Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

Baitlami ba Katoliki ba Nna Bokgaitsadi ba Semoya

Baitlami ba Katoliki ba Nna Bokgaitsadi ba Semoya

DINGWAGA di le dintsi tse di fetileng, nnake Araceli o ne a nkgarumela a re: “O se ka wa tlhola o bua le nna. Ga ke batle go utlwa sepe ka bodumedi jwa gago. Bo a ntena. Ke go tlhoile!” Mafoko ao a ne a nkutlwisa botlhoko tota. Ke na le dingwaga di le 91 mme ke sa ntse ke a gopola sentle. Moreri 7:8 e bua boammaaruri fa e re, “bokhutlo jwa kgang bo botoka morago ga moo go na le tshimologo ya yone.”—Felisa.

Felisa: Ke goletse kwa Spain mo lelapeng le le humanegileng. Ba lelapa la gaetsho e ne e le Bakatoliki e bile re ne re rata bodumedi fela thata. Tota e bile, ba losika lwa gaetsho ba le 13 e ne e le baruti kgotsa ba berekela kereke. Ntsalae mmè e ne e le moruti e bile a ruta kwa sekolong sa Katoliki. Fa a sena go tlhokafala, Mopapa John Paul II o ne a mo tlotla ka go mo dira moitshepi. Rre o ne a bereka ka ditshipi mme mmè ene o ne a bereka kwa masimong. Mmè le rre ba ne ba na le bana ba le robedi mme nna ke wa ntlha.

Fa ke le dingwaga di le 12 go ne ga runya ntwa ya selegae kwa Spain. Morago ga ntwa, rre o ne a isiwa kgolegelong ka gonne puso e ne e sa rate dikgopolo tsa gagwe tsa sepolotiki. Go ne go le boima gore mmè a kgone go re tlamela. Ka jalo, o ne a romela bonnake e bong Araceli, Lauri, le Ramoni kwa legaeng la baitlami le le kwa toropong ya Bilbao. Fa ba le koo, ba ne ba tlamelwa sentle.

Araceli: Ka nako eo, ke ne ke na le dingwaga di le 14, Lauri di le 12 mme Ramoni di le 10. Re ne re tlhoafalela batho ba kwa gae fela thata. Tiro ya rona e ne e le go phepafatsa. Morago ga dingwaga tse pedi, re ne ra romelwa kwa legaeng le legolo la baitlami le le tlhokomelang bagodi kwa Zaragoza. Re ne re bereka thata re phepafatsa lefelo la go apeela mme re tlhola re lapile.

Felisa: Fa bonnake ba ne ba isiwa kwa legaeng la baitlami kwa Zaragoza, mmè le malome yo e neng e le moruti, ba ne ba nthomela koo. Ba ne ba batla go nkgaoganya le lekawana le le neng le nthata. Ke ne ke swegaswega pelo go ya go nna teng ka gonne ke rata Modimo. Ke ne ke ya kerekeng letsatsi le letsatsi e bile ke batla go tshwana le ntsalake yo e leng morongwa wa Katoliki kwa Afrika.

Legae la baitlami kwa Zaragoza, Spain (mo molemeng) Baebele ya Se-Nácar-Colunga (mo mojeng)

Mme ke ne ke sa kgone go dira dilo tse ke neng ke batla go di dira kwa legaeng leno. Baitlami ba ne ba sa nkgothaletse go direla Modimo kwa nageng e nngwe jaaka ke ne ke lebeletse. Ka jalo, morago ga ngwaga, ke ne ka boela gae go ya go tlhokomela malome yo e neng e le moruti. Ke ne ke mo thusa mo ntlong e bile re rapela Rosari mmogo maitseboa mangwe le mangwe. Gape ke ne ke rata go baakanya malomo a mo kerekeng le go apesa setshwantsho sa ga Marea le tsa “baitshepi.”

Araceli: Ke ne ka dira maikano a ntlha a go nna moitlami fa ke le kwa Zaragoza. Mme baitlami ba ne ba nkgaoganya le bonnake. Ba ne ba nthomela kwa legaeng la baitlami la kwa Madrid mme Lauri ba mo isa kwa go le le kwa Valencia. Ramoni ene o ne a sala. Ke ne ka dira maikano a bobedi a go nna moitlami fa ke le kwa Madrid. Batho ba le bantsi ba ba jaaka baithuti le bagodi ba ne ba tla go nna mo legaeng la baitlami. Ka jalo, tiro e ne e le ntsi. Ke ne ke bereka mo bookelong jwa legae leo.

Ke ne ke lebile pele go nna moitlami, ke ne ke akanya gore re tlile go fetsa nako e ntsi re bala Baebele le go e ithuta. Mme ke ne ka swaba nko go feta molomo. Go ne go se ope yo o neng a dirisa Baebele le fa e le go bua ka Modimo kgotsa ka Jesu. Ke ne ka ithuta Selatine, ka ithuta ka botshelo jwa “baitshepi” ba Katoliki le go obamela Marea. Mme re ne re fetsa nako e ntsi re bereka thata.

