Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Bona Jang Kgololesego ya Mmatota?

O ka Bona Jang Kgololesego ya Mmatota?

“Fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota.”—JOH. 8:36.

PINA: 65, 52

1, 2. (a) Ke eng se se bontshang gore go thata gore batho ba nne le kgololesego? (b) Maiteko a batho a go batla kgololesego a ile a felela jang?

GOMPIENO go buiwa thata ka kgololesego le go tshwara batho ka go lekalekana. Batho ba le bantsi ba batla gore pogo, kgethololo le khumanego di fele. Ba bangwe bone ba batla go nna le kgololesego ya go bua, ya go itlhophela le ya go tshela ka tsela e ba batlang go tshela ka yone. Batho botlhe ba batla go gololesega.

2 Mme gone, go thata gore batho ba nne le kgololesego e ba e batlang. Ka ntlha ya seo, go nna le megwanto e bile batho bangwe ba leka go menola puso. A mme gone dilo tseno di dira gore batho ba bone kgololesego? Le e seng! Go na le moo, di felela ka masetlapelo e bile batho ba le bantsi ba a bolawa. Dilo tseno tsotlhe di bontsha gore Kgosi Solomone o ne a bua boammaaruri fa a ne a re: “Motho [o laotse] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.”—Mor. 8:9.

3. Ke eng se se ka re thusang go bona kgotsofalo le boitumelo jwa mmatota?

3 Morutwa wa ga Jesu e bong Jakobe o ile a bua ka sengwe se se ka re thusang go bona kgotsofalo le boitumelo jwa mmatota. O ne a re: “Yo o tlhodumelang mo molaong o o itekanetseng wa kgololesego le yo o nnelang ruri mo go one . . . o tla itumela mo go o direng ga gagwe.” (Jak. 1:25) Molao oo o tswa kwa go Jehofa, e bile ke ene a itseng gore ke eng se se ka re thusang gore re itumele le gore re kgotsofale. O ne a naya Adame le Efa sengwe le sengwe se ba neng ba se tlhoka gore ba itumele, go akaretsa le kgololesego ya mmatota.

ADAME LE EFA BA NE BA NA LE KGOLOLESEGO YA MMATOTA

4. Adame le Efa ba ne ba na le kgololesego efe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

4 Dikgaolo tsa ntlha tse pedi tsa buka ya Genesise di re thusa go bona gore Adame le Efa ba ne ba gololesegile mo dilong tse di tshwenyang batho gompieno. Ba ne ba sa tlhoke sepe, ba sa tshabe sepe e bile go se na ope yo o ba bogisang. Dijo e ne e le ntletsentletse e bile ba sa tshwenyege ka tiro, bolwetse le loso. (Gen. 1:27-29; 2:8, 9, 15) A seno se raya gore Adame le Efa ba ne ba na le kgololesego e e feletseng? Mma re bone.

5. Batho ba tlhoka eng gore ba kgone go solegelwa molemo ke kgololesego e ba nang le yone?

5 Batho ba le bantsi gompieno ba akanya gore kgololesego ya mmatota ke fa ba kgona go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ntle le go tshwenyega ka gore go tla diragala eng. The World Book Encyclopedia e tlhalosa gore kgololesego ke “bokgoni jwa go dira tshwetso le go e diragatsa.” Mo godimo ga moo, gape e tlhalosa jaana: “Go ya ka molao, batho ba na le kgololesego fa fela puso e sa ba beele melao e e sa tlhokegeng le e e gagametseng thata.” Seno se raya gore melao e a tlhokega gore batho ba kgone go solegelwa molemo ke kgololesego e ba nang le yone. Ka jalo, potso ke go re: Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go tlhopha gore ke melao efe e e siameng le e e ka solegelang batho molemo?

6. (a) Ke eng fa Jehofa e le ene fela a nang le kgololesego e e feletseng? (b) Batho ba na le kgololesego efe, mme ka ntlha yang?

