Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Loso lo Tla Fedisiwa Jang?

Loso lo Tla Fedisiwa Jang?

LE FA Adame le Efa ba ile ba se ka ba reetsa Modimo mme ba fetisetsa boleo le loso mo bathong botlhe, seo ga se a ka sa dira gore Modimo a fetole se a neng a ikaeletse go se direla batho. Baebele e re bontsha gore Modimo ga a ise a fetole maikaelelo a gagwe.

  • “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”Pesalema 37:29.

  • “O tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”Isaia 25:8.

  • “Loso lo tla nyelediwa, e le mmaba wa bofelo.”1 Bakorintha 15:26.

  • “Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”Tshenolo 21:4.

Modimo o tla kometsa loso jang? Baebele ya re ‘basiami ba tla tshela ka bosakhutleng.’ Mme gape ya re “ga go na motho yo o siameng mo lefatsheng yo o nnang a dira molemo.” (Moreri 7:20) A seo se raya gore Modimo o bua maaka fa a re basiami ba tla tshela ka bosakhutleng mme a ntse a itse gore ga go na motho ope yo o siameng mo lefatsheng? Modimo ga a bue maaka. (Tito 1:2) Jaanong Modimo o tla dirang gore maikaelelo a gagwe a kwa tshimologong a diragale?

MODIMO “O TLA KOMETSA LOSO KA BOSAENGKAE.”—ISAIA 25:8

LOSO LO LO RE GOLOTSENG MO LOSONG

Jehofa Modimo o ile a romela Jesu mo lefatsheng gore a re swele e le gore re kgone go gololwa mo losong. Mme goreng e ne e tshwanetse go nna Jesu? Rotlhe re baleofi e bile re atlholetswe loso, ke ka moo Baebele e reng: “Ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o ka gololang morwarraagwe, le fa e le go mo ntshetsa thekololo mo Modimong; (tlhwatlhwa ya kgololo ya moya wa bone e kgolo thata mo e leng gore e kgaoditse ka bosakhutleng).”—Pesalema 49:7, 8

Fa motho a swa, o duelela maleo a gagwe, loso lwa gagwe lo ka se kgone go golola motho yo mongwe e bile a ka se kgone go swela maleo a batho ba bangwe. (Baroma 6:7) Ka jalo, go ne go tlhokega motho yo o se nang boleo gore a kgone go re swela le go duelela maleo a rona.—Bahebera 10:1-4.

Seo ke se Modimo a ileng a se dira. O ile a romela Morwawe e bong Jesu go tla mo lefatsheng gore a tle a tsholwa e le motho yo o se nang boleo. (1 Petere 2:22) Jesu o ne a re o tlile mo lefatsheng go “ntsha moya wa gagwe [kgotsa botshelo jwa gagwe] go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mareko 10:45) O ile a swa gore re kgone go gololwa mo boleong le mo losong.—Johane 3:16.

LOSO LO TLA FEDISIWA LENG?

Dilo tse di maswe tse di diregang gone jaanong di bontsha gore Baebele e opile kgomo lonaka fa e ne e re go tlile go nna le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Kwa bofelong, letsatsi la Modimo la katlholo le tlile go tla mme batho ba ba sa siamang ba bo ba senngwa. (2 Petere 3:3, 7) Batho ba ba siameng bone ga ba kitla ba senngwa e bile Modimo o tla ba naya ‘botshelo jo bo sa khutleng.’—Mathaio 25:46.

Jesu o tlile mo lefatsheng go tla go “ntsha moya wa gagwe [kgotsa botshelo jwa gagwe] go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.”—Mareko 10:45

Batho ba bantsintsi ba ba tlhokafetseng ba tla nna le tshono ya go tsosiwa gore ba kgone go tshelela ruri. Jesu o ile a dira kgakgamatso ya go tsosa motho fa a le kwa motseng wa Naina. Motlholagadi mongwe o ne a tlhokafaletswe ke ngwana mme Jesu o ile a mo “tlhomogela pelo” a bo a tsosa ngwana wa gagwe mo baswing. (Luke 7:11-15) Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong, . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” Tsholofetso eno e re bontsha gore Modimo o a re rata.—Ditiro 24:15.

Batho ba le bantsi ba tla tshelela ruri. Baebele ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng” (Pesalema 37:29) Ka nako eo ba tla itumelela go bona fa mafoko a moaposetoloi Paulo a ileng a a bua dingwaga di le 2 000 tse di fetileng a diragadiwa, fa a ne a re: “Loso, phenyo ya gago e kae? Loso, lobolela lwa gago lo kae?” (1 Bakorintha 15:55) Mmaba wa rona o tla bo a nyeleditswe ka bosakhutleng!