Ke ile ka simolola go tshwenyega thata, ke ne ke bona go le botoka go ya go bereka le go thusa ba gaetsho go na le go bereka mo legaeng la baitlami le go humisa batho ba bangwe. Ka jalo, ke ne ka bua le moitlami yo mogolo ka seno mme ka mmolelela gore ke batla go tsamaya. O ne a ntswalela mo seleng, a akanya gore ke tla fetola mogopolo.

Baitlami ba ne ba ntlosa mo seleng mme fa ba lemoga gore ga ke ise ke fetole mogopolo, ba ne ba mpusetsa gape. Fa ba sena go dira jalo makgetlo a le mararo, ba ne ba mpolelela gore nka tsamaya fa fela nka kwala ke re: “Ke a tsamaya ka gonne ke batla go ya go direla Satane e seng Modimo.” Ke ne ke gamaregile! Ke ne ke batla go tsamaya mme gone ke sa batle go kwala mafoko ao. Ke ne ka feleletsa ke kopa go bua le moruti le go mmolelela se se diragetseng. Mobishopo o ne a mo naya tetla ya gore a mpusetse kwa legaeng le le kwa Zaragoza. Morago ga dikgwedi di le mmalwa, ba ne ba dumela gore ke tsamaye. Moragonyana fela ga foo, Lauri le Ramoni le bone ba ne ba tswa kwa legaeng la baitlami.

BUKA E E NENG YA RE KGAOGANYA

Felisa

Felisa: Moragonyana ke ne ka nyalwa mme ka fudugela kwa porofenseng ya Cantabria kwa Spain. Ke ne ke ya kerekeng ka dinako tsotlhe. Sontaga mongwe kwa kerekeng, moruti o ne a goa a galefile a re: “Lo a e bona buka e!” O ne a re bontsha buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. O ne a re: “Fa mongwe wa lona a na le yone, a e tlise kwano kgotsa a e latlhe!”

Ke ne ke se na yone mme o ne a dira gore ke batle go nna le yone. Malatsi a le mmalwa moragonyana, basadi ba babedi ba ne ba nketela. E ne e le Basupi ba ga Jehofa mme ba ne ba e nnaya. Ke ne ka e bala mo bosigong joo. Fa basadi bano ba boa, ba ne ba mpotsa gore a ke batla go ithuta Baebele mme ke ne ka dumela.

Buka ya Boamarure

Ke ne ke batla go itumedisa Modimo ka dinako tsotlhe. Ka jalo, ka ithuta boammaaruri ka Jehofa le go simolola go mo rata thata. Ke ne ke batla go bolelela mongwe le mongwe ka ene. Ke kolobeditswe ka 1973. Ke ne ke tle ke leke go bua le ba losika ka Baebele. Mme ba ne ba akanya gore se ke se dumelang ga se boammaaruri segolobogolo nnake Araceli.

Araceli: E re ka ke ile ka tshwarwa makgwakgwa kwa legaeng la baitlami, ke ne ke le bogale e bile ke sa rate bodumedi jwa me. Mme gone ke ne ke ya kerekeng Sontaga mongwe le mongwe e bile ke rapela Rosari letsatsi le letsatsi. Ke ne ke sa ntse ke batla go tlhaloganya Baebele, ka jalo, ka rapela Modimo gore a nthuse. Go tswa foo, Felisa o ne a mpolelela dilo tse a di ithutileng. O ne a itumetse thata ka dilo tse a di dumelang mo ke neng ke akanya gore o a tsenwa. Ke ne ke sa dumalane le ene.

Araceli

Moragonyana ke ne ka ya go bereka kwa Madrid mme ka nyalwa. Fa dingwaga di ntse di ya, ke ile ka lemoga gore batho ba ba yang kerekeng ka metlha ga ba tshele go ya ka dithuto tsa ga Jesu. Seo se ne sa dira gore ke tlogele go ya kerekeng. Ke ne ke sa tlhole ke dumela mo “baitsheping” kgotsa mo molelong wa dihele e bile ke sa dumele gore moruti a ka itshwarela maleo. Ke ile ka latlha ditshwantsho tsotlhe tsa bodumedi tse ke neng ke na le tsone. Ke ne ke sa itse gore a se ke se dirang se siame. Ke ne ke swabile mme gone ke nna ke rapela Modimo ke re: “Ke batla go go itse. Nthuse!” Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tlhola ba kokota mo ntlong ya me makgetlo a le mmalwa mme ke ne ke sa nke ke ba bulela. Ke ne ke sa tshepe kereke epe.

Lauri o ne a nna kwa Fora mme Ramoni ene a nna kwa Spain. Ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka bo1980. Ke ne ke tlhomamisegile gore fela jaaka Felisa, le bone ba ne ba sa lemoge gore ba rutiwa maaka. Moragonyana, ke ne ka kopana le mongwe wa baagelani ba me e bong Angelines mme ra nna ditsala tse dikgolo. Le ene e ne e le Mosupi wa ga Jehofa. Angelines le monna wa gagwe ba ne ba mpotsa makgetlo a le mmalwa gore a ga ke batle go ithuta Baebele. Ba ne ba lemoga gore le fa ke re ga ke kgatlhegele bodumedi, tota ke ne ke batla go itse Baebele. Kgabagare ke ne ka re: “Go siame. Ke tla ithuta le lona fa fela lo ntletla go dirisa Baebele ya me!” Ke ne ke na le Baebele ya Se-Nácar-Colunga.

