Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 14

A o Direla Jehofa ka Botlalo?

A o Direla Jehofa ka Botlalo?

“Dira tiro ya moefangele, wetsa bodiredi jwa gago ka botlalo.”—2 TIM. 4:5.

PINA 57 Go Rerela Batho ba Mefuta Yotlhe

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

Fa Jesu a sena go tsosiwa, o ile a kopana le barutwa ba gagwe a bo a ba laela gore ba ’tsamaye mme ba dire barutwa’ (Bona serapa 1)

1. Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba batla go dira eng, mme ka ntlha yang? (Bona setshwantsho sa khabara.)

JESU KERESETE o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba ‘tsamaye mme ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.’ (Math. 28:19) Batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba batla go ithuta gore ba ka “wetsa” jang tiro eno ka botlalo. (2 Tim. 4:5) Tota e bile, tiro eno e botlhokwa e bile e potlakile thata go gaisa ditiro tse dingwe tsotlhe. Re eletsa go dirisa nako e ntsi mo bodireding, le fa go ntse jalo, ga go motlhofo.

2. Baboledi bangwe ba lebana le mathata afe?

2 Go na le ditiro tse dingwe tsa botlhokwa tse re tlhokang go di dira. Re ka tswa re bereka diura di le dintsi gore re kgone go tlhokomela ba malapa a rona. Gongwe go thata gore re diragatse maikarabelo a re nang le one mo lelapeng, re a lwala, re gateletswe mo maikutlong kgotsa re utlwaletswe ke ditlhabi tsa botsofe. Re ka direla Jehofa jang ka botlalo le fa gone re na le mathata?

3. Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 13:23 a bontsha eng?

3 Fa e le gore maemo a rona ga a re letle go dirisa nako e ntsi mo tirelong ya ga Jehofa, ga re a tshwanela go kgobega marapo. Jesu o ne a itse gore ga re ka ke ra kgona go dira dilo ka tsela e e tshwanang. (Bala Mathaio 13:23.) Jehofa o itumelela sengwe le sengwe se re se dirang mo tirelong ya gagwe, fa fela re dira ka natla. (Baheb. 6:10-12) Mme gone, re ka nna ra bo re akanya gore maemo a rona a ka re letla gore re dire mo go oketsegileng. Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka dira jang gore bodiredi e nne selo sa botlhokwa thata mo matshelong a rona, gore re ka tshela jang botshelo jo bo motlhofo le gore re ka tokafatsa jang tsela e re rerang le e re rutang ka yone. Mma re simolole ka go araba potso eno: Go direla Jehofa ka botlalo go kaya eng?

4. Go direla Jehofa ka botlalo go kaya eng?

4 Go direla Jehofa ka botlalo go kaya go dira ka natla mo tirong ya go rera le go ruta. Mme gone, ga go reye fela nako e re e dirisang. Lebaka la go bo re rera le lone le botlhokwa mo go Jehofa. E re ka re rata Jehofa le baagelani, re dira ka natla mo tirong ya gagwe. * (Mar. 12:30, 31; Bakol. 3:23) Go dira ka natla go kaya go dirisa maatla a rona mo tirong ya ga Jehofa go ya ka se re se kgonang mme re dira jalo re itumetse. Fa re lemoga gore tiro ya go rera ke tshiamelo, re leka ka natla go bolelela batho ba le bantsi dikgang tse di molemo.

5-6. Motho yo o sa kgoneng go fetsa nako e ntsi mo tirong ya go rera a ka dira jang gore tiro eo e tle pele mo botshelong jwa gagwe? Naya sekai.

5 Akanya ka lekawana lengwe le le batlang go nna morutabana. O rata tiro eno fela thata. Moragonyana, o bona tiro ya go ruta ka nakwana, mme a bereka malatsi a mabedi fela mo bekeng. Le fa go ntse jalo, o amogela madi a mannye. Ka jalo, o bona tiro e nngwe ya go bereka mo lebenkeleng la dijo malatsi a le matlhano. Le fa a fetsa nako e ntsi a bereka kwa lebenkeleng, o rata go ruta. O eletsa go tokafatsa tsela e a rutang ka yone gore letsatsi lengwe e nne morutabana. Le fa gone jaanong a ruta malatsi a le mabedi fela mo bekeng, o itumelela tiro eno fela thata.

