A o Leba Tshiamiso Jaaka Jehofa a e Leba?
“Ke tla bolela leina la ga Jehofa . . . Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene.”—DUTE. 32:3, 4.
PINA: 110, 2
1, 2. (a) Ke eng se se diragaletseng Nabothe le bomorwawe? (b) Re tla tlotla ka dinonofo dife tse pedi mo setlhogong seno?
AKANYA ka tiragalo eno. Monna mongwe o latofadiwa ka gore o dirile molato o mogolo. Banna bangwe ba ba se nang molemo wa sepe ba neela bosupi jwa maaka kgatlhanong le ene mme ka ntlha ya seo monna yoo o bonwa molato. Seno se gakgamatsa ba lelapa le ditsala tsa gagwe e bile se ba utlwisa botlhoko tota. Batho ba ba ratang tshiamo ba galefisiwa ke go bona monna yoo le bomorwawe ba bolawa le fa ba se na molato. Kgang eno ga se tlhamane. Seno ke se se ileng sa diragalela motlhanka mongwe yo o ikanyegang wa ga Jehofa e bong Nabothe yo o neng a tshela ka nako ya puso ya ga Kgosi Ahabe wa Iseraele.—1 Dikg. 21:11-13; 2 Dikg. 9:26.
2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka se se ileng sa diragalela Nabothe le mogolwane mongwe yo o ikanyegang wa mo lekgolong la ntlha la dingwaga yo o neng a dira tshwetso e e sa siamang. Go ithuta ka batho bano go tla re thusa go bona gore go botlhokwa gore re nne boikokobetso fa re batla go leba tshiamiso jaaka Jehofa a e leba. Gape re tla ithuta kafa go itshwarela ba bangwe go ka re thusang ka gone go leba tshiamiso jaaka Jehofa a e leba fa rona kgotsa batho ba bangwe ba diretswe tshiamololo mo phuthegong.
TSHIAMOLOLO E E UTLWISANG BOTLHOKO
3, 4. Nabothe e ne e le motho yo o ntseng jang, mme ke eng fa a ne a gana go rekisetsa Kgosi Ahabe tshimo ya gagwe?
3 Nabothe o ne a ikanyega mo go Jehofa fa Baiseraele ba le bantsi ba ne ba latela sekao se se maswe sa ga Kgosi Ahabe le mosadi wa gagwe yo o boikepo e bong Kgosigadi Jesebele. Ba ne ba obamela Baale mme ba ne ba sa tlotle Jehofa e bile ba sa ikobele melao ya gagwe. Mme Nabothe ene o ne a rata Jehofa thata go feta tsela e a ithatang ka yone.
4 Bala 1 Dikgosi 21:1-3. Ahabe o ne a kopa Nabothe gore a mo rekisetse tshimo ya gagwe ya mofine kgotsa gore Nabothe a mo neye ya gagwe mme ene a bo a mo naya e nngwe e e botoka go gaisa eo. Nabothe o ne a gana. Ka ntlha yang? O ne a mo tlhalosetsa jaana: “Go ka se direge ka nna, mo ponong ya ga Jehofa, gore ke go neye se borremogologolwane ba se ruileng boswa.” Nabothe o ne a gana go rekisetsa Ahabe tshimo ka gonne molao wa ga Jehofa o ne o iletsa motho go rekisetsa motho wa lotso lo longwe boswa jwa gagwe. (Lefi. 25:23; Dipa. 36:7) Go bonala sentle gore Nabothe o ne a leba dilo jaaka Jehofa a di leba.
5. Jesebele o ne a dira eng se se ileng sa dira gore Nabothe a bolawe?
5 Ka maswabi, se Nabothe a ileng a se dira se ne sa dira gore Kgosi Ahabe le mosadi wa gagwe ba se ka ba mo tshwara sentle. E re ka Jesebele a ne a batla gore monna wa gagwe a newe tshimo, o ne a epela Nabothe lemena mme ka ntlha ya seo, Nabothe le bomorwawe ba ne ba bolawa. Jehofa o ne a tla dira eng ka tshiamololo eo e e utlwisang botlhoko?
MODIMO O DIRAGATSA TSHIAMISO
6, 7. Jehofa o ne a bontsha jang gore o rata tshiamiso, mme ke eng fa seo se ile sa gomotsa ba lelapa le ditsala tsa ga Nabothe?
6 Jehofa o ne a roma Elija ka bonako kwa go Ahabe. Elija o ne a bolelela Ahabe gore ke mmolai e bile ke legodu. Jehofa o ne a atlhola Ahabe jang? O ne a re Ahabe, mosadi wa gagwe le bomorwaabone ba ne ba tla diragalelwa ke se se diragaletseng Nabothe le bomorwawe.—1 Dikg. 21:17-25.
