Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 15

Etsa Jesu Mme o Tla Nna le Kagiso

Etsa Jesu Mme o Tla Nna le Kagiso

“Kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona.”—BAFIL. 4:7.

PINA 113 Re Tshwanetse go Nna Kagiso

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Ke eng fa Jesu a ne a tshwenyegile?

MO LETSATSING la bofelo la fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a tshwenyegile fela thata. O ne a tlile go bogisiwa le go bolawa ke batho ba ba bosula. Mme gone, Jesu o ne a sa tshwenngwe fela ke gore o tlile go bolawa. O ne a rata Rraagwe e bile a batla go dira dilo tse di mo itumedisang. Jesu o ne a itse gore fa a ka kgona go itshokela teko e a neng a tlile go lebana le yone le go nna a ikanyega mo go Jehofa, o ne a tla tlotlomatsa leina la Gagwe. Gape Jesu o ne a rata batho e bile o ne a itse gore ba ka nna le tsholofelo ya go tshelela ruri fa fela a ka tswelela a ikanyega mo go Jehofa go fitlha a swa.

2 Le fa gone Jesu a ne a lebane le mathata a a ngomolang pelo, o ne a na le kagiso. O ile a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Ke lo naya kagiso ya me.” (Joh. 14:27) O ne a na le “kagiso ya Modimo,” e leng go ritibala mo maikutlong go motho a nnang le gone ka gonne a na le kamano e e molemo le Jehofa. Kagiso eo e ile ya thusa Jesu gore a se ka a tlhobaela.—Bafil. 4:6, 7.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Gone ke boammaaruri gore ga re kitla re tsamaya re lebana le maemo a Jesu a neng a lebane le one, le fa go ntse jalo, balatedi botlhe ba ga Jesu ba tla lebana le mathata. (Math. 16:24, 25; Joh. 15:20) Fela jaaka Jesu, ka dinako tse dingwe go tla nna le dilo tse di dirang gore re tshwenyege. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra tlhobaela thata re bo re feleletsa re se na kagiso? Mma re tlotle ka dilo di le tharo tse Jesu a neng a di dira fa a rera mme re bone gore re ka mo etsa jang fa re lebane le mathata.

JESU O NE A RAPELA

Go rapela go re thusa go nna le kagiso (Bona serapa 4-7)

4. Go ya ka 1 Bathesalonika 5:17, ke eng se se bontshang gore Jesu o ile a rapela gantsi pele a bolawa?

4 Bala 1 Bathesalonika 5:17. Jesu o ile a rapela makgetlo a le mantsi mo letsatsing la gagwe la bofelo fa a le mo lefatsheng. Fa a ne a bontsha barutwa ba gagwe gore ba gopole loso lwa gagwe jang, o ile a rapelela senkgwe le beine. (1 Bakor. 11:23-25) Pele ba tswa kwa lefelong le ba neng ba tshwaretse Tlolaganyo kwa go lone, o ile a rapela le barutwa ba gagwe. (Joh. 17:1-26) Mo bosigong joo, fa ene le barutwa ba gagwe ba ne ba le kwa Gethesemane, o ile a rapela gangwe le gape. (Math. 26:36-39, 42, 44) Mo godimo ga moo, pele a swa, o ile a rapela. (Luke 23:46) Jesu o ne a bolelela Jehofa sengwe le sengwe se se neng se direga mo letsatsing leo.

5. Ke eng fa baaposetoloi ba ile ba palelwa ke go nna pelokgale?

5 Jesu o ile a kgona go itshokela teko e a neng a lebane le yone ka gonne o ne a ikanya Rraagwe e bile a mo kopa gore a mo thuse. Baaposetoloi bone ba ile ba palelwa ke go nna ba rapela go na le moo, ba ile ba robala. Ka ntlha ya seo, ba ile ba palelwa ke go nna pelokgale fa ba ne ba lebane le teko. (Math. 26:40, 41, 43, 45, 56) Fa re lebane le diteko, re ka kgona go tswelela re ikanyega fa fela re etsa Jesu ka go ‘rapela re sa kgaotse.’ Re ka rapelela eng?