6 Ka tsela e e tshwanang, o ka tswa o rata tiro ya go rera mme gone o sa kgone go fetsa nako e ntsi mo go yone. O leka ka natla go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go rera le go ruta gore o fitlhelele batho dipelo. Ka ntlha ya go bo o na le maikarabelo a mantsi, o ka tswa o ipotsa gore o ka kgona jang go dira gore go rera go tle pele mo botshelong jwa gago.

DIRA GORE BODIREDI BO NNE BOTLHOKWA

7-8. Re ka etsa Jesu jang?

7 Jesu o re tlhometse sekao se se molemo. Selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe e ne e le go bua ka Bogosi Jwa Modimo. (Joh. 4:34, 35) O ne a tsamaya sekgala se seleele gore a kgone go rerela batho ba le bantsi. O ne a bua le batho kwa malapeng a bone kgotsa gongwe le gongwe fela kwa a neng a kopana le bone teng. Jesu o ne a baya tiro ya go rera kwa pele mo botshelong jwa gagwe.

8 Re etsa Jesu fa re dirisa tshono nngwe le nngwe go bua le batho ka dikgang tse di molemo. Re ikemiseditse go tlogela dilo tse re di ratang gore re kgone go rera. (Mar. 6:31-34; 1 Pet. 2:21) Bangwe mo phuthegong ba kgona go direla e le babulatsela ba ba kgethegileng, ba ka metlha kgotsa ba ba thusang. Ba bangwe ba ile ba ithuta puo e nngwe kgotsa ba ile ba fudugela kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Le fa go ntse jalo, tiro e ntsi ya go rera e dirwa ke baboledi ba ba sa kgoneng go tsenela ditirelo tseno mme gone ba dira ka natla go ya ka se ba se kgonang. Le fa re ka tswa re fetsa nako e ntsi mo bodireding kgotsa re sa kgone, le ka motlha Jehofa ga a re kope go dira dilo tse re ka se di kgoneng. O batla gore rotlhe re itumelele go mo direla fa re ntse re rera “dikgang tse di molemo tse di galalelang tsa Modimo yo o itumetseng.”—1 Tim. 1:11; Dute. 30:11.

9. (a) Paulo o ile a dira jang gore go rera go tle pele le fa gone a ne a tshwanelwa ke go dira tiro ya boitshediso? (b) Go ya ka Ditiro 28:16, 30, 31, Paulo o ne a ikutlwa jang ka tiro ya go rera?

9 Moaposetoloi Paulo le ene o re tlhometse sekao se se molemo ka gonne tiro ya go rera e ne e le botlhokwa thata mo go ene. Fa a ne a etetse kwa Korintha, o ne a se na madi mme o ne a tshwanelwa ke go bereka ka nakwana a dira ditente. Mme gone, tiro eno e ne e se botlhokwa thata mo go Paulo. O ne a e dira fela gore a kgone go rerela batho ba kwa Korintha dikgang tse di molemo “kwantle ga tuelo.” (2 Bakor. 11:7) Le fa gone Paulo a ile a tshwanelwa ke go bereka, tiro ya go rera e ne e tla pele mo botshelong jwa gagwe mme o ne a rera ka Sabata mongwe le mongwe. Fa a sena go nna le madi a a lekaneng, o ne a nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera. O ne a “tshwarega thata ka lefoko, a neela bosupi mo Bajudeng go rurifatsa gore Jesu ke Keresete.” (Dit. 18:3-5; 2 Bakor. 11:9) Moragonyana fa a ne a tshwerwe kwa Roma dingwaga tse pedi, o ne a rerela batho ba ba neng ba mo etela e bile a kwala makwalo. (Bala Ditiro 28:16, 30, 31.) Paulo o ne a sa letle sepe se mo kgoreletsa mo tirong ya go rera. O ne a re: “Ke gone ka moo re sa ineeleng, e re ka re na le bodiredi jono.” (2 Bakor. 4:1) Fela jaaka Paulo, le fa re ka tswa re tshwanelwa ke go dirisa nako e ntsi mo tirong ya boitshediso, re sa ntse re ka dira gore tiro ya go rera e tle pele mo botshelong jwa rona.

