Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 18

‘Taboga Lobelo go ya Bofelong’

‘Taboga Lobelo go ya Bofelong’

“Ke tabogile lobelo go ya bofelong.”—2 TIM. 4:7.

PINA 129 Re Tla Tswelela re itshoka

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Rotlhe re tshwanetse go dira eng?

A O KA itumelela go taboga mo lobelong lo lo loleele e bile o lapile kgotsa o lwala? Le e seng! Moaposetoloi Paulo o ile a re Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba mo lobelong. (Baheb. 12:1) Mme rotlhe, re ka tswa re godile kgotsa re le basha, re nonofile kgotsa re le bokoa, re tshwanetse go itshoka go fitlha kwa bokhutlong gore re kgone go gapa sekgele se Jehofa a re beetseng sone.—Math. 24:13.

2. Go ya ka Timotheo 4:7 le 8, ke eng fa Paulo a ile a kgona go gakolola Bakeresete gore ba tswelele ba itshokile?

2 Paulo o ile a kgona go gakolola Bakeresete gore ba tswelele ba itshokile ka gonne o ile a kgona go “[taboga] lobelo go ya bofelong.” (Bala 2 Timotheo 4:7, 8.) Mme gone, lobelo lo Paulo a neng a bua ka lone ke eng?

RE MO LOBELONG LOFE?

3. Lobelo lo Paulo a neng a bua ka lone ke eng?

3 Ka dinako tse dingwe, Paulo o ne a dira dikai ka metshameko e e neng e tshamekiwa kwa Gerika wa bogologolo go ruta dithuto tsa botlhokwa. (1 Bakor. 9:25-27; 2 Tim. 2:5) Ka makgetlo a le mmalwa, o ile a tshwantsha go nna Mokeresete le go tsena mo lobelong. (1 Bakor. 9:24; Bagal. 2:2; Bafil. 2:16) Motho o tsena mo lobelong lono lwa botshelo fa a ineela mo go Jehofa a bo a kolobediwa. (1 Pet. 3:21) Mme o wetsa fa Jehofa a mo naya botshelo jo bo sa khutleng.—Math. 25:31-34, 46; 2 Tim. 4:8.

4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Go nna Mokeresete go tshwana jang le go taboga mo lobelong lo loleele? Fela jaaka batabogi, Bakeresete ba tshwanetse go ikobela melao e e rileng, ba tshwanetse go tlhoma mogopolo mo mokgeleng e bile ba tshwanetse go tswelela ba itshokile le fa ba kopana le mathata. Mma re tlotle ka dintlha tseno tse tharo.

IKOBELE MELAO

Rotlhe re tshwanetse go tsamaya mo tseleng e e siameng (Bona serapa 5-7) *

5. Re tshwanetse go tshela jang mme ka ntlha yang?

5 Fa motho a batla go taboga mo lobelong lo lo rileng, o tshwanetse go ikobela melao e e beilweng ke batho ba ba rulagantseng lobelo loo. Ka tsela e e tshwanang, fa re batla go bona botshelo jo bo sa khutleng, re tshwanetse go ikobela melao ya ga Jehofa. (Dit. 20:24; 1 Pet. 2:21) Le fa go ntse jalo, Satane le batho ba lefatshe leno ga ba batle re ikobela Jehofa, go na le moo, ba batla gore re tswelele re “siana le bone.” (1 Pet. 4:4) Ba a re sotla ka gonne re tshela ka melao ya ga Jehofa. Mo godimo ga moo, ba re tsela e ba tshelang ka yone e monate e bile ba na le kgololesego. Mme seo ke maaka a matala!—2 Pet. 2:19.

6. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Brian?

