Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Banna ba ba Tlhomilweng—Ithuteng mo go Timotheo

Banna ba ba Tlhomilweng—Ithuteng mo go Timotheo

NGWAGA o o fetileng, bakaulengwe ba le bantsi ba ile ba tlhomiwa go nna bagolwane le batlhanka ba bodiredi mo phuthegong ya ga Jehofa. Fa e le gore o mongwe wa bone, ga go pelaelo gore o itumelela kabelo ya gago e ntšha.

Le fa go ntse jalo, o ka tswa o tshogile go se kae. Mogolwane mongwe yo mosha e bong Jason a re: “Fa ke ne ke tlhomiwa go nna mogolwane, ke ne ke tsaya gore ke na le maikarabelo a mantsi thata a ke tshwanetseng go a dira.” Moshe le Jeremia ba ne ba ikutlwa ba sa tshwanelege fa Jehofa a ne a ba naya dikabelo tse disha. (Ekes. 4:10; Jer. 1:6) Fa e le gore le wena o ikutlwa jalo, o ka fenya maikutlo ao jang le go tswelela o dira ka natla mo kabelong ya gago? Akanya ka sekao sa ga Timotheo.—Dit. 16:1-3.

ETSA SEKAO SA GA TIMOTHEO

Timotheo a ka tswa a ne a le mo bowelong jwa dingwaga tsa bolesome kgotsa mo masimologong a dingwaga tsa bo20 fa moaposetoloi Paulo a ne a mo kopa gore a tsamaye le ene mo maetong a gagwe a borongwa. E re ka a ne a sa le mosha, gongwe kwa tshimologong o ne a sa itshepe kgotsa a okaoka go dira kabelo ya gagwe e ntšha. (1 Tim. 4:11, 12; 2 Tim. 1:1, 2, 7) Le fa go ntse jalo, morago ga dingwaga di le lesome, Paulo o ne a kwalela phuthego ya kwa Filipi jaana: “Mme nna ke solofetse mo go Morena Jesu go roma Timotheo kwa go lona mo bogautshwaneng . . . Gonne ga ke na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe.”—Bafil. 2:19, 20.

Ke eng se se thusitseng Timotheo gore a nne mogolwane yo o molemo? Ela tlhoko dilo di le thataro tse o ka di ithutang mo go ene.

1. O ne a rata batho. Paulo o ne a raya Bakeresete ba kwa Filipi a re: ‘Ruri Timotheo o tla tlhokomela dilo tse di lo amang.’ (Bafil. 2:20) Timotheo o ne a rata batho. O ne a batla gore ba atamalane le Jehofa e bile o ne a iketleeleditse go ba thusa.

O se ka wa tshwana le mokgweetsi wa bese yo o tshwenyegileng thata ka go fitlha ka nako kwa bese e emang gone go na le gore a letele batho gore ba palame botlhe. Mokaulengwe mongwe yo o nang le dingwaga di feta 20 e le mogolwane e bong William o rotloetsa bakaulengwe ba ba sa tswang go tlhomiwa jaana: “Rata bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago. Go na le go tshwenyega thata ka dilo tse dingwe tsa mo phuthegong, dira bojotlhe go ba thusa.”

2. Tiro ya go rera e ne e le botlhokwa thata mo go ene. Timotheo o ne a sa tshwane le bakaulengwe ba bangwe ka gonne Paulo o ne a re: “Ba bangwe botlhe ba ipatlela melemo, e seng ya ga Keresete Jesu.” (Bafil. 2:21) Paulo o ne a kwala mafoko ao a le kwa Roma. O ne a lemogile gore bakaulengwe ba koo ba ne ba tshwaregile thata ka dilo tsa botho. Ba ne ba sa dire ka natla mo tirelong ya ga Jehofa. Timotheo ene o ne a sa nna jalo. Fa a ne a nna le tshono ya go oketsa bodiredi jwa gagwe, o ne a etsa Isaia yo o neng a re: “Ke fano! Roma nna.”—Isa. 6:8.

Ke eng se se ka go thusang gore o kgone go diragatsa maikarabelo a gago a botho le a phuthego? Sa ntlha, dira dilo tsa botlhokwa pele. Paulo o ne a re: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafil. 1:10) Tlhomamisa gore dilo tse di botlhokwa mo go Jehofa di botlhokwa mo go wena. Sa bobedi, tlhofofatsa botshelo jwa gago. Tlogela dilo tse di go jelang nako go sa tlhokege. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Tshaba dikeletso tse basha ba nang le go nna le tsone, mme latelela tshiamo, tumelo, lorato, kagiso.”—2 Tim. 2:22.