Re ka direla Jehofa ka ditsela tse di farologaneng (Bona serapa 10-11)

10-11. O ka kgona jang go direla Jehofa ka botlalo le fa o lwala?

10 Fa re sa kgone go rera ka ntlo le ntlo ka ntlha ya bogodi kgotsa re lwala, re sa ntse re ka kgona go rerela batho ka ditsela tse dingwe. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba rerela batho gongwe le gongwe. Ba ne ba rera ka ntlo le ntlo le kwa batho ba bantsi ba fetang gone. (Dit. 17:17; 20:20) Fa e le gore ga o kgone go tsamaya nako e e telele, o ka nna wa dula kwa lefelong la batho botlhe o bo o rerela batho ba ba fetang. Gape o ka bua le batho ka Baebele fa o se mo bodireding, wa kwala makwalo kgotsa o ka rera ka founu. Bontsi jwa baboledi ba ba sa kgoneng go rera ka ntlo le ntlo ba itumelela mefuta eno ya go rera.

11 O ka kgona go direla Jehofa ka botlalo le fa o ka tswa o lwala. Akanya gape ka moaposetoloi Paulo. O ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.” (Bafil. 4:13) Paulo o ne a tlhoka maatla ao fa a ne a lwala nako nngwe fa a le mo loetong la borongwa. O ile a raya Bagalatia a re: “E ne e le ka pobolo ya nama ya me ke neng ka lo bolelela dikgang tse di molemo lekgetlo la ntlha.” (Bagal. 4:13) Le wena fa o lwala, o ka kgona go rerela dingaka, baoki le batho ba ba go tlhokometseng. Gantsi batho bano ba a bo ba le kwa tirong fa baboledi ba ba etela kwa malapeng a bone.

TLHOFOFATSA BOTSHELO JWA GAGO

12. Go nna le leitlho le le sa ‘raraanang’ go kaya eng?

12 Jesu o ne a re: “Lobone lwa mmele ke leitlho. Ka jalo, fa leitlho la gago le sa raraana, mmele otlhe wa gago o tla tlala lesedi.” (Math. 6:22) O ne a raya jang? O ne a raya gore re tshwanetse go tlhofofatsa botshelo jwa rona kgotsa re tlhome mogopolo mo mokgeleng o le mongwe re sa letle sepe go re itaya tsebe. Jesu o re tlhometse sekao mo ntlheng eno ka gonne o ne a tlhomile mogopolo mo tirong ya go rera e bile o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba tlhome mogopolo mo tirong ya ga Jehofa le mo Bogosing jwa Gagwe. Re etsa Jesu ka go dira gore tiro ya go rera e nne yone e tlang pele mo botshelong, re “[batla] pele bogosi le tshiamo ya [Modimo].”—Math. 6:33.

13. Ke eng se se ka re thusang go tlhoma mogopolo mo tirong ya go rera?

13 Tsela nngwe e re ka tlhofofatsang botshelo jwa rona ka yone ke ka go fokotsa nako e re e dirisang mo dilong tse di seng botlhokwa gore re kgone go thusa batho go itse Jehofa. * Ka sekai, a re ka fokotsa nako e re e dirisang kwa tirong ya boitshediso gore re kgone go e dirisa mo bodireding? A re ka fokotsa nako e re e dirisang re itlosa bodutu?

14. Banyalani bangwe ba ile ba dira diphetogo dife gore ba kgone go nna le nako e e oketsegileng mo bodireding?

14 Seno ke se mogolwane mongwe yo o bidiwang Elias le mosadi wa gagwe ba ileng ba se dira. A re: “Re ne re sa kgone go nna babulatsela ka yone nako eo, mme re ne re ka kgona go dira sengwe gore re kgone go dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding. Ka jalo re ne ra dira diphetogo dingwe. Ka sekai, re ne ra simolola go dirisa madi sentle, ra fokotsa nako e re e dirisang mo boitlosobodutung re bo re kopa bathapi ba rona go re fokoletsa nako e re e berekang. Seo se ne sa re thusa gore re kgone go rera maitseboa, go nna le dithuto tsa Baebele tse di oketsegileng le go ya tshimong mo gare ga beke gabedi mo kgweding. Re ne re itumetse tota!”