6 Batho ba ba sa ikobeleng melao ya ga Jehofa ba feleletsa ba lemogile gore go tshela ka tsela eo ga go dire gore ba nne le kgololesego. Go na le moo, tsela e ba tshelang ka yone e dira gore ba nne makgoba a ga Satane le a dikeletso tsa bone. (Bar. 6:16) Akanya ka ka se se ileng sa diragalela Brian. Batsadi ba gagwe ba ne ba mo rutile go tshela ka melao ya Modimo. Mme fa a tsena mo dingwageng tsa bolesome, o ne a simolola go belaela gore a mme go tshela ka melao ya Modimo go ka dira gore a itumele. O ne a simolola go nna le ditsala tse di neng di sa ikobele Jehofa. A re: “Ke ne ke sa lemoge gore kgololesego e ke neng ke e batla e ne e tla dira gore ke nne lekgoba la diokobatsi. . . . Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka dirisa diokobatsi le go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. Mo dingwageng di le mmalwa tse di latelang, ke ne ka lekeletsa diokobatsi tse di tshwakgolang thata mme ka nna lekgoba la bontsi jwa diokobatsi tseo. . . . ke ne ka simolola go rekisa diokobatsi gore ke nne le madi a go duelela botshelo jo ke bo tshelang.” Mme gone, morago ga nako, Brian o ne a fetoga a bo a simolola go tshela ka melao ya Modimo. O ne a kolobediwa ka 2001. Gone jaanong o itumetse. *

7. Go ya ka Mathaio 7:13 le 14, go na le ditsela dife tse pedi?

7 Go botlhokwa fela thata gore re tsamaye mo tseleng e e siameng. Satane o batla gore re tlogele go tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng e e “isang botshelong.” Go na le moo, o batla gore re tsamaye mo tseleng e e bulegileng e batho ba le bantsi ba lefatshe leno ba tsamayang mo go yone. Batho ba le bantsi ba rata tsela eno e bile go motlhofo go tsamaya mo go yone. Le fa go ntse jalo, e ‘isa tshenyegong.’ (Bala Mathaio 7:13, 14.) Fa re batla gore re tswelele re le mo tseleng e e siameng e bile re sa itewe tsebe ke sepe, re tshwanetse go tshepa Jehofa e bile re tshwanetse go mo ikobela.

NNA O TLHOMILE MOGOPOLO FA O LE MO LOBELONG

Re tshwanetse go nna re tlhomile mogopolo mme re se ka ra kgopisa ba bangwe (Bona serapa 8-12) *

8. Fa motho yo o tabogang a ka wa, o tshwanetse go dira eng?

8 Fa motho a taboga, o tshwanetse go nna a lebile kwa pele gore a se ka a wa. Mme gone, a ka nna a kgopiwa ke mongwe yo o tabogang gaufi le ene kgotsa a ka nna a kgopiwa ke sengwe fela mo tseleng. Fa a ka wa, o a ema a bo a tswelela a taboga. Ga a nnele go akanya ka selo se se mo kgopileng. Go na le moo, o nna a akantse ka go wetsa lobelo le go gapa sekgele.

9. Re tshwanetse go dira eng fa re ka kgopiwa?

9 Mo lobelong lwa rona lwa botshelo, re ka nna ra kgopiwa makgetlo a le mantsi. Re ka nna ra bua kgotsa ra dira dilo tse di sa siamang. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba bangwe ba ka nna ba re utlwisa botlhoko. Ga re a tshwanela go gakgamala fa seno se direga. Rotlhe re na le boleo e bile re tsamaya mo tseleng e e pitlaganeng. Ka jalo, re tla nna re ntse re kgopana. Paulo o ile a re ka dinako dingwe re tla dira gore ba bangwe ba nne “le lebaka la go ngongorega.” (Bakol. 3:13) Mme gone, ga re a tshwanela go nna re akantse ka dilo tse di re kgopileng, go na le moo, re tshwanetse go nna re akantse ka go gapa sekgele. Fa re ka wa, re tshwanetse go ema re bo re tswelela mo lobelong lwa botshelo. Fa re sa eme, ga re kitla re kgona go wetsa lobelo le go gapa sekgele. Mo godimo ga moo, re ka nna ra thibela ba bangwe go wetsa lobelo lwa bone le go gapa sekgele.