6. Go nna le tumelo go tla re thusa jang gore re nne le kagiso?

6 Re ka kopa Jehofa gore a re “neye tumelo e e oketsegileng.” (Luke 17:5; Joh. 14:1) Re tlhoka tumelo ka gonne Satane o a re leka. (Luke 22:31) Go nna le tumelo go tla re thusa jang go tswelela re na le kagiso le fa re tlhagelwa ke mathata nako le nako? Fa re dirile sotlhe se re ka se kgonang go rarabolola mathata a rona, go nna le tumelo go tla dira gore re se ka ra tshwenyega ka gonne re a itse gore Jehofa o tla re thusa ka nako e e tshwanetseng. Re nna le kagiso ya mogopolo ka gonne re dumela gore o kgona go baakanya dilo.—1 Pet. 5:6, 7.

7. Mafoko a ga Robert a go ruta eng?

7 Le fa re ka tswa re lebane le mathata afe, go rapela go re thusa go ritibala. Akanya ka mogolwane mongwe yo o nang le dingwaga di ka nna 80 yo o bidiwang Robert. A re: “Kgakololo e e mo go Bafilipi 4:6, 7 e nthusitse go itshokela mathata a le mantsi. Nako nngwe ke ne ke se na madi, mme fa nako e ntse e ya, ke ne ke sa tlhole ke tshwanelega go nna mogolwane.” Ke eng se se ileng sa mo thusa go tswelela a na le kagiso ya mogopolo? A re: “Nako le nako fa ke simolola go tlhobaela, ke a rapela. Fa ke rapela kgapetsakgapetsa e bile ke rapela go tswa pelong, ke nna le kagiso ya mogopolo.”

JESU O NE A RERA

Go rera go re thusa go nna le kagiso (Bona serapa 8-10)

8. Go ya ka Johane 8:29, ke eng fa Jesu a ne a na le kagiso ya mogopolo?

8 Bala Johane 8:29. Jesu o ne a tswelela a na le kagiso ya mogopolo le fa a ne a bogisiwa ka gonne o ne a itse gore o itumedisa Rraagwe. O ne a tswelela a ikobela Jehofa le fa ka dinako dingwe go dira jalo go ne go se motlhofo. O ne a rata Rraagwe thata e bile go mo direla e ne e le selo sa botlhokwa thata mo go ene. Pele Jesu a tla mo lefatsheng, e ne e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo. (Dia. 8:30) Fa a le mo lefatsheng, o ne a dira ka natla go ruta batho ka Rraagwe. (Math. 6:9; Joh. 5:17) Tiro eno e ne e dira gore a itumele.—Joh. 4:34-36.

9. Ke eng fa go tshwarega mo tirong ya go rera go re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo?

9 Re etsa Jesu fa re ikobela Jehofa e bile ‘ka metlha re na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.’ (1 Bakor. 15:58) Fa re ‘tshwaregile thata’ mo tirong ya go rera, re ka se tlhome mogopolo mo mathateng a rona. (Dit. 18:5) Ka sekai, batho ba re kopanang le bone mo bodireding ba na le mathata a a gaisang a rona. Le fa go ntse jalo, fa ba simolola go ithuta ka Jehofa le go dirisa dilo tse ba di ithutang, matshelo a bone a a fetoga e bile ba simolola go itumela. Fa re bona seno se direga, re tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re tlhokomela mme seo se re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo. Kgaitsadi mongwe yo go neng ga feta dingwaga di le dintsi a na le bothata jwa go ikutlwa e se motho wa sepe le go gatelelwa mo maikutlong, o ile a bona gore seno se boammaaruri. A re: “Fa ke le mo bodireding, ke kgona go laola maikutlo a me e bile ke a itumela. Lebaka ke gore, fa ke le mo bodireding, ke ikutlwa ke atamalane thata le Jehofa.”

