo tse a di ratang a le esi goreng lo sa dire dilo tseo mmogo. Baebele ya re “ba babedi ba botoka go na le a le mongwe.” (Moreri 4:9) Ipheng nako ya go apaya mmogo, go itshidila mmele, go iketla kgotsa go itlosa bodutu ka sengwe fela se lo se ratang.

Bontsha motho yo o mo nyetseng gore o a mo rata. Baebele ya re monna le mosadi ba tshwanetse go ratana le go tlotlana. (Baefeso 5:28, 33) Dilo tse di jaaka go tshega, go tlamparela motho kgotsa go mo rekela mpho, di ka dira gore lenyalo le tie. O se ka wa re o tiisa lenyalo ka go ya go batlana le nyatsi.