Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 17

Jehofa A ka Go Thusa go Emelana le Satane le Madimona

Jehofa A ka Go Thusa go Emelana le Satane le Madimona

“Re lwa . . . le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.”—BAEF. 6:12.

PINA 55 Se ba Boifeng!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Go ya ka Baefeso 6:10-13, Jehofa o bontsha jang gore o a re rata? Tlhalosa.

JEHOFA o re bontsha gore o a re rata ka gonne o re thusa go emelana le madimona. Satane le madimona ke baba ba rona ba bagolo. Jehofa o re tlhagisa ka bone e bile o re bolelela gore re direng gore re kgone go emelana le bone. (Bala Baefeso 6:10-13.) Fa re letla Jehofa gore a re thuse e bile re ikaega ka ene, re tla kgona go emelana le Diabolo. Re tla ikutlwa fela jaaka moaposetoloi Paulo. O ile a re: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona?”—Bar. 8:31.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Ga re tlhome mogopolo thata mo go Satane le madimona. Go na le moo, selo sa botlhokwa thata mo go rona ke go ithuta ka Jehofa le go mo direla. (Pes. 25:5) Mme gone, re tshwanetse go itse dilo dingwe tse Satane a di dirang. Ka ntlha yang? Gore a se ka a re tsietsa. (2 Bakor. 2:11) Mo setlhogong seno, re tla bua ka sengwe se Satane le madimona ba se dirisang go leka go tsietsa batho. Gape re tla bona gore ke eng se se ka re thusang go emelana le bone.

SATANE LE MADIMONA BA TSIETSA BATHO JANG?

3-4. (a) Bodimona ke eng? (b) Bodimona bo aname go le kana kang?

3 Satane le madimona a gagwe ba dirisa bodimona go leka go tsietsa batho. Batho ba ba dirisang bodimona ba re ba kgona go itse kgotsa go dira dilo dingwe tse batho ba bangwe ba sa kgoneng go di itse le go di dira. Ka sekai, bangwe ba re ba kgona go itse dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang ka go latlha bola kgotsa ka go lebelela dinaledi. Gape ba bangwe ba itira e kete ba kgona go bua le baswi. Ba bangwe bone ba dirisa boloi kgotsa boselamose e bile ba ka nna ba leka go kolopa ba bangwe. *

4 Bodimona bo aname go le kana kang? Dipatlisiso tse di dirilweng kwa dinageng di le 18 kwa Latin America le Caribbean di bontsha gore batho ba le bantsi ba dumela mo boselamoseng le mo boloing e bile ba dumela gore batho ba kgona go bua le meya ya batho ba ba suleng. Dipatlisiso tse di dirilweng mo dinageng di le 18 tsa kwa Afrika le tsone di bontsha gore batho ba le bantsi ba koo ba dumela mo boloing. Le fa re ka tswa re nna kae, re tshwanetse go itshireletsa mo bodimoneng. Gopola gore Satane o batla go tsietsa “lefatshe lotlhe le le nang le banni.”—Tshen. 12:9.

5. Jehofa o ikutlwa jang ka bodimona?

5 Jehofa ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pes. 31:5) Ka jalo, o ikutlwa jang ka bodimona? O bo tlhoile tota! O ne a raya Baiseraele a re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope yo o ralatsang morwawe kgotsa morwadie molelo, ope yo o dirisang boitseanape, yo o dirang maselamose kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe kgotsa moloi, kgotsa yo o dirisang lefoko la maselamose go kolopa ba bangwe kgotsa ope yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa yo o dirang tiro ya go bolelela ditiragalo pele kgotsa ope yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.” (Dute. 18:10-12) Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ga ba tshele ka Molao o Jehofa a neng a o naya Baiseraele. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a fetoga, o sa ntse a tlhoile bodimona.—Mal. 3:6.

6. (a) Satane o dirisa bodimona jang go utlwisa batho botlhoko? (b) Dirisa Moreri 9:5 go tlhalosa boemo jwa baswi.

