Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa

Direla Modimo wa Kgololesego e Bong Jehofa

“Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.”—2 BAKOR. 3:17.

PINA: 11, 137

1, 2. (a) Ke eng fa batho ba motlha wa ga moaposetoloi Paulo ba ne ba bua thata ka bokgoba le ka kgololesego? (b) Paulo o ne a re ke mang yo o ka thusang batho go nna le kgololesego ya mmatota?

BAKERESETE ba bogologolo ba ne ba nna kwa Roma, mme batho ba koo ba ne ba ikgantsha ka melao, tshiamiso le kgololesego e ba neng ba na le yone. Le fa go ntse jalo, Mmusomogolo wa Roma o ne o le mogolo ka ntlha ya tiro ya bonatla ya makgoba. Nako nngwe, go kile ga bo go na le makgoba a mantsi kwa Roma. Ga go gakgamatse go bo batho ba maemo a a kwa tlase, go akaretsa le Bakeresete, ba ne ba bua thata ka bokgoba le ka kgololesego.

2 Makwalo a moaposetoloi Paulo a neng a a kwala, a bua thata ka kgololesego. Le fa go ntse jalo, maikaelelo a ga Paulo e ne e se go rarabolola mathata a batho ba neng ba lebana le one e leng se batho ba le bantsi ba neng ba batla go se dira. Paulo ga a ka a bua ka mmusi mongwe kgotsa mokgatlho mongwe o o ka nayang batho kgololesego, go na le moo, ene le Bakeresete ba bangwe ba ne ba rerela batho dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo le go ba thusa go tlhaloganya gore setlhabelo sa ga Keresete Jesu se tlhwatlhwakgolo go le kana kang. Paulo o ne a bolelela Bakeresetemmogo le ene gore ke mang yo o ka ba thusang go nna le kgololesego ya mmatota. Ka sekai, mo lekwalong la bobedi le a neng a le kwalela Bakeresete ba kwa Korintha o ne a re: “Jehofa ke Moya; mme koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.”—2 Bakor. 3:17.

3, 4. (a) Ke eng se se dirileng gore Paulo a kwale mafoko a a mo go 2 Bakorintha 3:17? (b) Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le kgololesego e e tswang kwa go Jehofa?

3 Mo lekwalong le Paulo a neng a le kwalela Bakorintha, o ne a tlhalosa se se ileng sa diragalela Moshe fa a sena go bua le moengele wa ga Jehofa kwa Thabeng ya Sinai. O ne a re sefatlhego sa ga Moshe se ne se ntsha marang a lesedi. Batho ba ile ba tshoga fa ba bona Moshe, ka jalo, o ne a khurumetsa sefatlhego sa gagwe ka lesire. (Ekes. 34:29, 30, 33; 2 Bakor. 3:7, 13) Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a re: ‘Fa motho a retologela kwa go Jehofa, lesire leno le a tlosiwa.’ (2 Bakor. 3:16) Mafoko a ga Paulo a kaya eng?

4 Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, Jehofa ke ene fela yo o nang le kgololesego e e feletseng ka gonne ke Mmopi wa dilo tsotlhe. Ka jalo, go a utlwala gore kwa Jehofa a leng teng le kwa “moya wa ga Jehofa o leng gone,” go na le kgololesego. Le fa go ntse jalo, gore re nne le kgololesego eo, re tshwanetse go ‘retologela kwa go Jehofa.’ Seno se raya gore re tshwanetse go nna le kamano e e molemo le ene. Fa Baiseraele ba ne ba le kwa nageng, ba ne ba sa lebe dilo jaaka Jehofa a di leba. Go ne go ntse jaaka e kete dipelo le ditlhaloganyo tsa bone di khurumeditswe ka lesire. Ba ne ba batla go dirisa kgololesego ya bone gore ba itsholegele molemo.—Baheb. 3:8-10.

5. (a) Moya wa ga Jehofa o re naya kgololesego efe? (b) Re itse jang gore motho a ka tswelela a na le kgololesego ya ga Jehofa le fa a tsentswe mo kgolegelong kgotsa a dirilwe lekgoba? (c) Re tshwanetse go araba dipotso dife?