10. Re ka dirang gore re se ka ra kgopa ba bangwe?

10 Gape re ka tila go kgopisa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ka go ba letla gore ba dire dilo tse ba di batlang fa go kgonega, go na le go ba pateletsa gore ba dire se rona re se batlang. (Bar. 14:13, 19-21; 1 Bakor. 8:9, 13) Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore ga re tshwane le batho ba ba tabogang mo lobelong lwa mmatota ka gonne ba a gaisana e bile mongwe le mongwe wa bone o batla gore e nne ene a fenyang. Ba nna ba akantse fela ka se se ka ba thusang gore ba fenye. Ka jalo, ba ka nna ba leka go kgorometsa ba bangwe. Rona ga re gaisane. (Bagal. 5:26; 6:4) Boikaelelo jwa rona ke gore re thuse batho ba le bantsi gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, re leka ka natla go dirisa kgakololo ya ga Paulo ya gore re se ka ra “kgatlhegela dilo tse di amang [rona] fela, mme gape [re] kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafil. 2:4.

11. Fa motho a taboga o tshwanetse go nna a akantse ka eng mme ka ntlha yang?

11 Fa motho a taboga, o tshwanetse go nna a lebile kwa pele. Gape o tshwanetse go nna a akantse ka mola wa phenyo. Le fa gone a sa kgone go bona mola oo, a ka nna a leka go ipona a setse a weditse lobelo e bile a amogela sekgele. Seno se tla mo thusa gore a tswelele a taboga.

12. Jehofa o re solofetsa eng?

12 Jehofa o re solofetsa gore fa re ka wetsa lobelo lwa botshelo ka boikanyegi, re tla tshelela ruri, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng la paradaise. Baebele e a tlhalosa gore Jehofa o tlile go re direla eng, mme seo se re thusa gore re kgone go ipona re tshela botshelo joo jo bo monate. Fa re nna re akantse ka dilo tse Jehofa a tlileng go re direla tsone, re tla nna re itshokile.

TSWELELA O LE MO LOBELONG LE FA GO LE THATA

Re tshwanetse go nna re itshokile mo lobelong lwa botshelo le fa re lebana le mathata (Bona serapa 13-20) *

13. Re farologane jang le batho ba ba tabogang mo lobelong lwa mmatota?

13 Batabogi ba kwa Gerika ba ne ba tshwanela ke go itshokela dilo tse di jaaka ditlhabi le letsapa. Ba ne ba ikaegile ka maatla a bone fela le thapiso e ba neng ba e neilwe. Re tshwana le bone ka gonne le rona re a thapisiwa gore re ka tswelela jang re itshokile mo lobelong lwa botshelo. Mme gape ga re tshwane le bone ka gonne rona re ikaegile ka maatla a a tswang kwa go Jehofa. Fa re ikaega ka Jehofa, o re solofetsa gore o tla re thapisa e bile o tla re nonotsha.—1 Pet. 5:10.

14. 2 Bakorintha 12:9 le 10 e ka re thusa jang go itshokela mathata?

14 Paulo o ile a lebana le mathata a le mantsi. O ne a bogisiwa e bile a tlhapadiwa. Mo godimo ga moo, ka dinako tse dingwe o ne a ikutlwa a le bokoa ka gonne o ne a na le “mutlwa mo nameng” (2 Bakor. 12:7) Mme gone, ga a ka letla gore dilo tseo di mo kgaoganya le Jehofa, go na le moo, o ne a di dirisa e le tshono ya go bontsha gore o tshepa Jehofa. (Bala 2 Bakorintha 12:9, 10.) Ka ntlha ya seo, Jehofa o ile a mo thusa go itshokela mathata otlhe a a ileng a lebana le one.

15. Fa re etsa sekao sa ga Paulo Jehofa o tla re thusa jang?

15 Le rona re ka nna ra bogisiwa kgotsa ra tlhapadiwa ka ntlha ya se re se dumelang. Gongwe re ka nna ra lwala kgotsa ra nna le letsapa le le tseneletseng. Fa re sa letle dilo tseo di re kgoba marapo fela jaaka Paulo, Jehofa o tla re tshegetsa.