6 Jehofa o re tlhagisa ka bodimona ka gonne o a itse gore Satane o bo dirisa go utlwisa batho botlhoko. Satane o dirisa bodimona go buelela maaka a gagwe, go akaretsa maaka a gore batho ba ba tlhokafetseng ba a tshela golo gongwe. (Bala Moreri 9:5.) Gape o bo dirisa go tshosa batho le go dira gore ba tlhanogele Jehofa. O batla gore batho ba se ka ba tshepa Jehofa, go na le moo, ba tshepe madimona.

RE KA EMELANA JANG LE SATANE LE MADIMONA?

7. Jehofa o re bolelela eng?

7 Jaaka go tlhalositswe pelenyana, Jehofa o re bolelela se re tlhokang go se dira gore re se ka ra tsiediwa ke Satane le madimona. Mma re bue ka dilo dingwe tse re tshwanetseng go di dira.

8. (a) Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra dumela maaka a ga Satane le madimona a gagwe? (b) Pesalema 146:4 e senola jang maaka a ga Satane ka baswi?

8 Bala Lefoko la Modimo e bile o akanye ka lone. Fa re dira jalo, ga re kitla re dumela maaka a ga Satane le madimona a gagwe. Lefoko la Modimo le kgona go senola maaka a ga Satane. (Baef. 6:17) Ka sekai, la re batho ba ba tlhokafetseng ga ba kgone go bua. (Bala Pesalema 146:4.) Gape la re Jehofa ke ene fela a itseng se se tla diregang mo nakong e e tlang. (Isa. 45:21; 46:10) Fa re bala Baebele ka metlha e bile re akanya ka se re se balang, ga re kitla re dumela maaka a ga Satane e bile re tla a tlhoa.

9. Ke dilo dife tsa bodimona tse re sa tshwanelang go di dira?

9 O se ka wa dira sepe se se amanang le bodimona. Bakeresete ba boammaaruri ga ba nne le seabe mo go sepe se se amanang le bodimona. Ka sekai, ga re kope thuso kwa dingakeng tsa ditaola e bile ga re leke go bua le baswi. Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, ga re nne le seabe mo medirong ya diphitlho e e dirwang ka gonne go dumelwa gore motho yo o tlhokafetseng o a tshela golo gongwe. Mo godimo ga moo, ga re kope thuso mo bathong ba ba reng ba kgona go bona dilo tse di tla diregang mo nakong e e tlang. (Isa. 8:19) Re a itse gore dilo tseno di kotsi e bile di ka feleletsa di dira gore re dirisane ka tlhamalalo le Satane le madimona.

Etsa Bakeresete ba bogologolo ka go latlha dilo tsotlhe tse di amanang le bodimona e bile o se ka wa itlosa bodutu ka dilo tse di amanang le bodimona (Bona serapa 10-12)

10-11. (a) Bakeresete bangwe ba bogologolo ba ile ba dirang fa ba sena go ithuta boammaaruri? (b) Go ya ka 1 Bakorintha 10:21, ke eng fa re tshwanetse go etsa Bakeresete ba bogologolo, mme re ka dira seo jang?

10 Latlha sengwe le sengwe se se amanang le bodimona. Batho bangwe ba ba neng ba nna kwa motseng wa Efeso ba ne ba dirisa bodimona. Fa ba sena go ithuta boammaaruri, ba ile ba dira diphetogo. Baebele ya re: “Ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.” (Dit. 19:19) Ba ne ba ikemiseditse go kgaogana gotlhelele le bodimona. Dibuka tsa bone tsa maselamose di ne di tura. Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba di fa batho ba bangwe kgotsa ba di rekisa, go na le moo, ba ile ba di fisa. Ba ne ba sa tshwenyega ka gore ba a latlhegelwa, go na le moo, ba ne ba batla go itumedisa Jehofa.

11 Re ka etsa jang Bakeresete bao? Motho o tla bo a dira sentle fa a latlha sengwe le sengwe se se amanang le bodimona. Seno se akaretsa dipheko, dibaga le dilo tse dingwe tse batho ba di rwalang kgotsa ba ipofang ka tsone go leka go itshireletsa.—Bala 1 Bakorintha 10:21.

12. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife ka dilo tse re itlosang bodutu ka tsone?