5 Le fa go ntse jalo, kgololesego e re e newang ke moya wa ga Jehofa ga e re golole fela mo bokgobeng. Moya wa ga Jehofa o re thusa go nna le kgololesego e go seng motho ope yo a ka re nayang yone, o re golola mo bokgobeng jwa boleo le loso le mo bodumeding jwa maaka. (Bar. 6:23; 8:2) Ruri eno ke kgololesego e e itumedisang! Motho a ka nna le kgololesego eno le fa a ka tswa a le kwa kgolegelong kgotsa a dirilwe lekgoba. (Gen. 39:20-23) Ka sekai, Mokaulengwe Harold King o ne a isiwa kgolegelong dingwaga di le dintsi ka ntlha ya tumelo ya gagwe, le fa go ntse jalo, o ile a tswelela a na le kgololesego eno. O ka lebelela maitemogelo a gagwe mo JW Broadcasting. (Leba MAITEMOGELO A BA BANGWE > GO ITSHOKELA DITEKO.) Mma re tlotle ka dipotso tseno tse pedi. Re ka bontsha jang gore re anaanela kgololesego e Jehofa a re neileng yone? Mme re ka dirisa kgololesego ya rona jang ka tsela e e siameng?

BONTSHA GORE O ANAANELA KGOLOLESEGO E MODIMO A RE NAYANG YONE

6. Baiseraele ba ile ba bontsha jang gore ga ba anaanele kgololesego e Jehofa a ba neileng yone?

6 Fa mongwe a re naya mpho e e tlhwatlhwakgolo, re a mo leboga. Fa Jehofa a sena go golola Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto, ga ba a ka ba bontsha gore ba anaanela kgololesego e a neng a ba e neile. Morago ga dikgwedi di le mmalwa ba sena go gololwa, ba ne ba simolola go eletsa dijo tse ba neng ba di ja kwa Egepeto. Ka jalo, ba ne ba simolola go ngongorega ka dijo tse Jehofa a neng a ba naya tsone e bile ba ne ba batla go boela kwa Egepeto. Akanya fela, ‘tlhapi . . . , makgomane, magapu, diliki, dieie le gareleke,’ di ne di le botlhokwa thata mo go bone go feta go obamela Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa. Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a ba galefela. (Dipa. 11:5, 6, 10; 14:3, 4) Seno se re ruta thuto ya botlhokwa!

7. Paulo o ile a dirisa jang kgakololo ya gagwe e e mo go 2 Bakorintha 6:1, mme le rona re ka e dirisa jang?

7 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Bakeresete gore ba anaanele kgololesego e Jehofa a ba neileng yone ka Morwawe e bong Jesu Keresete. (Bala 2 Bakorintha 6:1.) Paulo o ne a sa itekanela e bile e le lekgoba la boleo le loso, mme seno se ne se mo utlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, o ne a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” Ke eng fa a ne a rialo? O ne a tlhalosetsa Bakeresetemmogo le ene jaana: “Gonne molao wa moya oo o o nayang botshelo jo bo seoposengwe le Keresete Jesu o lo golotse mo molaong wa boleo le wa loso.” (Bar. 7:24, 25; 8:2) Fela jaaka Paulo, le rona ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o re golotse mo bokgobeng jwa boleo le loso. Setlhabelo sa ga Jesu se re thusa gore re direle Modimo wa rona ka digakolodi tse di siameng e bile re itumetse.—Pes. 40:8.

A o dirisa kgololesego ya gago go direla Jehofa kgotsa go dira dilo tse o di batlang? (Bona serapa 8-10)

8, 9. (a) Moaposetoloi Petere o ne a re naya tlhagiso efe? (b) Motho a ka dirisa kgololesego ya gagwe jang ka tsela e e sa siamang?

8 Re tshwanetse go bontsha Jehofa gore re lebogela kgololesego e a re neileng yone, mme gape, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra e dirisa ka tsela e e sa siamang. Moaposetoloi Petere o ile a re tlhagisa gore re se ka ra dirisa kgololesego ya rona e le seipato sa go dira dilo tse di sa siamang. (Bala 1 Petere 2:16.) Tlhagiso eno e re gopotsa se se ileng sa diragalela Baiseraele kwa nageng. Le rona gompieno re tshwanetse go e tsaya tsia. Lefatshe leno la ga Satane le na le dilo di le dintsi tse di kgatlhang fa go tla mo diaparong, dijo le boitlosobodutu. Babapatsi ba dirisa batho ba bantle go bapatsa dilo ka gonne ba batla gore re akanye gore re tlhoka dilo tseo. Go ka nna motlhofo gore re wele mo diraing tseno mme re bo re dirisa kgololesego ya rona ka tsela e e sa siamang.