16. O ka kgona go dira eng le fa o ka tswa o godile kgotsa o lwala?

16 A o a lwala kgotsa o golafetse? A ga o bone sentle kgotsa o na le bothata jwa mangole? Fa go le jalo, a o sa ntse o ka kgona go direla Jehofa le batho ba basha le ba ba itekanetseng sentle mo mmeleng? Ee o ka kgona! Bakeresete ba le bantsi ba ba tsofetseng le ba ba lwalang ba sa ntse ba le mo lobelong lwa botshelo. Ba ka se kgone go dira seno ka maatla a bone fela. Ka jalo, ba ikaega ka maatla a a tswang kwa go Jehofa. Fa ba sa kgone go ya dipokanong, ba direlwa thulaganyo ya gore ba reetse dipokano ka founu kgotsa ba lebelele tse di rekotilweng. Ba nna le seabe mo tirong ya go dira barutwa ka gonne ba rerela dingaka, baoki le ba masika.

17. Jehofa o ikutlwa jang ka batlhanka ba gagwe ba ba lwalang?

17 Fa o sa kgone go direla Jehofa jaaka o batla, o se ka wa kgobega marapo e bile o se ka wa akanya gore o ka se kgone go itshoka go fitlha kwa bokhutlong. Jehofa o a go rata ka gonne o na le tumelo mo go ene e bile ga a kitla a lebala dilo tse o mo diretseng tsone mo dingwageng tse di fetileng. O tlhoka thuso ya gagwe mme ga a kitla a go latlha. (Pes. 9:10) Go na le moo, o tla atamalana thata le wena. Akanya ka se kgaitsadi mongwe yo o lwalang a ileng a se bua. A re: “Fa ke ntse ke nna bokoa le go feta, ga ke tlhole ke kgona go rerela batho ba le bantsi. Mme gone, ke a itse gore Jehofa o itumelela maitekonyana a ke a dirang mme seo se dira gore le nna ke itumele.” Fa o kgobegile marapo, o se ka wa lebala gore ga o nosi. Akanya ka sekao sa ga Paulo mme o nne o gopotse mafoko ano a gagwe a a kgothatsang: “Ke itumedisiwa ke makoa, . . . gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.”—2 Bakor. 12:10.

18. Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba lebane le maemo afe a a thata?

18 Batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba lebane le kgwetlho e nngwe. Ba na le mathata a batho ba bangwe ba sa kgoneng go a bona. Ka sekai, ba na le bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa jwa go tlhobaela thata. Ke eng fa kgwetlho eno e le boima thata? Fa motho a robegile letsogo kgotsa a tsamaya ka wheelchair, ba bangwe ba a mmona mme ba ka mo thusa. Mme batho ba ba nang le bothata jwa go tshwenyega mo maikutlong bone ba ka bonala ba itshiametse fela e bile ga ba bontshe gore ba a lwala. Ba utlwa botlhoko fela jaaka motho yo o robegileng leoto kgotsa letsogo. Mme gone e re ka batho ba sa kgone go lemoga mathata a bone, ba ka nna ba ba itlhokomolosa.

19. Re ithuta eng mo go Mefiboshethe?

19 Fa e le gore o a lwala mme o ikutlwa e kete batho ba bangwe ga ba go tseye sentle, o ka kgothadiwa ke sekao sa ga Mefiboshethe. (2 Sam. 4:4) O ne a golafetse, mme nako nngwe Kgosi Dafide ga a ka mo tshwara sentle. Mefiboshethe o ne a sa dira sepe se se phoso. Le fa gone Dafide a ne a sa mo tshware sentle, ga a ka a mo galefela, go na le moo, o ne a tswelela a lebogela dilo tsotlhe tse Dafide a neng a mo diretse tsone mo nakong e e fetileng. (2 Sam. 9:6-10) O ne a leka go bona gore tota ke eng se se neng se dira gore Dafide a se ka a mo tshwara sentle. Ga a ka a boloka sekgopi e bile ga a ka a pega Jehofa molato ka ntlha ya se se neng se mo diragalela. Go na le moo, o ne a tswelela a dira sotlhe se a ka se kgonang go tshegetsa Dafide e re ka e ne e le kgosi e e tlhomilweng ke Jehofa. (2 Sam. 16:1-4; 19:24-30) Jehofa o ile a dira gore pego ya ga Mefiboshethe e kwalwe mo Baebeleng gore e kgone go re tswela mosola.—Bar. 15:4.

