Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO NA LE BAENGELE? GORENG O TSHWANETSE GO ITSE?

Boammaaruri ka Baengele

Boammaaruri ka Baengele

A o ka rata go itse boammaaruri ka baengele—gore ke bomang, ba tswa ka e le gore ba dira eng? Re ka bona dikarabo tse di boammaaruri fela mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele. (2 Timotheo 3:16) Baebele ya reng?

  • E re ka Modimo e le Moya, baengele le bone ke meya e e senang “nama le marapo.” Baengele ba ba ikanyegang ba nna kwa legodimong e bile ba kgona go tsena mo lefelong la Modimo la selegodimo.—Luke 24:39; Mathaio 18:10; Johane 4:24.

  • Ka dinako dingwe baengele ba kile ba iphetola batho gore ba kgone go dira tiro e Modimo a neng a ba neile yone mo lefatsheng, go tswa foo ba bo ba boela mo sebopegong sa bone fa ba sena go wetsa tiro eo.—Baatlhodi 6:11-23; 13:15-20.

  • Le fa gone Baebele e re baengele ke banna e bile ka metlha e ne e nna banna fa ba iphetola go nna batho, ga go na baengele ba banna kgotsa ba basadi. Ga ba nyale e bile ga ba nne le bana. Mo godimo ga moo, ga ba a tsholwa mo lefatsheng e le batho. Jehofa ke ene a bopileng baengele; ke ka moo Baebele e reng ke “bomorwa Modimo wa boammaaruri.”—Jobe 1:6; Pesalema 148:2, 5.

  • Fa Baebele e bua ka “diteme tsa batho le tsa baengele,” e bontsha gore dibopiwa tsa moya le tsone di na le puo ya tsone. Le fa Modimo a ne a dirisa baengele go bua le batho, ga a re letle go ba obamela kgotsa go ba rapela.—1 Bakorintha 13:1; Tshenolo 22:8, 9.

  • Go na le dimiriate di le dimiriate tsa baengele, gongwe ba le dibilione. *Daniele 7:10; Tshenolo 5:11.

  • Baengele “ba maatla,” ba na le maatla a magolo go gaisa batho e bile ba botlhale go gaisa batho. Ba lobelo thata go gaisa sengwe le sengwe se se lobelo mo lefatsheng.—Pesalema 103:20; Daniele 9:20-23.

  • Le fa baengele ba le botlhale thata e bile ba le maatla, go na le mo ba felelang gone e bile go na le dilo dingwe tse ba sa di itseng.—Mathaio 24:36; 1 Petere 1:12.

  • Baengele ba na le botho jo bo sa tshwaneng, ba na le dinonofo tsa bomodimo le kgololesego ya go itlhophela. Fela jaaka batho, baengele ba kgona go itlhophela gore a ba dira se se siameng kgotsa se se sa siamang. Ka maswabi, baengele bangwe ba ne ba tlhopha go tlhanogela Modimo.—Jude 6.

^ ser. 8 Miriate e le nngwe ke 10 000. Miriate e le nngwe e menagane ga miriate e le nngwe ke dimilione di le 100. Le fa go ntse jalo, buka ya Tshenolo e bua ka “dimiriate tsa dimiriate” tsa baengele. Go raya gore go na le dibopiwa tsa moya di le dimilione di le makgolokgolo, gongwe dibilione!