Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 16

Reetsa Mme o Bontshe Kutlwelobotlhoko

Reetsa Mme o Bontshe Kutlwelobotlhoko

“Tlogelang go atlhola ka ponalo ya kafa ntle, mme atlholang ka katlholo e e siameng.”—JOH. 7:24.

PINA 101 Go Dirisana Mmogo ka Kutlwano

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Baebele e re ruta eng ka Jehofa?

A O NE o ka itumela fa batho ba ne ba ka go atlhola ka tsela e o lebegang ka yone kgotsa ka lotso lwa gago? Nnyaa. Ruri go a itumedisa go itse gore Jehofa ga a re atlhole go ya ka tsela e re lebegang ka yone. Ka sekai, fa Samuele a ne a bona bomorwa Jese, ga a ka a bona se Jehofa a neng a se bona. Jehofa o ne a boleletse Samuele gore mongwe wa bomorwa Jese o tla nna kgosi ya Iseraele. Mme e ne e le ofe wa bone yo o neng a tla nna kgosi? Fa Samuele a ne a bona morwa Jese yo mogolo e bong Eliabe o ne a re: ‘Ruri yono ke motlodiwa wa ga Jehofa.’ Eliabe o ne a bopegile sentle, ka jalo, Samuele o ne a akanya gore ke e ene a tla nnang kgosi. “Mme Jehofa a raya Samuele a re: ‘O se ka wa leba ponalo ya gagwe le boleele jwa gagwe, gonne ke mo ganne.’” Seno se re ruta eng? Jehofa o ne a re: “Motho fela o bona se se bonalang mo matlhong; mme Jehofa ene, o bona se pelo e leng sone.”—1 Sam. 16:1, 6, 7.

2. Johane 7:24 ya re ga re a tshwanela go atlhola ba bangwe go ya ka se re se bonang. Ka ntlha ya eng? Tshwantsha.

2 E re ka re na le boleo, re na le mokgwa wa go atlhola batho go ya ka se re se bonang. (Bala Johane 7:24.) Ka sekai, le fa ngaka e ka nna botlhale kgotsa ya nna le maitemogelo jang, ga e ka ke ya itse gore motho o tshwerwe ke eng ka go mo lebelela fela. Gore a kgone go lemoga gore motho o tshwerwe ke eng, o tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko fa motho yoo a mo tlhalosetsa gore o ikutlwa jang le gore o kile a tshwarwa ke malwetse afe. Gongwe e bile a ka nna a mo tsenya mo teng ga X-ray gore a bone gore o tshwerwe ke eng. Seno se tla mo thusa go lemoga gore motho yoo o tshwerwe ke eng mme o tla kgona go mo naya melemo le dipilisi tse di tla mo thusang. Ka tsela e e tshwanang, ga re ka ke ra kgona go itse gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ke batho ba ba ntseng jang ka go ba lebelela fela. Re tshwanetse go ipha nako go ba itse gore re kgone go tlhaloganya gore ke batho ba ba ntseng jang. Ga re kgone go bona se se mo pelong ya motho, ka jalo, re ka se kgone go itse motho jaaka Jehofa a mo itse. Mme gone, re ka leka go etsa Jehofa. Jang?

3. Dipego tsa Baebele tse re tla tlotlang ka tsone mo setlhogong seno di tla re thusa jang go etsa Jehofa?

3 Jehofa o tshwara jang batlhanka ba gagwe? O a ba reetsa, o akanyetsa maemo a bone le dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong. Gape o ba bontsha kutlwelobotlhoko. Re tla bona gore Jehofa o ile a dira seo jang fa a ne a dirisana le Jona, Elija, Hagare le Lote. Gape re tla ithuta gore rona re ka mo etsa jang fa re dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi.

REETSA KA KELOTLHOKO

4. Ke eng fa re ka akanya gore Jona o ne a sa ikanyege?

4 Go ka nna motlhofo gore re akanye gore Jona o ne a sa ikanyege ka gonne ga re itse dintlha tsotlhe ka maemo a gagwe. Jehofa o ile a laela Jona gore a ye go rerela Baninife molaetsa wa katlholo. Jona ga a ka a ikobela Jehofa, go na le moo, o ne a palama sekepe se se yang kwa Tareshishe gore “a tswe fa pele ga ga Jehofa.” (Jona 1:1-3) A wena o ne o ka naya Jona tshono e nngwe gape ya gore a ikobele Jehofa? Gongwe o ne o ka se dire jalo. Mme Jehofa ene o ne a mo naya tshono e nngwe.—Jona 3:1, 2.