10. Mafoko a ga Brenda a go ruta eng?

10 Gape akanya ka kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Brenda. Ene le morwadie ba lwala fela thata. Brenda o tsamaya ka wheelchair mme o nna fela a na le letsapa. Ka dinako tse dingwe, o rera ka ntlo le ntlo mme bontsi jwa nako o rera ka go kwala makwalo. A re: “Fa ke sena go amogela gore ke tlile go fola fela kwa lefatsheng le lesha, ke ne ka kgona go tlhoma mogopolo mo bodireding. Tota e bile, go rera go nthusa gore ke se ka ka akanya ka mathata a me, go na le moo, go dira gore ke akanye thata ka batho ba ke ba rerelang. Mo godimo ga moo, go rera go nthusa gore ke nne ke akantse ka dilo tse di molemo tse Jehofa a re solofetsang tsone.”

JESU O NE A AMOGELA THUSO YA BA BANGWE

Go nna le ditsala tse di molemo go re thusa go nna le kagiso (Bona serapa 11-15)

11-13. (a) Baaposetoloi le batho ba bangwe ba ile ba bontsha jang gore ke ditsala tsa mmatota tsa ga Jesu? (b) Ditsala tsa ga Jesu di ile tsa mo thusa gore a ikutlwe jang?

11 Baaposetoloi ba ile ba bontsha gore ke ditsala tsa mmatota tsa ga Jesu. Ba ile ba bontsha gore mafoko ano a a mo Baebeleng a boammaaruri: “Go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” (Dia. 18:24) Jesu o ne a ba rata thata. Nako nngwe bomorwarraagwe Jesu ba ne ba sa dumele mo go ene. (Joh. 7:3-5) Ba losika lwa gagwe ba ne ba akanya gore o a tsenwa. (Mar. 3:21) Baaposetoloi bone ba ne ba sa akanye jalo. E ne e le ditsala tsa gagwe, ke ka moo a ileng a ba raya jaana pele a bolawa: “Ke lona ba lo ileng lwa ngaparagana le nna mo ditekong tsa me.”—Luke 22:28.

12 Gone ke boammaaruri gore baaposetoloi ba ile ba swabisa Jesu makgetlo a le mmalwa. Le fa go ntse jalo, o ile a itlhokomolosa diphoso tsa bone ka gonne o ne a bona gore ba na le tumelo mo go ene. (Math. 26:40; Mar. 10:13, 14; Joh. 6:66-69) Pele Jesu a bolawa, o ile a raya banna bao ba ba ikanyegang a re: “Ke lo biditse ditsala, ka gonne dilo tsotlhe tse ke di utlwileng mo go Rre ke lo di itsisitse.” (Joh. 15:15) Ga go pelaelo gore ditsala tseno tsa ga Jesu di ne di tlhola di mo kgothatsa. Ba ne ba mo thusa mo tirong ya gagwe, mme seno se ne se mo itumedisa.—Luke 10:17, 21.

13 Jesu o ne a na le ditsala tse dingwe gape, e leng banna le basadi bangwe ba ba neng ba mo thusa mo tirong ya go rera e bile ba mo thusa ka dilo tse dingwe. Bangwe ba ne ba mo laletsa gore a ye go ja le bone. (Luke 10:38-42; Joh. 12:1, 2) Ba bangwe ba ne ba tsamaya le ene e bile ba mo thusa ka dilo tse a neng a di tlhoka. (Luke 8:3) Ditsala tsa ga Jesu di ne di mo thusa ka gonne le ene o ne a ba thusa. O ne a ba direla dilo tse di molemo e bile a sa lebelela gore ba dire dilo tse ba ka se di kgoneng. Le fa gone Jesu a ne a se na boleo, o ne a lebogela thuso ya ditsala tsa gagwe le fa ba ne ba dira diphoso. Ga go pelaelo gore ba ile ba mo thusa gore a tswelele a na le kagiso ya mogopolo.

14-15. Re ka nna jang le ditsala tse di molemo, mme di ka re thusa jang?