6 Re tshwanetse go nna re gopotse gore Jehofa Modimo ke ene fela a nang le kgololesego e e feletseng. Ka ntlha yang? Ka gonne o bopile dilo tsotlhe e bile ke Molaodimogolo wa lobopo. (1 Tim. 1:17; Tshen. 4:11) Akanya ka mafoko a a monate a Kgosi Dafide a ileng a a dirisa fa a ne a tlhalosa maemo a ga Jehofa. (Bala 1 Ditiragalo 29:11, 12.) Go farologana le Jehofa, baengele le batho ba na le kgololesego e e lekanyeditsweng. Ka jalo, ba tshwanetse go itse gore Jehofa Modimo ke ene fela a nang le tshwanelo ya go tlhopha gore ke melao efe e e siameng le e e ka ba solegelang molemo. Tota e bile, Jehofa o ile a beela batho melao go tloga kwa tshimologong.

7. Ke dilo dife tse di tlwaelegileng tse di dirang gore re itumele?

7 Le fa gone Adame le Efa ba ne ba na le kgololesego, Jehofa o ne a ba beetse melao. Mengwe ya melao eo e ne e amana le dilo tse ba di dirang ka tlholego fela. Ka sekai, ba ne ba itse gore ba tshwanetse go hema, go ja le go robala gore ba tswelele ba tshela. A go dira dilo tseno go ne go ba amoga kgololesego? Nnyaa, Jehofa o ne a itse gore go dira dilo tseo tse di tlwaelegileng, go ne go tla ba itumedisa le go dira gore ba kgotsofale. (Pes. 104:14, 15; Mor. 3:12, 13) Rotlhe re itumelela go hema moya o o phepa, go ja dijo tse re di ratang le go ikhutsa. Ga re tseye gore go dira dilo tseno ke mokgweleo. Ga go pelaelo gore Adame le Efa ba ne ba ikutlwa jalo.

8. Modimo o ne a naya Adame le Efa taelo efe, mme ka ntlha yang?

8 Jehofa o ne a laela Adame le Efa gore ba nne le bana le gore ba tlhokomele lefatshe. (Gen. 1:28) A taelo eno e ne e ba amoga kgololesego? Nnyaa. Jehofa o ne a ba neile taelo eno gore ba nne le seabe mo go diragadiweng ga boikaelelo jwa gagwe jwa gore lefatshe e nne paradaise le gore batho ba tshelele ruri mo go lone. (Isa. 45:18) Gompieno fa batho ba tlhopha go sa nyale kgotsa go sa nne le bana, ga ba tlole molao wa Modimo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba a nyala e bile ba nna le bana le fa gone go dira jalo go dira gore ba lebane le dikgwetlho dingwe. (1 Bakor. 7:36-38) Ke eng fa ba dira jalo? Ka gonne dilo tseo di dira gore batho ba itumele e bile ba kgotsofale. (Pes. 127:3) Fa Adame le Efa ba ka bo ba ile ba ikobela molao wa Modimo, ba ka bo ba ile ba itumelela lenyalo le botshelo jwa lelapa ka bosakhutleng.

KGOLOLESEGO YA MMATOTA E A LATLHEGA

9. Ke eng fa taelo ya Modimo e e mo go Genesise 2:17 e ne e siame e bile e tlhokega?

9 Jehofa o ne a naya Adame le Efa taelo e nngwe mme o ne a ba tlhalosetsa gore go tla direga eng fa ba sa ikobele taelo eo. O ne a re: “Fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Gen. 2:17) A taelo eno e ne e sa utlwale kgotsa e ba gatelela? A e ne e ba amoga kgololesego ya bone? Le e seng! Tota e bile, baithuti bangwe ba Baebele ba tlhalosa gore taelo eo e ne e utlwala e bile e le botlhokwa. Ka sekai, mongwe wa bone o ne a re: “Taelo ya Modimo e e mo go [Genesise 2:16, 17] e re ruta gore Modimo ke ene fela a itseng se se siametseng . . . batho le gore ke Modimo fela a itseng se se sa siamelang . . . batho. Ka jalo, batho ba tshwanetse go ikanya Modimo le go mo ikobela gore ba itumele. Fa ba sa mo ikobele, ba tla tshwanelwa ke go itlhophela gore ke eng se se siameng . . . le se se sa siamang.” Batho ba ka se kgone go itirela tshwetso eo.