5. Mafoko a ga Jona a a mo go Jona 2:1, 2, le 9 a re ruta eng ka ene?

5 Thapelo ya ga Jona e re thusa go bona gore e ne e le motho yo o ntseng jang. (Bala Jona 2:1, 2, 9.) Ga go pelaelo gore Jona o ile a rapela makgetlho a le mantsi. Mme thapelo e a ileng a e rapela fa a ne a le mo teng ga tlhapi e re thusa go itse gore e ne e le motho yo o ntseng jang. Se a ileng a se bua se re thusa go lemoga gore o ne a le boikokobetso, a lebogela dilo tse Jehofa a mo diretseng tsone le gore o ne a ikemiseditse go mo ikobela. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a mo itshwarela. Gape o ile a araba thapelo ya gagwe a bo mo letla gore a tswelele e le moporofeti.

Go tlhaloganya maemo a ba bangwe go tla re thusa gore re ba akanyetse (Bona serapa 6) *

6. Goreng re tshwanetse go reetsa ba bangwe ka kelotlhoko?

6 Fa re le boikokobetso e bile re le pelotelele re tla kgona go reetsa ba bangwe ka kelotlhoko. Re tshwanetse go dira jalo ka ntlha ya mabaka a le mararo. Sa ntlha, fa re reetsa motho ka kelotlhoko, ga re kitla re akanya dilo tse di sa siamang ka ene. Sa bobedi, re tla kgona go itse gore o ikutlwa jang le gore ke eng fa a dira dilo dingwe tse di rileng mme seo se tla re thusa gore re mo utlwele botlhoko. Sa boraro, fa re mo reetsa ka kelotlhoko, re ka nna ra kgona go mo thusa go lemoga gore o ikutlwa jang. Ka dinako dingwe motho ga a tlhaloganye gore o ikutlwa jang go fitlha a leka go tlhalosetsa motho yo mongwe tsela e a ikutlwang ka yone. (Dia. 20:5) Mogolwane mongwe wa kwa Asia a re: “Nako nngwe ke ne ka dira phoso ya go bua ke sa utlwa dintlha ka botlalo. Ke ne ka bolelela kgaitsadi mongwe gore o tlhoka go tokafatsa tsela e a arabelang ka yone kwa dipokanong. Moragonyana ke ne ka lemoga gore kgaitsadi yoo ga a kgone go bala sentle le gore go mo tlhoka bopelokgale gore a arabele kwa dipokanong.” Go botlhokwa tota gore mogolwane a utlwe kgang pele a ntsha kgakololo.—Dia. 18:13.

7. O ithuta eng mo tseleng e Jehofa a ileng a dirisana le Elija ka yone?

7 Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ga go motlhofo gore ba tlhalose tsela e ba ikutlwang ka yone ka ntlha ya dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong kgotsa ka ntlha ya botho jwa bone. Re ka ba thusa jang gore ba ikutlwe ba gololesegile go bua le rona? A o gopola gore Jehofa o ile a dirang fa Elija a ne a sia a tshaba Jesebele? Go ne ga feta malatsi a le mmalwa Elija a sa kgone go bolelela Jehofa gore o ikutlwa jang. Mme e rile a tlhalosa gore o ikutlwa jang, Jehofa o ile a mo reetsa ka kelotlhoko. Go tswa foo, o ile a mo kgothatsa a bo a mo naya tiro nngwe ya botlhokwa. (1 Dikg. 19:1-18) Go ka tsaya nako gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba re tshepe le go re bolelela gore ba ikutlwa jang. Mme fa re le pelotelele jaaka Jehofa, ba tla feleletsa ba re boleletse gore ba ikutlwa jang. Fa ba re bolelela gore ba ikutlwa jang, re tshwanetse go ba reetsa ka kelotlhoko.