O KA TOKAFATSA JANG BOKGONI JWA GAGO JWA GO RERA LE GO RUTA?

Fa re dirisa se re se ithutang mo dipokanong tsa mo gare ga beke, re tla tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang ka yone (Bona serapa 15-16) *

15-16. Go ya ka 1 Timotheo 4:13, 15, re ka tokafatsa jang bokgoni jwa rona mo bodireding? (Bona lebokoso le le reng “ Mekgele e e Tla Nthusang go Direla Jehofa ka Botlalo.”)

15 Sengwe gape se se ka re thusang go direla Jehofa ka botlalo ke go tokafatsa tsela e re rerang le e re rutang ka yone. Batho ba ba dirang ditiro dingwe ba nna ba thapisiwa gangwe le gape gore ba kgone go tokafatsa bokgoni jwa bone. Go ntse jalo le ka batho ba ba rerang dikgang tse di molemo. Re tshwanetse go tswelela re ithuta gore re kgone go tokafatsa tsela e re rerang ka yone.—Dia. 1:5; bala 1 Timotheo 4:13, 15.

16 Mme gone, re ka tokafatsa jang tsela e re rerang le e re rutang ka yone? Ka go reetsa ka tlhoafalo kaelo e re e newang mo Pokanong ya Botshelo le Bodiredi. Pokano eno e re thusa go tokafatsa bokgoni jwa rona mo bodireding. Ka sekai, fa modulasetulo a gakolola baboledi ba ba neng ba na le dikabelo, re ka ithuta sengwe se se ka re thusang. Re ka dirisa kgakololo eo mo bodireding. Re ka kopa molebedi wa setlhopha sa rona sa tshimo gore a re thuse kgotsa a bereke le rona mo bodireding. Gape re ka bereka le mmoledi yo o nang le maitemogelo, mmulatsela kgotsa molebedi wa potologo. Fa bokgoni jwa rona jwa go dirisa dithulusu tse di mo Lebokosong la go Ruta bo tokafala, re tla itumelela go rera le go ruta.

17. Fa o direla Jehofa ka botlalo go tla direga eng?

17 Tota ke tshiamelo gore Jehofa o re letla gore re nne “badirimmogo” le ene. (1 Bakor. 3:9) Fa o “[tlhomamisa] dilo tse di botlhokwa thata” e bile o tlhoma mogopolo mo bodireding, o tla “[direla] Jehofa ka go ipela.” (Bafil. 1:10; Pes. 100:2) Itse gore Jehofa o tla go naya maatla gore o kgone go mo direla ka botlalo le fa go ka tswa go se motlhofo. (2 Bakor. 4:1, 7; 6:4) Le fa o ka tswa o dirisa nako e ntsi mo bodireding kgotsa o sa kgone, fa o dira bojotlhe, o tla ‘nna le lebaka la go itumela.’ (Bagal. 6:4) Fa o direla Jehofa ka botlalo, o tla bo o bontsha gore o a mo rata le gore o rata batho. “Ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.”—1 Tim. 4:16.

PINA 58 Go Senka Ditsala Tsa Kagiso

^ ser. 5 Jesu o re laetse gore re rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi le gore re dire barutwa. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore re ka direla Jehofa jang ka botlalo le fa gone go se motlhofo. Gape re tla ithuta gore re ka dira eng gore re tokafatse tsela e re rerang ka yone le gore re ka itumelela jang tiro eno.

^ ser. 4 TLHALOSO: Tiro e re e direlang Jehofa e akaretsa mefuta e e farologaneng ya go rera le go ruta, go aga le go tlhokomela mafelo a rona a kobamelo le tiro ya namolo.—2 Bakor. 5:18, 19; 8:4.

^ ser. 13 Go bona dilo di le supa tse di ka go thusang, bona lebokoso le le reng “Kafa o ka Tlhofofatsang Botshelo Jwa Gago ka Gone” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 2016, ts. 10.

^ ser. 62 DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o dira pontsho ya loeto la go boela kwa dipokanong tsa mo gare ga beke. Moragonyana fa modulasetulo a ntsha kgakololo, o kwala dintlha mo boroutšhareng jwa gagwe jwa Go Bala le go Ruta. Fa a le mo bodireding ka mafelobeke o dirisa kgakololo eo.