7 Le fa gone ba lelapa le ditsala tsa ga Nabothe ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke se Ahabe a neng a se dirile, ga go pelaelo gore ba ne ba gomodiwa ke go itse gore Jehofa o ne a itse ka tshiamololo eo le gore o ne a tsaya kgato ka bonako go baakanya bosula joo. Le fa go ntse jalo, se se neng sa direga morago ga moo, se ne se tla dira gore go bonale gore a ba ne ba ikokobeditse le gore a ba ne ba tshepa Jehofa.
8. Ahabe o ne a itshwara jang fa a sena go utlwa katlholo ya ga Jehofa mme go ile ga direga eng morago ga moo?
8 Fa Ahabe a sena go utlwa katlholo ya ga Jehofa, o ne “a gagoganya diaparo tsa gagwe le go apara letsela la kgetsi mo nameng ya gagwe; mme a itima dijo a ba a nna a rapame mo letseleng la kgetsi e bile a tsamaya a kgobegile marapo.” Ahabe o ne a ikokobetsa. Mme go ne ga direga eng morago ga moo? Jehofa o ne a raya Elija a re: “Ka lebaka la gore o ikokobeditse ka ntlha ya me, ga ke na go tlisa masetlapelo mo metlheng ya gagwe. Ke tla tlisa masetlapelo mo ntlong ya gagwe mo metlheng ya ga morwawe.” (1 Dikg. 21:27-29; 2 Dikg. 10:10, 11, 17) “Motlhatlhobi wa dipelo” e bong Jehofa, o ne a utlwela Ahabe botlhoko.—Dia. 17:3.
GO NNA BOIKOKOBETSO GO A THUSA
9. Ke eng fa boikokobetso bo ne bo ka thusa ba lelapa le ditsala tsa ga Nabothe?
9 Tshwetso ya ga Jehofa e ne ya ama jang batho ba ba neng ba itse ka bosula jo Ahabe a bo dirileng? E ka tswa e ile ya leka tumelo ya ba lelapa le ditsala tsa ga Nabothe. Fa e le gore seo se ile sa direga, go nna boikokobetso go ne go tla ba thusa gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa, ba tlhomamisegile gore ka metlha o dira se se siameng. (Bala Duteronome 32:3, 4.) Nabothe, bomorwawe le ba lelapa la bone ba tla direlwa tshiamiso ka botlalo fa Jehofa a tsosa batho ba ba siameng mo baswing. (Jobe 14:14, 15; Joh. 5:28, 29) Mo godimo ga moo, motho yo o boikokobetso o nna a gopotse gore “Modimo wa boammaaruri o tla tlisa tiro ya mofuta mongwe le mongwe mo katlholong ka ga sengwe le sengwe se se fitlhegileng, gore a se molemo kgotsa se bosula.” (Mor. 12:14) Fa Jehofa a ntsha katlholo, o akanyetsa le dilo tse re ka se kgoneng go di lemoga. Ka jalo, go nna boikokobetso go thusa batho ba ba diretsweng tshiamololo gore ba se ka ba senya kamano ya bone le Modimo.
10, 11. (a) Ke maemo afe a a ka dirang gore go bonale gore a re leba tshiamiso ka tsela e e siameng? (b) Boikokobetso bo tla re thusa ka ditsela dife?
10 O tla dira eng fa bagolwane ba ka dira tshwetso nngwe e o sa e tlhaloganyeng kgotsa e o sa dumalaneng le yone? Ka sekai, o tla dira eng fa wena kgotsa mongwe yo o mo ratang a latlhegelwa ke tshiamelo nngwe mo phuthegong? Gotweng fa molekane wa gago wa lenyalo, morwao, morwadio kgotsa tsala ya gago e tlosiwa mo phuthegong mme o sa dumalane le tshwetso eo? Mme gotweng fa o akanya gore mongwe yo o dirileng phoso o utlwetswe botlhoko go sa tshwanela? Maemo ano a ka dira gore go bonale gore a re ikanya Jehofa le tsela e dilo di dirwang ka teng mo phuthegong ya gagwe. Go nna boikokobetso go tla go thusa jang fa o lebane le maemo a a ntseng jalo? Go tla go thusa ka ditsela tseno tse pedi.