BAEBELE E RE KOPANYA GAPE

Felisa: Fa ke kolobediwa ka 1973, go ne go na le Basupi ba ka nna 70 kwa Santander e leng motsemogolo wa Cantabria. Re ne re tsamaya sekgala se seleele go ya go rerela batho ba ba neng ba nna kwa metsaneng e e mo porofenseng eo. Re ne re tsamaya ka bese mme moragonyana ka koloi.

Fa dingwaga di ntse di ya, ke ne ka ithuta Baebele le batho ba le bantsi mme ba le 11 ba bone ba ne ba kolobediwa. Ke ithutile le Bakatoliki ba le bantsi. Ke ne ka tshwanelwa ke go nna pelotelele ka gonne le bone ba ne ba tlhoka nako ya go lemoga gore se ba se dumelang ga se boammaaruri. Ke ne ke itse gore Baebele le moya o o boitshepo ke tsone fela di ka thusang motho gore a fetole tsela e a akanyang ka yone mme a tlhaloganye boammaaruri. (Bahebera 4:12) Monna wa me yo e neng e le lepodise e bong Bienvenido, o ne a kolobediwa ka 1979 mme mmè o ne a simolola go ithuta Baebele nakonyana pele a tlhokafala.

Araceli: Fa ke simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke sa ba tshepe. Mme seo se ile sa fetoga fa nako e ntse e tsamaya. Basupi ba ne ba ruta Baebele e bile ba latela dithuto tsa yone. Tumelo ya me mo go Jehofa le mo Baebeleng e ne ya nonofa mme ka itumela le go feta. Baagelani bangwe ba ne ba lemoga diphetogo tseo mme ba nthaya ba re: “Araceli, o tshware fela jalo!”

Ke gopola ke rapela ke re: “Ke a leboga Jehofa go bo o ile wa nna pelotelele le go nthusa go bona se ke neng ke se batla, e leng kitso ya boammaaruri ya Baebele.” Gape ke ile ka kopa Felisa gore a intshwarele ka dilo tse di botlhoko tse ke ileng ka mo raya tsone. Go na le go tlhola re ngangisana, gone jaanong re tlotla monate ka Baebele. Ke kolobeditswe ka 1989 ke na le dingwaga di le 61.

Felisa: Gone jaanong ke na le dingwaga di le 91. Monna wa me o tlhokafetse e bile ga ke tlhole ke kgona go direla Modimo jaaka pele. Mme ke sa ntse ke bala Baebele letsatsi le letsatsi, ke ya dipokanong e bile ke ya bodireding fa go kgonega.

Araceli: Ke rata go bua le baruti le baitlami ka Jehofa, gongwe ka gonne le nna ke ne ke le moitlami. Ke ile ka tlotla monate le bangwe ba bone mme ba le bantsi ba ile ba tsaya dibuka le dimakasine. Ke gopola moruti mongwe yo fa ke sena go tlotla le ene makgetlo a le mmalwa, a neng a dumalana le se ke neng ke se bua. Go tswa foo o ne a re: “Mme nka ya kae ke tsofetse jaana? Maloko a kereke le ba lelapa la me tota ba tla reng?” Ke ne ka re: “Mme Modimo ene o tla reng?” O ne a lemoga gore ke ne ke nepile mme o ne a hutsafala. Go ne go bonala gore o ne a se na bopelokgale jwa go fetoga.

Ga nkitla ke lebala nako ya fa monna wa me a ne a mpolelela gore o batla go ya dipokanong le nna. O ne a na le dingwaga di feta 80 fa a ne a ya dipokanong la ntlha mme fa e sale go tloga ka nako eo, ga a ise a foswe ke dipokano. O ne a ithuta Baebele mme a simolola go rera. Ke gopola dinako tse di monate tse re nnileng le tsone mo bodireding. O ne a tlhokafala dikgwedi di le pedi pele ga letsatsi le a neng a tshwanetse go kolobediwa ka lone.

Felisa: Fa ke ne ke simolola go direla Jehofa, bonnake ba ne ba le kgatlhanong le nna. Mme moragonyana le bone ba ne ba amogela boammaaruri. Ke ne ka itumela fela thata. Morago ga moo, re ne re itumelela go nna mmogo re bua ka Modimo wa rona yo o lorato e bong Jehofa le ka Lefoko la gagwe! Jaanong rotlhe re obamela Jehofa. *

^ ser. 29 Araceli o na le dingwaga di le 87, Felisa di le 91 mme Ramoni di le 83. Botlhe ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi. Lauri o ne a tlhokafala ka 1990 a ikanyega mo go Jehofa.