9 Gape re tshwanetse go dirisa kgakololo ya ga Petere fa re dira ditshwetso dingwe tsa botlhokwa mo botshelong, jaaka tse di malebana le go tsena sekolo le go bereka. Ka sekai, basha kwa sekolong ba kgothalediwa gore ba dire ka natla gore ba kgone go ya yunibesithing. Batho ba le bantsi ba ba bolelela gore go ya yunibesithing go tla ba thusa gore ba kgone go nna le tiro ya maemo a a kwa godimo e bile ba ba bolelela gore batho ba ba tswang kwa yunibesithing ba amogela madi a mantsi go feta batho ba ba sa tsweng yunibesithing. Fa basha ba tshwanetse go dira ditshwetso tseno tse di botlhokwa, ba ka nna ba akanya gore go ya yunibesithing go ka ba tswela mosola. Ke eng se basha le batsadi ba tshwanetseng go nna ba se gopotse?

10. Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re dira ditshwetso tsa botho?

10 Batho bangwe ba akanya gore e re ka ditshwetso tse di malebana le go tsena sekolo le go bereka e le ditshwetso tsa botho, ba na le kgololesego ya go itlhophela se ba batlang go se dira, fa fela segakolodi sa bone se sa ba tshwenye. Ba ka tswa ba akanya ka mafoko ano a ga Paulo: “Ke ka ntlha yang fa go tshwanetse gore kgololesego ya me e atlholwe ka segakolodi sa motho yo mongwe?” (1 Bakor. 10:29) Le fa gone re na le kgololesego ya go itirela ditshwetso tse di malebana le go tsena sekolo le go bereka, re tshwanetse go gopola gore kgololesego ya rona e lekanyeditswe le gore ditshwetso tse re di dirang di na le ditlamorago. Ke ka moo Paulo a neng a re: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo. Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di agang.” (1 Bakor. 10:23) Seno se re thusa go lemoga gore le fa gone re na le kgololesego ya go itirela ditshwetso tsa botho, ga re a tshwanela go akanyetsa fela dilo tse rona re di batlang.

DIRISA KGOLOLESEGO YA GAGO GO DIRELA MODIMO

11. Ke eng fa Jehofa a ile a re golola mo boleong le mo losong?

11 Fa Petere a sena go re tlhagisa gore re se ka ra dirisa kgololesego ya rona ka tsela e e sa siamang, o ile a re tlhalosetsa gore re tshwanetse go e dirisa jang. O ne a re re dirise kgololesego ya rona “jaaka batlhanka ba Modimo.” Ka jalo, lebaka la go bo Jehofa a ile a dirisa Jesu go re golola mo boleong le mo losong, ke gore re mo direle ka botlalo.

12. Noa le ba lelapa la gagwe ba re tlhometse sekao sefe?

12 Go direla Jehofa ka botlalo go tla re thusa gore re dirise kgololesego ya rona ka tsela e e siameng le gore re se ka ra nna makgoba a dilo tse di sa siamang. (Bagal. 5:16) Ka sekai, akanya ka Noa le ba lelapa la gagwe. Ba ne ba tshela le batho ba ba ratang thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa dire ditiro tse batho bao ba neng ba di dira. Ke eng se se ba thusitseng? Ba ne ba tshwaregile thata ka dilo tse Jehofa a ba laetseng gore ba di dire e leng, go aga araka, go boloka dijo le go tlhagisa batho ka Morwalela. ‘Noa o ne a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. O ne a dira fela jalo.’ (Gen. 6:22) Ka ntlha ya seo, Noa le ba lelapa la gagwe ba ne ba bolokwa.—Baheb. 11:7.