Tshwetso ya ga Adame le Efa e ne ya baka mathata! (Bona serapa 9-12)

10. Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore kgololesego ya go itlhophela e tshwana le tshwanelo ya go tlhopha gore ke eng se se siameng le se se sa siamang?

10 Batho ba le bantsi gompieno ba akanya gore Jehofa o ne a sa naya Adame kgololesego ya go dira se a se batlang. Seno se bontsha gore ga ba tlhaloganye pharologanyo fa gare ga kgololesego ya go itlhophela le tshwanelo ya go tlhopha gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Adame le Efa ba ne ba na le kgololesego ya go tlhopha gore a ba tla ikobela Modimo kgotsa nnyaa. Le fa go ntse jalo, Jehofa ke ene fela a nang le tshwanelo ya go tlhopha gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. “Setlhare sa kitso ya molemo le bosula” se ne se gopotsa Adame le Efa gore Jehofa ke ene fela a nang le tshwanelo eo. (Gen. 2:9) Boammaaruri ke gore, ga re kgone go itse gore ditshwetso tse re di dirang di tla nna le diphelelo dife, e bile ga re kgone go itse gore a ditshwetso tse re di dirang di tla nna le diphelelo tse di molemo. Ke ka moo gantsi batho ba dirang ditshwetso ba na le maitlhomo a a siameng mme ditshwetso tseo di bo di ba bakela mathata a a seng kana ka sepe. (Dia. 14:12) Seno se bakwa ke gore batho ga ba kgone go dira sengwe le sengwe. Taelo e Jehofa a neng a e naya Adame le Efa e ne e ba ruta gore ba tshwanetse go mo ikobela fa ba batla go nna le kgololesego ya mmatota. Ke eng fa re rialo, mme ba ile ba dira eng?

11, 12. Ke eng fa tshwetso ya ga Adame le Efa e ile ya baka mathata? Tshwantsha.

11 Adame le Efa ga ba a ka ba ikobela Modimo. Satane o ne a raya Efa a re: “Matlho a lona a tla bulega mme lo tla tshwana le Modimo, lo itse molemo le bosula.” Efa o ne a mo reetsa. (Gen. 3:5) A se Adame le Efa ba ileng ba se dira se ile sa dira gore ba nne le kgololesego e e oketsegileng? Nnyaa. Dilo ga di a ka tsa direga jaaka Satane a ne a buile. Tota e bile, ba ile ba bona gore go sa ikobele Modimo le go itirela dilo jaaka ba batla go felela ka mathata. (Gen. 3:16-19) Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa ga a naya batho tshwanelo ya go itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.—Bala Diane 20:24; Jeremia 10:23.

12 Re ka tshwantsha seno le motho yo o kgweetsang sefofane. Gore a fitlhe kwa a yang gone a babalesegile, o tshwanetse go latela tsela e a e neilweng le go dirisa didirisiwa tse di mo sefofaneng tse di mo thusang gore a bone tsela. Gape o tshwanetse go buisana le batho ba ba mo nayang ditaelo tse di tla mo thusang gore a se ka a thula difofane tse dingwe. Le fa go ntse jalo, fa mokgweetsi yoo wa sefofane a sa ikobele ditaelo tseo mme a bo a fofela gongwe le gongwe kwa a batlang go ya gone, seo se ka baka mathata a a seng kana ka sepe. Adame le Efa ba ne ba batla go itirela maratwaepelo. Ba ne ba gana kaelo ya Modimo. Go ne ga nna le diphelelo dife? Masetlapelo fela! Tshwetso ya bone e ile ya dira gore bone le bana ba bone ba nne le boleo mme ba swe. (Bar. 5:12) E re ka ba ne ba batla go itlhophela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang, ba ile ba latlhegelwa ke kgololesego ya mmatota e Jehofa a neng a ba e neile.

RE KA NNA JANG LE KGOLOLESEGO YA MMATOTA?

13, 14. Re ka bona jang kgololesego ya mmatota?