LEKA GO BA ITSE BOTOKA

8. Go ya ka Genesise 16:7-13, Jehofa o ile a thusa Hagare jang?

8 Lelata la ga Sarai e bong Hagare ga a ka a itshwara sentle fa a sena go nna mosadi wa ga Aborame. Fa Hagare a sena go ima, o ne a simolola go nyatsa Sarai ka gonne o ne a se na bana. Maemo a ne a nna maswe thata jaana mo e leng gore Sarai o ne a feleletsa a mo kobile. (Gen. 16:4-6) Re ka nna ra akanya gore Hagare o ne a le lenyatso e bile Sarai o ne a mo dirile sentle. Mme gone, Jehofa ene o ne a sa akanye jalo. O ne a romela moengele kwa go ene. Moengele yoo o ne a thusa Hagare go baakanya tsela e a neng a akanya ka yone a bo a mmolelela gore Jehofa o tla ntsifatsa losika lwa gagwe. Hagare o ne a lemoga gore Jehofa o a mmona e bile o bona sengwe le sengwe se se mo diragalelang. O ne a itumetse thata jaana mo a ne a re Jehofa ke ‘Modimo wa pono, . . . ene yo a mmonang.’—Bala Genesise 16:7-13.

9. Ke eng fa Jehofa a ile a utlwela Hagare botlhoko?

9 Jehofa o ne a bona eng mo go Hagare? O ne a itse dilo tsotlhe tse di ileng tsa mo diragalela mo botshelong. (Dia. 15:3) Hagare e ne e le Moegepeto mme o ne a nna le Bahebera. Ka jalo, gongwe ka dinako dingwe o ne a ikutlwa e kete ke letlhaodi kgotsa ka dinako tse dingwe o ne a gopola gae. E ne e se ene fela mosadi wa ga Aberame. Mo nakong e e fetileng, batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba ne ba nyetse basadi ba babedi kgotsa go feta. Mme gone, kwa tshimologong, boikaelelo jwa Modimo e ne e se gore motho a nne le basadi ba bantsi. (Math. 19:4-6) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo mo malapeng ao go ne go se na kagiso. Ga se gore Jehofa o ne a dumalana le se Hagare a ileng a se dira, mme gone, o ne a itse gore o ne a ikutlwa jang. Ka jalo, o ile a mo utlwela botlhoko.

Iphe nako go itse bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 10-12) *

10. Ke eng se se ka re thusang gore re itse bakaulengwe le bokgaitsadi botoka?

10 Re ka etsa Jehofa jang? Re tshwanetse go leka go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona botoka. Tlotla le bone kwa dipokanong, bereka le bone mo bodireding, mme fa go kgonega, ba laletse kwa lelapeng la gago. Fa o dira jalo, gongwe o tla lemoga gore kgaitsadi yo o ntseng o akanya gore ga a rate batho, tota o ditlhong. Kgotsa o tla lemoga gore mokaulengwe yo o nang le madi yo o neng o akanya gore o rata dikhumo, tota o rata go thusa batho. Gape o ka nna wa lemoga gore lelapa le le nnang fela le tsena thari kwa dipokanong, le itshoketse go bogisiwa. (Math. 7:1) Gone ga re a tshwanela go ‘itsenyatsenya mo mererong ya batho ba bangwe.’ (1 Tim. 5:13) Mme gone, re tshwanetse go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona le dilo tse di ba diragaletseng mo botshelong. Fa re dira jalo, re tla kgona go tlhaloganya gore ke eng fa ba itshwara ka tsela e e rileng.

11. Ke eng fa bagolwane ba tshwanetse go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo diphuthegong tsa bone?

11 Bagolwane ba tshwanetse go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo phuthegong ya bone sentle. Akanya ka se se ileng sa dirwa ke mokaulengwe Artur yo e neng e le molebedi wa potologo. Ene le mogolwane mongwe ba ne ba etela kgaitsadi yo o ditlhong. Artur a re: “Kgaitsadi yoo o ne a re bolelela gore monna wa gagwe o ile a tlhokafala dingwaga di le mmalwa fela fa ba sena go nyalana. Le fa go ne go le thata, o ile a kgona go godisa bomorwadie ba babedi a bo a ba thusa gore ba rate Jehofa. O ne a sa tlhole a bona sentle e bile a na le bolwetse jwa go gatelelwa thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, o ne a rata Jehofa e bile a na le tumelo e e nonofileng. Re ne ra lemoga gore re ka ithuta go le gontsi tota mo go ene.” (Bafil. 2:3) Molebedi yono wa potologo o ne a etsa Jehofa. Jehofa o itse batlhanka ba gagwe e bile o itse mathata otlhe a ba lebaneng le one. (Ekes. 3:7) Fa bagolwane ba itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba mo phuthegong ya bone, ba tla kgona go ba thusa.