12 Ela tlhoko boitlosobodutu jo o bo tlhophang. Ipotse jaana: ‘A ke bala dibuka, dimakasine kgotsa ditlhogo dingwe mo Internet tse di buang ka boloi? Gotweng ka mmino o ke o reetsang, difilimi le mananeo a thelebishine a ke a lebelelang le metshameko ya dibidio e ke e ratang? A di na le bodimona? A di na le di-vampire, di-zombie kgotsa dilo tse di tsamaisanang le bodimona? A di dira gore go bonale e kete boselamose, boloi kgotsa go kolopa ba bangwe go itshiametse fela?’ Gone ga se gore difilimi tsotlhe tse di buang ka dilo tse batho ba ka se kgoneng go di dira, di amana le bodimona. Fa o tlhopha dilo tse o tla itlosang bodutu ka tsone, tlhopha tse di se nang sepe se Jehofa a se tlhoileng. Re leka ka natla gore re se ka ra ‘direla Modimo tlolomolao epe.’—Dit. 24:16. *

13. Ga re a tshwanela go dira eng?

13 O se ka wa tlotla ka dilo tse madimona a di dirang. Re tshwanetse go etsa sekao sa ga Jesu. (1 Pet. 2:21) Pele a tla mo lefatsheng, o ne a nna kwa legodimong mme o ne a itse dilo di le dintsi tse di dirwang ke Satane le madimona. Mme gone, o ne a sa nnele go bua ka dilo tseo. Jesu o ne a batla go ruta batho ka Jehofa, e seng ka Satane. Re ka etsa Jesu ka go sa nnele go bua ka madimona. Go na le moo, dilo tse re di buang di tshwanetse go bontsha gore dipelo tsa rona di “tsositswe ke kgang e e monate,” e leng boammaaruri.—Pes. 45:1.

Ga re tlhoke go tshaba madimona ka gonne Jehofa, Jesu le baengele ba maatla thata go ba gaisa (Bona serapa 14-15) *

14-15. (a) Ke eng fa re sa tshwanela go boifa Satane le madimona lebaibai? (b) Re itse jang gore Jehofa o sireletsa batho ba gagwe?

14 O se ka wa boifa Satane le madimona lebaibai. Re ka nna ra diragalelwa ke dilo tse di botlhoko. Ka sekai, re ka nna ra tlhagelwa ke kotsi, ra lwala kgotsa ra swa go sa lebelelwa. Mme gone, ga re a tshwanela go akanya gore dilo tseo di bakwa ke madimona. Baebele ya re rotlhe re “diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Mor. 9:11) Jehofa o maatla go gaisa madimona. Ka sekai, Jehofa ga a ka a letla Satane gore a bolaye Jobe. (Jobe 2:6) Ka nako ya ga Moshe, Jehofa o ile a bontsha gore o maatla go feta “baperesiti ba ba dirang maselamose” ba kwa Egepeto. (Ekes. 8:18; 9:11) Moragonyana, Jehofa o ile a naya Jesu maatla mme Jesu o ile a ntsha Satane le madimona kwa legodimong a bo a ba latlhela mo lefatsheng. Mo nakong e e sa fediseng pelo, ba tlile go latlhelwa mo moleteng mme ga ba kitla ba tlhola ba utlwisa ope botlhoko.—Tshen. 12:9; 20:2, 3.

15 Re na le bosupi jwa gore Jehofa o sireletsa batho ba gagwe. Akanya ka seno: Re a rera e bile re ruta batho boammaaruri lefatshe lotlhe. (Math. 28:19, 20) Re thusa batho gore ba itse dilo tse di bosula tse Satane a di dirang. Fa go ka bo go kgonega, Satane o ne a tla emisa tiro ya rona mme ga a kgone. Ka jalo, ga re tlhoke go mmoifa lebaibai. Re a itse gore “matlho a [ga Jehofa] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditir. 16:9) Fa re ikanyega mo go Jehofa, o tla re sireletsa.

JEHOFA O SEGOFATSA BA BA IKANYEGANG MO GO ENE

16-17. Ke eng fa re ka re go emelana le madimona go tlhoka bopelokgale? Naya sekai.

