TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG April 2018

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa June 4 go ya go July 8, 2018.

O ka Bona Jang Kgololesego ya Mmatota?

Batho ba le bantsi ba batla gore pogo, kgethololo le khumanego di fele. Ba bangwe bone ba batla go nna le kgololesego ya go bua, ya go itlhophela le ya go tshela ka tsela e ba batlang go tshela ka yone. A go a kgonega gore re nne le kgololesego ya mmatota?

Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa

Moya wa ga Jehofa o re golotse jang? Re ka tila jang go dirisa kgololesego e Modimo a re neileng yone ka tsela e e botlhaswa?

Banna ba ba Tlhomilweng—Ithuteng mo go Timotheo

Go bonala Timotheo a ne a sa itshepe fa a ne a simolola go dira le moaposetoloi Paulo. Bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Timotheo?

Etsa Jehofa—Modimo yo o Nayang Kgothatso

Batho ba ga Jehofa ga ba bolo go tlhoka kgothatso.

A re Kgothatsaneng ‘Mme re Dire Jalo le go Feta’

E re ka letsatsi la ga Jehofa le le gaufi jaana, re tshwanetse go bontsha Bakeresetemmogo le rona gore re a ba kgatlhegela, gore re kgone go ba kgothatsa fa go tlhokega.

Basha, a lo Ipeetse Mekgele mo Tirelong ya Modimo?

Ka dinako dingwe, basha ba ka nna ba tlhakanngwa tlhogo ke ditshono le ditshwetso tse ba tshwanetseng go di dira. Ke eng se se ka ba thusang gore ba dire ditshwetso tse di molemo?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Ke eng fa go sa siama go tsenya dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa mo di-website tse dingwe kgotsa mo metsweding ya go ikgolaganya le batho ka Internet?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Pesalema 144:12-15 e bua ka batho ba Modimo.