Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo O ne A re Bopetse Gore re Tshelele Ruri

Modimo O ne A re Bopetse Gore re Tshelele Ruri

KE MANG yo o sa batleng go tshela lobaka lo loleele a itumetse? Akanya fela gore botshelo bo ne bo tla nna monate jang fa re ne re sa lwale e bile re sa swe! Re ne re tla nna le nako e e lekaneng ya go nna le batho ba re ba ratang, ya go etela mafelo a a farologaneng mo lefatsheng, ya go ithuta dilo tse disha le ya go dira dilo tse re di ratang thata.

Goreng re eletsa go tshelela ruri? Baebele ya re Modimo ke ene a re bopileng re na le keletso ya go batla go tshelela ruri. (Moreri 3:11) Gape ya re “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) A mme go a utlwala gore Modimo yo o lorato a re bope re na le keletso ya go tshelela ruri, a bo a tswa a dira gore re se ka ra kgona go tshelela ruri?

Ke nnete gore ga go na ope yo o batlang go swa. Tota e bile Baebele e bitsa loso e re ke “mmaba.” (1 Bakorintha 15:26) Bangwe ba swa ba sa ntse ba le basha, ba bangwe ba swa ba setse ba tsofetse mme kwa bofelong, rotlhe re a swa. Batho ba bantsi ga ba batle go bua ka loso ka gonne ba a le tshaba. A mme loso lo tla tswelela e le mmaba go ya go ile? Kgotsa a lo tlile go fedisiwa?

BOSUPI JWA GORE MODIMO O NE A BATLA GORE RE TSHELELE RURI

A o ne o itse gore e ne e se boikaelelo jwa Modimo gore re swe? Baebele e na le bosupi jwa gore Modimo o ne a batla gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng. Fa Jehofa Modimo a ne a bopa lefatshe, o ne a le bopa le na le sengwe le sengwe se se dirang gore batho ba tshele mo go lone ba itumetse. Go tswa foo, o ile a bopa Adame a bo a mmaya mo tshimong ya Edene. ‘Morago ga moo Modimo a bona sengwe le sengwe se a neng a se dirile mme, bona! se bo se le molemo tota.’—Genesise 1:26, 31.

Modimo o bopile Adame le Efa ba se na boleo. (Duteronome 32:4) Jehofa o ile a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.”—Genesise 1:28.

Go ne go tla tsaya Adame le Efa lobaka lo loleele tota gore ba tlatse lefatshe ka batho. Efa o ne a tla tshola bana, bana ba gagwe ba bo ba tshola bana, bana ba bana ba gagwe le bone ba tshole bana go fitlha lefatshe le tlala ka batho fela jaaka Modimo a ne a ikaeletse kwa tshimologong. (Isaia 45:18) A go a utlwala gore Jehofa a reye Adame le Efa a re ba tlatse lefatshe ka batho a ntse a itse gore ba tla tshela lobakanyana fela ba bo ba swa?

Fa Modimo a ne a raya Adame le Efa a re ba tlatse lefatshe e bile ba laole diphologolo, seo se ne se bontsha gore o ne a ba bopetse gore ba tshele lobaka lo loleele. Mme gone Adame o ile a tshela dingwaga di le dintsinyana.

BOIKAELELO JWA MODIMO KE GORE BATHO BA TSHELELE RURI MO LEFATSHENG LA PARADAISE

BA TSHETSE DINGWAGA TSE DINTSI

Adame o tshetse dingwaga tse 930

Methusela o tshetse dingwaga tse 969

Noa o tshetse dingwaga tse 950

Gone jaanong re tshela dingwaga di le 70 go ya go 80

Baebele e umaka maina a batho ba ba ileng ba tshela dingwaga tse dintsi go feta tse re di tshelang gone jaanong. Ya re Adame o tshetse dingwaga di le 930. Go tswa foo e umaka maina a banna ba bangwe ba le barataro ba le bone ba tshetseng dingwaga di feta 900. Maina a bone ke Sethe, Enoshe, Kenane, Jarede, Methusela le Noa. Banna bano ba tshetse pele Morwalela wa ga Noa o tla mme Noa ene o ne a na le dingwaga di le 600 fa morwalela o direga. (Genesise 5:5-27; 7:6; 9:29) Ba kgonne jang go tshela dingwaga tse dintsi jaana?

Fa ba tsholwa, e ne e se kgale Adame le Efa ba leofile. Seo se raya gore boleo bo ne bo ise bo nwelelele thata mo go bone, ke ka moo ba tshetseng dingwaga tse dintsi jaana. Boleo bo amana jang le go tshela lobaka lo loleele? Go tlile go felela kae ka loso? Gore re kgone go araba dipotso tseno, re tlhoka go itse pele gore goreng re tsofala e bile re swa.