16 Ga go motlhofo go emelana le madimona, segolobogolo fa ditsala kgotsa ba losika ba leka go re pateletsa go dira dilo dingwe tse di amanang le bodimona. Mme gone, fa re emela boammaaruri re le pelokgale, Jehofa o tla re segofatsa. Akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe wa kwa Ghana e bong Erica. O ne a simolola go ithuta Baebele fa a na le dingwaga di le 21. Rraagwe e ne e le moruti yo o dirisang boselamose, ka jalo, fa a direla badimo ba gagwe setlhabelo, o ne a batla gore Erica a je nama ya setlhabelo seo. Erica o ile a gana mme ba lelapa la gagwe ba ile ba re o rogaka badimo. Ba ne ba dumela gore badimo ba tlile go dira gore ba lwale kgotsa ba tsenwe.

17 Ba lelapa la ga Erica ba ne ba leka go mo pateletsa gore a tlole molao wa Modimo mme o ile a gana, ka jalo, ba ile ba mo leleka. Basupi bangwe ba ile ba mo kopa gore a nne le bone. Jehofa o ile a segofatsa Erica ka lelapa le lesha la bakaulengwe le bokgaitsadi. (Mar. 10:29, 30) Le fa gone ba lelapa la gagwe ba ile ba mo leleka ba bo ba fisa dilo tsa gagwe, o ile a tswelela a ikanyega mo go Jehofa a bo a kolobediwa. Gone jaanong ke mmulatsela wa ka metlha. Ga a tshabe madimona. Erica a re: “Letsatsi le letsatsi ke rapela gore ba kwa lapeng ba itse Jehofa e bile ba ikutlwele melemo ya go mo direla.”

18. Jehofa o re segofatsa jang fa re mo tshepa?

18 Gone ke boammaaruri gore ga se gore rotlhe re tlile go lebana le diteko tse di ntseng jaana. Mme gone, rotlhe re tshwanetse go emelana le Satane le madimona a gagwe e bile re tshwanetse go tshepa Jehofa. Fa re dira jalo, Satane ga a kitla a re tsietsa e bile Jehofa o tla re segofatsa. Gape ga re kitla re tshaba madimona lebaibai. Mme sa botlhokwa le go feta, re tla atamalana thata le Jehofa. Morutwa Jakobe o ne a re: “Ipeyeng mo taolong ya Modimo; ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba. Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jak. 4:7, 8.

PINA 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

^ ser. 5 Jehofa o re tlhagisa ka madimona le gore a kotsi go le kana kang. Madimona a leka jang go tsietsa batho? Re ka emelana le one jang? Setlhogo seno se tlhalosa kafa Jehofa a re thusang ka gone gore re se ka ra tsiediwa ke madimona.

^ ser. 3 TLHALOSO: Bodimona bo kaya ditiro kgotsa ditumelo tse di tlhotlhelediwang ke madimona. Bo akaretsa tumelo ya gore fa motho a swa, moya wa gagwe o tswelela o tshela le gore moya oo o kgona go bua le batho ba ba tshelang. Gape bo akaretsa boloi le go latlha bola. Mo setlhogong seno, fa go buiwa ka boselamose, go buiwa ka ditiro tse di dirwang ka maatla a a fetang a tlholego. Gape bo akaretsa go hutsa le go kolopa ba bangwe. Ga bo kaye dilo tse batho ba di dirang fa ba tshameka ka ditlhaloganyo tsa batho e le go ba tlosa bodutu jaaka se se dirwang kwa diserekising kgotsa mo metshamekong mengwe e e tshwanang le eo.

^ ser. 12 Bagolwane ga ba a tshwanela go tlhoma melao ya gore Bakeresete ba tshwanetse go itlosa bodutu jang. Go na le moo, Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go dirisa segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele fa a tlhopha dilo tse a di balang, tse a di lebelelang le gore o tla tshameka eng. Ditlhogo tsa malapa di tshwanetse go tlhomamisa gore malapa a bone a dirisa melaometheo ya Baebele fa ba tlhopha boitlosobodutu.—Bona setlhogo se se mo jw.org® se se reng “A lo Iletsa Difilimi, Dibuka Kgotsa Dipina Tse di Rileng?” Leba KA GA RONA > DIPOTSO TSE GANTSI DI BODIWANG.

^ ser. 54 SETSWANTSHO: Setshwantsho se se bontshang Jesu a eteletse baengele kwa pele e le Kgosi e e nang le maatla.