20. Go tlhobaela thata go dira gore batho bangwe ba ikutlwe jang, mme ba ka tlhomamisega ka eng?

20 Bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe ba na le bothata jwa go tlhobaela thata, ka jalo, ga ba kgone go phuthologa fa ba na le batho ba bangwe. Le fa gone ba ikutlwa ba sa phuthologa mo gare ga batho ba bantsi, ba tswelela ba ya dipokanong e bile ba ya dikopanong tse di nnye le tse dikgolo. Ga go motlhofo gore ba bue le batho ba ba sa ba itseng, mme gone, ba tswelela ba ya bodireding. Fa e le gore o lebane le maemo a a ntseng jalo, itse gore ga o nosi. Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi le bone ba lebane le bothata jono. Tlhomamisega gore Jehofa o itumelela dilo tsotlhe tse o mo direlang tsone. E re ka o sa ineele, seno se bontsha gore Jehofa o a go segofatsa e bile o go naya maatla.  * (Bafil. 4:6, 7; 1 Pet. 5:7) Fa e le gore o direla Jehofa le fa gone o lwala kgotsa o na le bothata jwa go tshwenyega mo maikutlong, itse gore Jehofa o go rata fela thata.

21. Jehofa o tla re thusa go dira eng?

21 Se se itumedisang ke gore lobelo lwa botshelo lo Paulo a neng a bua ka lone ga lo tshwane le lobelo lwa mmatota. Mo lobelong lwa mmatota, sekgele se gapiwa ke motho a le mongwe fela. Mo lobelong lwa botshelo, botlhe ba ba itshokang go ya bokhutlong ba bona botshelo jo bo sa khutleng. (Joh. 3:16) Gape batho ba ba tabogang mo lobelong lwa mmatota ba tshwanetse gore ba bo ba itekanetse sentle mo mmeleng gore ba kgone go fenya. Kafa letlhakoreng le lengwe, le fa bontsi jwa rona re lwala, re tswelela re itshokile mo lobelong lwa botshelo. (2 Bakor. 4:16) Jehofa o tla re thusa go wetsa lobelo lono!

PINA 144 Leba Kwa Mokgeleng!

^ ser. 5 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba a lwala mme ba bangwe ba tsofetse. Mme ka dinako tse dingwe, rotlhe re na le go lapa. Ka jalo, kgang ya go tsaya karolo mo lobelong e ka lebega e le thata. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se se tla re thusang go tswelela re le mo lobelong lwa botshelo go fitlha kwa bokhutlong.

^ ser. 6 Bona setlhogo se se reng “Baebele e Fetola Matshelo a Batho” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa January 1, 2013.

^ ser. 20 Go bona dikakantsho tsa gore o ka lepalepana jang le go tlhobaela thata mmogo le maitemogelo a bangwe ba ba kgonang go lepalepana le bothata jono, lebelela thulaganyo ya May 2019 mo jw.org®. Leba DIKGATISO > JW BROADCASTING®.

^ ser. 63 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Go nna le seabe mo bodireding go thusa mokaulengwe yo o godileng gore a tswelele a itshokile mo lobelong lwa botshelo.

^ ser. 65 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ga re a tshwanela go kgopisa ba bangwe ka go nwa thata kgotsa ka go ba pateletsa gore ba nwe thata.

^ ser. 67 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Le fa mokaulengwe a le kwa bookelong, o rerela ba bangwe.