12. Yip Yee o thusitswe ke eng gore a itse kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya bone?

12 Fa e le gore go na le mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe yo o go serang, ke eng o sa iphe nako ya go mo itse botoka? Go dira jalo gongwe go ka go thusa gore o tlhaloganye gore ke eng fa a itshwara ka tsela e e rileng. Akanya ka se se ileng sa diragalela Yip Yee wa kwa Asia. A re: “Kgaitsadi mongwe mo phuthegong ya rona o ne a buela kwa godimo tota. Ke ne ke tsaya gore ga a na maitseo. Letsatsi lengwe ke ne ka bereka le ene mo bodireding. O ile a ntlotlela gore o ne a tlhola a ya go thusa batsadi ba gagwe go rekisa tlhapi kwa marekisetsong. O ne tshwanelwa ke go buela kwa godimo gore batho ba ba batlang tlhapi ba mo utlwe. Ke ne ka simolola go lemoga gore fa ke batla go tlhaloganya gore ke eng fa batho ba dira dilo dingwe tse di rileng, ke tshwanetse go ipha nako ya go ba itse.” Re tlhoka go tsaya matsapa gore re kgone go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Mme fa re dirisa kgakololo e e mo Baebeleng ya gore re rate ba bangwe, re tla bo re etsa Jehofa, yo o ratang “batho ba mefuta yotlhe.”—1 Tim. 2:3, 4; 2 Bakor. 6:11-13.

NNA KUTLWELOBOTLHOKO

13. Go ya ka Genesise 19:15, 16, baengele ba ile ba dira eng fa Lote a nnela go diega, mme ka ntlha yang?

13 Nako nngwe Lote o ile a tsaya nako gore a ikobele ditaelo tsa ga Jehofa. Baengele ba ile ba mo laela gore a tswe mo motseng wa Sodoma. Ka ntlha yang? Ba ne ba re: “Re senya lefelo leno.” (Gen. 19:12, 13) Mo letsatsing le le latelang, Lote le ba lelapa la gagwe ba ne ba ise ba tsamae. Ka jalo, baengele ba ne ba mo kopa gape gore a tswe mo motseng. Le fa go ntse jalo, Lote o ne a ‘nnela go diega.’ Re ka nna ra akanya gore Lote o ne a sa batle go ikobela Jehofa. Mme Jehofa ga a ka mo tlhoboga. Baebele ya re baengele ba ne ba ntshetsa Lote le ba lelapa la gagwe kwa ntle ga motse “ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa.”—Bala Genesise 19:15, 16.

14. Ke eng fa Jehofa a ile a utlwela Lote botlhoko?

14 Jehofa a ka tswa a ile a utlwela Lote botlhoko ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Gongwe Lote o ne a diega go tsamaya ka gonne o ne a tshaba batho ba motse. Mme ga se gone gotlhe. A ka tswa a ile a utlwalela ka dikgosi tse pedi tse di ileng tsa wela mo khuting e e nang le bitumena kwa mokgatsheng o o neng o le gaufi le motse wa Sodoma. (Gen. 14:8-12) E re ka a ne a na le mosadi le bana, a ka tswa a ne a tshwenyegile ka bone. Mo godimo ga moo, Lote o ne a humile, ka jalo, a ka tswa a ne a na le ntlo e ntle tota. (Gen. 13:5, 6) Le fa lebaka e ka tswa e ne e le lefe, boammaaruri ke gore Lote o ne a tshwanetse go tswa mo motseng ka bonako fela jaaka Jehofa a ne a mo laetse. Mme gone, Jehofa ga a ka a tlhoma mogopolo mo phosong ya ga Lote, go na le moo, o ne a re ke “monna yo o siameng.”—2 Pet. 2:7, 8.