1 Sam. 16:7) Go itse seno go tla re thusa go nna boikokobetso, go amogela gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira e bile go tla re thusa go leba kgang ka tsela e e siameng. Sa bobedi, go nna boikokobetso go tla re thusa gore re nne boikobo le gore re nne pelotelele fa re ntse re letile gore Jehofa a baakanye dilo. Ruri monna mongwe yo o botlhale o ne a nepile fa a ne a re: “Dilo di tla tsamaela ba ba boifang Modimo wa boammaaruri sentle, . . . mme ga go na go tsamaela moikepi sentle gotlhelele, le fa e le malatsi a gagwe a a tshwanang le moriti ga a na go a lelefatsa.” (Mor. 8:12, 13) Eleruri, go nna boikokobetso go tla thusa botlhe ba ba amilweng ke se se diragetseng gore ba tswelele ba ikanyega mo go Jehofa.—Bala 1 Petere 5:5.
11 Sa ntlha, go nna boikokobetso go tla re thusa go lemoga gore ga re itse dintlha tsotlhe. Le fa re ka tswa re itse go le kana kang ka kgang nngwe, Jehofa ke ene fela a kgonang go bona se se mo pelong ya motho. (BOITIMOKANYI
12. Re tlile go tlotla ka pego efe mme ka ntlha yang?
12 Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Antioka wa Siria ba ne ba lebana le boemo bongwe jo bo neng bo tla bontsha gore a ba ne ba le boikokobetso le gore a ba ne ba iketleeleditse go itshwarela ba bangwe. Mma re tlotle ka pego eo mme re bone gore e ka re thusa jang go sekaseka tsela e re ikutlwang ka yone ka kgang ya go itshwarela ba bangwe le go tlhaloganya gore go itshwarela go amana jang le tsela e Jehofa a lebang tshiamiso ka yone.
13, 14. Moaposetoloi Petere o ne a na le ditshiamelo dife mme o ne a bontsha bopelokgale jang?
13 Moaposetoloi Petere e ne e le mogolwane yo o itsegeng mo phuthegong ya Bokeresete. E ne e le tsala ya ga Jesu e bile o ne a neilwe maikarabelo a magolo mo phuthegong. (Math. 16:19) Ka sekai, ka 36 C.E., Petere o ne a nna le tshiamelo ya go rerela Korenelio le ba lelapa la gagwe. E ne e le tiragalo e e kgethegileng e re ka Korenelio e ne e le Moditšhaba yo o sa rupang. Fa Korenelio le ba lelapa la gagwe ba ne ba amogela moya o o boitshepo, Petere o ne a re: “A go na le yo o ka iletsang metsi gore bano ba ba amogetseng moya o o boitshepo fela jaaka re o amogetse ba se ka ba kolobediwa?”—Dit. 10:47.
14 Ka 49 C.E., baaposetoloi le bagolwane ba kwa Jerusalema ba ne ba sekaseka kgang ya gore a go ne go tlhokega gore Baditšhaba ba ba sokologetseng mo Bokereseteng ba rupisiwe. Kwa kokoanong eo, Petere o ne a bua ka bopelokgale, a gakolola bakaulengwe bao gore dingwaga di le mmalwa pelenyana, Baditšhaba ba ba sa rupisiwang le bone ba ne ba amogela moya o o boitshepo. Se Petere a ileng a se bua se ne sa thusa setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga go dira tshwetso. (Dit. 15:6-11, 13, 14, 28, 29) Ga go pelaelo gore Bakeresete ba Bajuda le Baditšhaba ba ne ba leboga go bo Petere a ile a nna pelokgale jalo fa a tlhalosa dintlha. Go tshwanetse ga bo go ile ga nna motlhofo gore ba simolole go tshepa monna yono yo o neng a na le tumelo e e nonofileng.—Baheb. 13:7.
15. Petere o ile a dira phoso efe fa a ne a le kwa Antioka wa Siria? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)
15 Nakonyana morago ga kokoano eo ya 49 C.E., Petere o ne a etela kwa Antioka wa Siria. Fa a le koo, o ne a itsalanya le bakaulengwe ba gagwe ba e neng e se Bajuda. Ga go pelaelo gore ba ile ba ithuta dilo di le dintsi mo go Petere. Le fa go ntse jalo, akanya fela gore ba ne ba gakgamala jang le go swaba fa Petere a ne a tlogela go ja le bone. Tota e bile, Petere o ne a tlhotlheletsa bakaulengwe ba bangwe ba Bajuda le Barenabase gore le bone ba dire se se tshwanang. Ke eng se se ileng sa tlhotlheletsa mogolwane yono yo o nang le tumelo e e nonofileng go dira tshwetso e e sa
siamang, e e neng e ka dira gore go nne le dikgaogano mo phuthegong? Sa botlhokwa le go feta, re ka ithuta eng mo phosong ya ga Petere fa re utlwisitswe botlhoko ke sengwe se mogolwane mongwe a se buileng kgotsa a se dirileng?16. Petere o ne a kgalemelwa jang, mme go tsoga dipotso dife?