13 Batho ba le bantsi ba akanya gore fa ba ka nna le kgololesego e e feletseng, ba tla itumela. Mme gone, go nna le kgololesego e e sa lekanyediwang go ka re utlwisa botlhoko. Gone ke boammaaruri gore go nna le kgololesego go monate, mme gone, akanya fela gore lefatshe le ka bo le ntse jang fa mongwe le mongwe a ka bo a na le kgololesego ya go dira sengwe le sengwe fela se a se batlang. Ka ntlha ya seo, The World Book Encyclopedia ya re melao ya setšhaba sengwe le sengwe e raraane ka gonne e tshwanetse go sireletsa batho mme gone e sa ba amoge kgololesego. Go dira melao e e ntseng jalo ga go motlhofo. Ke ka moo go nang le melao e mentsintsi jaana e bile go tlhokega babueledi le baatlhodi gore ba e tlhalose le go tlhomamisa gore e a latelwa.

14 Jesu Keresete o ile a tlhalosa gore re ka bona jang kgololesego ya mmatota. O ne a re: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me, ruri lo barutwa ba me, mme lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Joh. 8:31, 32) Jesu o ne a re re tlhoka go dira dilo di le pedi gore re bone kgololesego ya mmatota. Sa ntlha, re tshwanetse go amogela dithuto tsa gagwe, mme sa bobedi, re tshwanetse go nna barutwa ba gagwe. Fa re dira jalo, re tla nna le kgololesego ya mmatota. Re tla gololesega mo go eng? Jesu o ne a re: “Modiri mongwe le mongwe wa boleo ke motlhanka wa boleo. . . . Fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota.”—Joh. 8:34, 36.

15. Ke eng fa re ka re kgololesego e Jesu a re solofetsang yone e tla dira gore re gololesege ka tsela ya mmatota?

15 Kgololesego e Jesu a ileng a e solofetsa balatedi ba gagwe, e feta kgololesego e batho ba eletsang go nna le yone gompieno. Fa Jesu a ne a re: “Fa Morwa a lo golola, lo tla gololesega tota,” o ne a kaya gore re tla gololesega mo bokgobeng jo bogolo jo batho ba leng mo go jone, e leng go nna ‘batlhanka ba boleo.’ Boleo bo dira gore re dire dilo tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, bo re thibela gore re se ka ra tsaya matsapa a go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo. Ka ntlha ya seo, re makgoba a boleo, mme seo se dira gore re ngomoge pelo, re utlwe botlhoko, re boge re bo re feleletse re sule. (Bar. 6:23) Moaposetoloi Paulo o ne a itse gore go botlhoko jang go nna motlhanka wa boleo. (Bala Baroma 7:21-25.) Re tla itumelela kgololesego ya mmatota e Adame le Efa ba neng ba na le yone fa re sa tlhole re na le boleo.

16. Ke eng se se ka dirang gore re gololesege ka tsela ya mmatota?

16 Mafoko a ga Jesu a a reng: “Fa lo nnela ruri mo lefokong la me,” a bontsha gore go na le dilo dingwe tse re tshwanetseng go di dira fa re batla gore a re golole. Fa re ne re nna Bakeresete, re ne ra tlogela go itshelela mme re ne ra simolola go tshela go dumalana le melao e Jesu a e beetseng balatedi ba gagwe. (Math. 16:24) Fela jaaka Jesu a solofeditse, re tla nna le kgololesego ya mmatota mo isagweng fa re amogela masego a setlhabelo sa gagwe.

17. (a) Ke eng se se ka re thusang go bona kgotsofalo le boitumelo jwa mmatota? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Fa re ikobela dithuto tsa ga Jesu le go tswelela re le barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang, seo se tla dira gore re bone boitumelo le kgotsofalo ya mmatota. Fa re dira jalo, re tla gololwa mo bokgobeng jwa boleo le loso mo isagweng. (Bala Baroma 8:1, 2, 20, 21.) Mo setlhogong se se latelang, re tla ithuta gore re ka dirisa jang kgololesego ya rona sentle gore re tlotle Modimo wa kgololesego ya mmatota e bong Jehofa.