Fa re reetsa ba bangwe, re tla kgona go ba bontsha kutlwelobotlhoko (Bona serapa 15-16) *

15. Go na le go atlhola batho ba bangwe ka ntlha ya tsela e ba itshwarang ka yone, re tshwanetse go dira eng?

15 Go na le go atlhola motho go ya ka tsela e a itshwarang ka yone, leka go tlhaloganya gore a ka tswa a ikutlwa jang. Kgaitsadi mongwe wa kwa Yuropa yo o bidiwang Veronica o ile a dira jalo. A re: “Kgaitsadi mongwe mo phuthegong o ne a nna fela a sa itumela. O ne a rata go itlhaola mo bathong. Tota e bile ka dinako tse dingwe ke ne ke tshaba go bua le ene. Mme fa ke akanya sentle ka kgang eo, ke ile ka lemoga gore fa nkabo ke le mo maemong a gagwe, ke ne ke tla tlhoka tsala. Ka jalo, ke ne ka ya go bua le ene. O ne a mpolelela gore o ikutlwa jang. Gone jaanong ke mo itse botoka.”

16. Ke eng fa re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse go utlwela ba bangwe botlhoko?

16 Jehofa ke ene fela a re itseng ka botlalo. (1 Joh. 3:20) Ka jalo, mo kope gore a go thuse go leba batho ba bangwe jaaka a ba leba le gore a go thuse gore o ba utlwele botlhoko. Go rapela go ile ga thusa kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Anzhela gore a utlwele ba bangwe botlhoko. Kgaitsadi mongwe mo phuthegong o ne simolola go sa dirisane sentle le batho ba bangwe. Anzhela a re: “Go ne go ka nna motlhofo gore ke tswe fela mo go ene. Mme ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse gore ke tlhaloganye gore ke eng fa a ne a itshwara jalo.” A Jehofa o ne a araba Anzhela? A re: “Re ne ra ya bodireding go tswa foo re bo re fetsa nako e ntsi re tlotla. Ke ne ka mo reetsa ka kelotlhoko. Gone jaanong ke mo rata tota e bile ke ikemiseditse go mo thusa.”

17. Re tshwanetse go dira eng?

17 Re tshwanetse go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi botlhe kutlwelobotlhoko. Fela jaaka Jona, Elija, Harage le Lote bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba lebana le mathata. Ka dinako tse dingwe ke mathata a ba ipaketseng one. Boammaaruri ke gore le rona re a tle re ipakele mathata. Ke gone ka moo Jehofa a reng re utlwelane botlhoko. (1 Pet. 3:8) Ka jalo, re tshwanetse go reetsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re tshwanetse go ba ithuta e bile re tshwanetse go ba utlwela botlhoko.

PINA 87 Tlang! Lo Lapolosiwe

^ ser. 5 E re ka re na le boleo, go motlhofo gore re atlhole batho ba bangwe go ya ka se re se bonang. Mme Jehofa ene o bona se “pelo e leng sone.” (1 Sam. 16:7) Mo setlhogong seno, re tla bona gore Jehofa o ne a thusa jang Jona, Elija, Hagare le Lote. Gape re tla bona gore re ka etsa Jehofa jang fa re dirisana le bakaulengwe le bokgaitsadi.

^ ser. 52 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Mokaulengwe yo o godileng o a kgopisega fa a bona mokaulengwe yo mosha a tsena thari kwa dipokanong. Moragonyana o lemoga gore koloi ya gagwe e ne e thudi lwe.

^ ser. 54 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kwa tshimologong molebedi wa setlho pha sa tshimo o akanya gore kgaitsadi mongwe ga a rate batho. Moragonyana o ile a lemoga gore tota kgaitsadi yoo o ditlhong e bile ga a kgone go phuthologa fa a na le batho ba a sa ba itseng.

^ ser. 56 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o kopana le mongwe kwa Holong ya Bogosi mme o akanya gore motho yoo ga a rate batho. Moragonyana fa a sena go mo itse botoka, o lemoga gore ga go a nna jalo.