16 Bala Bagalatia 2:11-14. Petere o ne a boifa batho. (Dia. 29:25) Le fa Petere a ne a itse gore Jehofa o akanyang ka kgang eno, o ne a tshaba gore Bakeresete ba Bajuda ba phuthego ya kwa Jerusalema ba tla reng fa ba mmona a itsalanya le Baditšhaba. Moaposetoloi Paulo yo le ene a neng a le teng kwa kokoanong eo ya 49 C.E., o ne a ya kwa go Petere kwa Antioka mme a senola boitimokanyi jwa gagwe. (Dit. 15:12; Bagal. 2:13, Baebele e e Boitshepo) Baditšhaba ba Bakeresete ba ba ileng ba utlwisiwa botlhoko ke se Petere a se dirileng ba ne ba tla itshwara jang? A ba ne ba tla kgopisega? A Petere o ne a tla latlhegelwa ke ditshiamelo tsa gagwe ka ntlha ya phoso e a neng a e dirile?
ITSHWARELE BA BANGWE
17. Petere o ile a solegelwa molemo jang ke go bo Jehofa a mo itshwaretse?
17 Go bonala Petere a ile a ikokobetsa le go amogela kgakololo ya ga Paulo. Ga go na gope mo Dikwalo di umakang gore o ile a latlhegelwa ke ditshiamelo tsa gagwe. Tota e bile, moragonyana o ne a tlhotlhelediwa go kwala makwalo a mabedi a a leng mo Baebeleng. Se se kgatlhang ke gore mo lekwalong la gagwe la bobedi, o bitsa Paulo a re “mokaulengwe wa rona yo o rategang.” (2 Pet. 3:15) Le fa gone tsela e Petere a ileng a itshwara ka yone e ka tswa e ile ya utlwisa Baditšhaba ba mo phuthegong botlhoko, tlhogo ya phuthego e bong Jesu o ne a tswelela a mo dirisa. (Baef. 1:22) Baditšhaba bao ba ne ba na le tshono ya go etsa Jesu le Rraagwe ka go itshwarela Petere. Re solofela gore ga go na ope yo o ileng a itetla go kgopisiwa ke diphoso tsa motho yo o nang le boleo.
18. Re ka nna ra tlhoka go leba tshiamiso jaaka Jehofa a e leba mo maemong afe?
18 Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, ga go na bagolwane ba ba sa direng diphoso mo phuthegong gompieno ka gonne “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jak. 3:2) Re ka nna ra bo re dumalana le ntlha eno, mme gone ga go motlhofo go akanya jalo fa re utlwisitswe botlhoko ke sengwe se mokaulengwe a se dirileng kgotsa a se buileng. Fa re le mo maemong a a ntseng jalo, a re tla bontsha gore re leba tshiamiso jaaka Jehofa a e leba? Ka sekai, o tla dira eng fa mogolwane a bua sengwe se se dirang gore o akanye gore mogolwane yoo o na le tlhaolele? A o tla kgopisega fa mogolwane mongwe a bua sengwe se se go utlwisang botlhoko? A o tla leta tlhogo ya phuthego e bong Jesu ka bopelotelele kgotsa o tla itlhaganelela go swetsa ka gore mokaulengwe yoo ga a tlhole a tshwanelega go nna mogolwane? A o tla leka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo tse a di dirang, gongwe ka go akanya ka dingwaga tse a di feditseng a direla Modimo ka boikanyegi? Fa mokaulengwe yo o go diretseng phoso a tswelela go direla e le mogolwane kgotsa a amogela ditshiamelo tse dingwe, a o tla mo itumelela? Fa o ka mo itshwarela o tla bo o bontsha gore o leba tshiamiso jaaka Jehofa a e leba.—Bala Mathaio 6:14, 15.
19. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
19 Batho ba ba ratang tshiamiso ba lebile pele go bona letsatsi la fa Jehofa a tla bo a fedisa tshiamololo yotlhe e batho ba lebanang le yone ka ntlha ya ga Satane le tsamaiso ya gagwe e e boikepo. (Isa. 65:17) Fa seo se ise se direge, a rotlhe re ikemisetseng go leba tshiamiso jaaka Jehofa a e leba ka go amogela gore go na le dilo dingwe tse re sa kgoneng go di dira le ka go itshwarela ba bangwe fa ba re direla diphoso.