13. Jehofa o re laetse gore re dire eng?

13 Jehofa o re laetse gore re dire eng? E re ka re le barutwa ba ga Jesu, re a itse gore Modimo o re laetse gore re rere. (Bala Luke 4:18, 19.) Gompieno, Satane o foufaditse batho ba le bantsi e bile ke makgoba a bodumedi jwa maaka, dikhumo le dipolotiki. (2 Bakor. 4:4) Re na le tshiamelo ya go etsa sekao sa ga Jesu sa go thusa batho gore ba itse Jehofa le gore ba mo obamele. (Math. 28:19, 20) Eno ga se tiro e e motlhofo e bile e na le dikgwetlho di le dintsi. Mo mafelong a mangwe, batho ga ba batle go utlwa sepe gotlhelele. Re tshwanetse go ipotsa potso eno: ‘A ke ka dirisa kgololesego ya me go direla Jehofa ka mo go oketsegileng?’

14, 15. Batho ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba dira eng? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

14 E re ka lefatshe le tloga le fedisiwa, go a itumedisa go bona batho ba ga Jehofa ba tlhofofatsa matshelo a bone e bile ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng. (1 Bakor. 9:19, 23) Bangwe ba direla mo mafelong a ba nnang mo go one mme ba bangwe ba direla kwa go nang le tlhokego gone. Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng, bakaulengwe le bokgaitsadi ba feta 250 000 ba ne ba nna babulatsela mme gone jaanong go na le babulatsela ba ka metlha ba feta 1 100 000. Ruri go a kgatlha go bona ba le bantsi ba dirisa kgololesego ya bone go direla Jehofa!—Pes. 110:3.

15 Ke eng se se ileng sa thusa bakaulengwe le bokgaitsadi bano go dirisa kgololesego ya bone ka tsela e e siameng? Akanya ka John le Judith, ba ba nang le dingwaga di le 30 ba direla mo dinageng di le mmalwa. Ba re fa Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela se ne se simolola ka 1977, babulatsela ba ne ba kgothalediwa gore ba ye go direla kwa go nang le tlhokego e e kgolo gone. Gore ba kgone go tswelela ba dira kwa go nang le tlhokego gone, John a re o ne a tshwanelwa ke go nna a fetola tiro ya boitshediso gore ba kgone go tlhofofatsa botshelo. Moragonyana, ba ne ba ya go direla kwa nageng e nngwe. Ke eng se se neng sa ba thusa gore ba fenye dikgwetlho tse di jaaka go ithuta puo e ntšha, go tlwaela setso le maemo a bosa a kwa nageng eo? Ba ne ba rapela Jehofa le go ikaega ka ene. Ba ikutlwa jang ka dingwaga tse ba di feditseng ba direla Jehofa? John a re: “Ke ne ka lemoga gore ke ne ke tshwaregile ka tiro e e molemo. Ke ne ka atamalana thata le Jehofa e bile ke ne ka lemoga gore ke rre yo o lorato. Jaanong ke ne ke tlhaloganya bokao jwa mafoko ano a a mo go Jakobe 4:8: ‘Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.’ Ke ne ke bone se ke neng ke se batla, e leng botshelo jo bo kgotsofatsang.”

16. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba dirisa kgololesego ya bone jang ka tsela e e siameng?

16 Go farologana le John le Judith, bakaulengwe le bokgaitsadi ba bangwe ba kgona go tsenela tirelo ya nako e e tletseng ka nakwana fela. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba nna le seabe mo tirong ya go aga e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, fa ntlokgolo e ne e agiwa kwa Warwick, New York, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ka nna 27 000 ba ne ba ithaopela go ya go thusa. Bangwe ba ne ba ithaopa dibeke di le pedi mme ba bangwe ba ne ba ithaopa ngwaga kgotsa go feta. Ba le bantsi ba ile ba tlogela ditiro tsa bone gore ba ye go direla kwa Warwick. Ruri ba re tlhometse sekao se se molemo ka gonne ba ile ba dirisa kgololesego ya bone go baka le go tlotla Jehofa!

17. Fa re dirisa kgololesego ya rona ka tsela e e siameng, re tla itumelela masego afe mo isagweng?

17 Re itumelela go itse Jehofa le gore re na le kgololesego e a e nayang baobamedi ba gagwe. Re tshwanetse go bontsha gore re anaanela kgololesego eno ka go dira ditshwetso tse di siameng. Go na le go dirisa kgololesego ya rona go dira dilo tse re di batlang, re tshwanetse go e dirisetsa go direla Jehofa ka botlalo. Fa re dira jalo, re tla itumelela masego ano a Jehofa a re solofeditseng one: “Popo ka boyone le yone e tla gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme e nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.”—Bar. 8:21.