14 Ditsala tse di molemo di re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa. Fa re batla go nna le ditsala tse di molemo, re tshwanetse go nna ditsala tse di molemo. (Math. 7:12) Ka sekai, Baebele ya re re tshwanetse go thusa batho ba bangwe, segolobogolo ba ba “tlhokang.” (Baef. 4:28) A go na le mongwe mo phuthegong ya lona yo o ka mo thusang? Gongwe o ka ela mongwe yo o godileng kgotsa yo o lwalang kwa lebenkeleng. Kgotsa o ka apeela lelapa lengwe le le se nang madi a go reka dijo. Fa o itse go dirisa website ya jw.org® le app ya JW Library® o ka ruta ba bangwe go di dirisa. Fa re thusa ba bangwe, re tla itumela.—Dit. 20:35.

15 Ditsala tsa rona di tla re thusa fa re na le mathata e bile di tla re thusa gore re nne le kagiso ya mogopolo. Elihu o ile a reetsa fa Jobe a ne a mmolelela mathata a gagwe. Ka tsela e e tshwanang, ditsala tsa rona di tla re reetsa fa re ba bulela mafatlha. (Jobe 32:4) Gone ga re a tshwanela go lebelela gore ba re direle ditshwetso, mme gone, re tshwanetse go ba reetsa fa ba re gakolola ba dirisa Baebele. (Dia. 15:22) Kgosi Dafide o ile a amogela thuso ya ditsala tsa gagwe. Le rona re tshwanetse go letla ditsala tsa rona gore di re thuse fa re tlhoka sengwe. (2 Sam. 17:27-29) Eleruri, ditsala tse di molemo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa.—Jak. 1:17.

TSWELELA O NA LE KAGISO

16. Go ya ka Bafilipi 4:6, 7, re ka kgona jang go nna le kagiso? Tlhalosa.

16 Bala Bafilipi 4:6, 7Ke eng fa Jehofa a re re ka kgona go nna le kagiso “ka Keresete Jesu”? Ka gonne re ka kgona go nna le kagiso ya mogopolo fa fela re tlhaloganya seabe sa ga Jesu e bile re na le tumelo mo go ene. Ka sekai, Jehofa o itshwarela maleo a rona ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. (1 Joh. 2:12) Go itse seno go a re gomotsa. E re ka Jesu e le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo, o tlile go fedisa pogo yotlhe e e bakilweng ke Satane le batho ba ba bosula. (Isa. 65:17; 1 Joh. 3:8; Tshen. 21:3, 4) Seo se re naya tsholofelo. Le fa gone Jesu a re neile tiro e e seng motlhofo, o na le rona e bile o re ema nokeng mo metlheng eno ya bofelo. (Math. 28:19, 20) Seo se re thusa gore re nne pelokgale. Go gomotsega, go nna le tsholofelo le go nna pelokgale ke gone go re thusang go nna le kagiso ya mogopolo.

17. (a) Mokeresete a ka tswelela jang a na le kagiso ya mogopolo? (b) Go ya ka Johane 16:33, re tla kgona go dira eng?

17 Ka jalo, ke eng se se ka go thusang gore o tswelele o na le kagiso ya mogopolo le fa o lebane le mathata a a boima? Ke go dira dilo tse Jesu a ileng a di dira. Sa ntlha, rapela, mme o se ka wa kgaotsa. Sa bobedi, ikobele Jehofa e bile o rere ka tlhagafalo le fa go dira jalo go ka tswa go se motlhofo. Sa boraro, letla ditsala tsa gago gore di go thuse. Fa o dira jalo, kagiso ya Modimo e tla disa pelo le mogopolo wa gago. Mme o tla kgona go itshokela teko nngwe le nngwe fela jaaka Jesu.—Bala Johane 16:33.

PINA 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya Me

^ ser. 5 Rotlhe re na le mathata, mme mathata ao a ka dira gore re se ka ra nna le kagiso. Setlhogo seno se bua ka dilo tse tharo tse di ileng tsa thusa Jesu go nna le kagiso. Le rona fa re di dira, re tla nna le kagiso le fa re lebane le mathata.