3. O ne a dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa. Paulo o ne a raya Bakeresete ba kwa Filipi a re: “Lo itse bosupi jo [Timotheo] a neng a bo naya kaga gagwe, gore jaaka ngwana le rraagwe o ne a nna motlhanka le nna mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.” (Bafil. 2:22) Timotheo o ne a se botswa. O ne a dira ka natla le Paulo, mme seno se ne sa dira gore ba atamalane thata.

Go na le tiro e ntsi mo phuthegong ya ga Jehofa. Tiro eo e tla dira gore o kgotsofale e bile o atamalane le bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka jalo, ikemisetse gore ka metlha o nne le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakor. 15:58.

4. O ne a dirisa se a se ithutang. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “O latetse thuto ya me thata, tsela ya me ya botshelo, boikaelelo jwa me, tumelo ya me, bopelotelele jwa me, lorato lwa me, boitshoko jwa me.” (2 Tim. 3:10) E re ka Timotheo a ne a dirisa se a neng a se ithuta, o ne a newa maikarabelo a a oketsegileng.—1 Bakor. 4:17.

A o na le tsala mo phuthegong e e godileng le e e nang le maitemogelo e o ka ratang go e etsa? Fa e le gore ga o na yone, e batle. Tom yo o nang le dingwaga di le dintsi e le mogolwane, a re: “Mogolwane mongwe yo o nang le maitemogelo e ne ya nna tsala ya me mme o ne a nthapisa. Ka metlha ke ne ke kopa kgakololo mo go ene e bile ke e dirisa. Seno se ne sa nthusa gore ke se ka ka inyatsa.”

5. O ne a tsaya matsapa. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Ithapise, mokgele wa gago e le boineelo jwa bomodimo.” (1 Tim. 4:7) Motabogi a ka tswa a na le motho yo o mo katisang. Le fa go ntse jalo, motabogi yoo le ene o tshwanetse go tsaya matsapa go ikatisa. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Tswelela o dira ka bojotlhe mo go baleng phatlalatsa, mo go rotloetseng, mo go ruteng. . . . Tlhatlhanya ka dilo tseno; nwelelela mo go tsone, gore botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.”—1 Tim. 4:13-15.

Le wena o tlhoka go tsaya matsapa gore o tokafatse tsela e o dirang kabelo ya gago ka yone. O se ka wa tlogela go ithuta Baebele, e bile tlhomamisa gore o tlhaloganya dilo tsa bosheng tse di tokafaditsweng mo phuthegong. Mo godimo ga moo, o se ka wa itshepa thata gongwe o akanya gore o setse o na le maitemogelo le gore ga o tlhoke go dira dipatlisiso fa o lebane le boemo bongwe jo bo rileng. Fela jaaka Timotheo, “nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago.”—1 Tim. 4:16.

6. O ne a ikaega ka moya wa ga Jehofa. Paulo o ne a gakolola Timotheo jaana: “Boikarabelo jo bo molemo jono bo dise ka moya o o boitshepo o o mo go rona.” (2 Tim. 1:14) Timotheo o ne a tshwanetse go ikaega ka moya wa Modimo gore a kgone go diragatsa maikarabelo a gagwe mo bodireding.

Donald yo o nang le dingwaga di le dintsi e le mogolwane a re: “Banna ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go tsaya kamano ya bone le Modimo e le botlhokwa. Fa ba dira jalo, ‘maatla a bone a botlhaga a tla nna a gola.’ Fa ba kopa moya o o boitshepo e bile ba leka ka natla go nna le dinonofo tse di molemo, ba tla kgona go thusa ba bangwe mo phuthegong.”—Pes. 84:7; 1 Pet. 4:11.

RATA KABELO YA GAGO

Go a itumedisa go bona bakaulengwe ba ba sa tswang go tlhomiwa ba tokafatsa tsela e ba direlang Jehofa ka yone. Jason yo re buileng ka ene kwa tshimologong a re: “Ke ithutile dilo di le dintsi fa e sa le ke nna mogolwane e bile ga ke tlhole ke inyatsa. Gone jaanong ke rata kabelo ya me e bile ke e tsaya e le tshiamelo e e seng kana ka sepe.”

E kete o ka tswelela o tokafatsa tsela e o direlang Jehofa ka yone. Dira ka natla go etsa sekao sa ga Timotheo. Fa o dira jalo, le wena o tla kgona go thusa batho ba ga Jehofa.