Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 14

Tlhaselo e e Tswang Kwa Bokone!

Tlhaselo e e Tswang Kwa Bokone!

‘Setšhaba sengwe se tlile mo lefatsheng la me.’—JOELE 1:6.

PINA 95 Lesedi le Phatsimela Pele

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba dirisa mokgwa ofe go ithuta Baebele mme ke eng fa mokgwa oo o ne o atlegile?

DINGWAGA di feta 100 tse di fetileng, Mokaulengwe C. T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola go kopana mmogo gore ba ithute Baebele. Ba ne ba batla go itse gore Baebele e ruta eng ka Jehofa Modimo, Jesu Keresete, baswi le thekololo. Tsela e ba neng ba ithuta ka yone e ne e le motlhofo. Mongwe o ne a botsa potso, ba bo ba sekaseka ditemana tsotlhe tse di buang ka kgang eo. Go tswa foo, ba bo ba kwala dilo tse ba di ithutileng. Jehofa o ne a thusa banna bao gore ba ithute dithuto di le dintsi tsa botlhokwa tse di mo Baebeleng. Mme dithuto tseo di sa ntse di le botlhokwa le mo go rona gompieno.

2. Ke eng se se ka dirang gore re tlhaloganye boporofeti jwa Baebele ka tsela e e seng yone?

2 Banna bao ba ile ba lemoga gore go motlhofo go tlhaloganya dithuto tsa motheo, mme gone ga go motlhofo jalo go tlhaloganya boporofeti. Goreng go ntse jalo? Lebaka lengwe ke gore go le gantsi, boporofeti re kgona go bo tlhaloganya sentle fa bo diragadiwa kgotsa fa bo setse bo diragaditswe. Lebaka le lengwe ke gore fa re batla go tlhaloganya boporofeti sentle, re tshwanetse gore re bo sekaseke jotlhe. Fa re tlhoma mogopolo fela mo karolong e e rileng ya boporofeti re bo re itlhokomolosa dikarolo tse dingwe, seo se ka dira gore re bo tlhaloganye ka tsela e e seng yone. Go bonala re ile ra dira jalo ka boporofeti jo bo mo bukeng ya ga Joele. Mma re sekaseke boporofeti joo mme re bone gore ke eng fa re tshwanetse go fetola tsela e re bo tlhaloganyang ka yone.

3-4. Re ntse re tlhaloganya boporofeti jo bo mo go Joele 2:7-9 jang?

3 Bala Joele 2:7-9. Mo boporofeting jono, Joele o bolelela pele gore lesogodi la tsie le tla tlhasela lefatshe la Iseraele. O tlhalosa gore tsie eo e na le ditlhaa le meno a a tshwanang le a ditau le gore e tla ja dimela tsotlhe tse di mo Iseraele. (Joele 1:4, 6) Go fetile dingwaga di le dintsi re akanya gore boporofeti jono bo bolelela pele ka tiro ya go rera e batho ba ga Jehofa ba neng ba tla e dira. Re ne re tsaya gore fela jaaka tsie e ja dimela tsotlhe fela tse e kopanang le tsone, tiro ya go rera e ne e tla senola dithuto tsotlhe tsa bodumedi jwa maaka. *

4 Fa re bala Joele 2:7-9 fela, tsela e re neng re tlhaloganya boporofeti joo ka yone e a utlwala. Mme fa re sekaseka boporofeti joo jotlhe, go a bonala gore re tshwanetse go fetola tsela e re bo tlhaloganyang ka yone. Mma re tlotle ka mabaka a le mane a go bo re tshwanetse go dira jalo.

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO FETOLA TSELA E RE BO TLHALOGANYANG KA YONE?

5-6. Go tsoga potso efe fa re bala (a) Joele 2:20? (b) Joele 2:25?

5 Sa ntlha, Jehofa o ile bua jaana ka tsie: ‘Motho wa bokone [tsie] ke tla mmaya kgakala ke mo ntsha mo go lona.’ (Joele 2:20) Fa e le gore tsie e emela batho ba ga Jehofa ba ba ikobelang taelo ya ga Jesu ya gore ba rere e bile ba dire batho barutwa, ke eng fa Jehofa a re o tla ba baya kgakala kgotsa o tla ba leleka? (Esek. 33:7-9; Math. 28:19, 20) Jehofa ga a kitla a leleka batho ba gagwe ba ba ikanyegang, go na le moo, o tla leleka sengwe kgotsa mongwe yo o sa tshwareng batho ba gagwe sentle.

6 Sa bobedi, akanya ka se se kwadilweng mo go Joele 2:25. Mo temaneng eno, Jehofa a re: “Ke tla lo duelela dingwaga tse tsie, le tsie e e gagabang e e se nang diphuka, le lefele le mogokong di neng tsa ja ka tsone, mophato wa me o mogolo wa sesole o ke o rometseng mo go lona.” Jehofa a re o tla “duelela” tshenyo e e bakilweng ke tsie. Fa e le gore tsie e emela batho ba ga Jehofa ba ba rerang ka Bogosi, seno se ne se ka kaya gore molaetsa o ba o rerang o bogisa batho. Mme gone ga go a nna jalo ka gonne molaetsa o ba o rerang o ka boloka matshelo a batho e bile o ka kgona go thusa batho ba ba bosula gore ba fetoge. (Esek. 33:8, 19) Molaetsa wa bone o thusa batho.

7. Mafoko a a reng “morago ga moo” a a mo go Joele 2:28 le 29 a re thusa go tlhaloganya eng?

7 Bala Joele 2:28, 29. Sa boraro, akanya ka tatelano ya ditiragalo tse di mo boporofeting jono. A o lemogile gore Jehofa a re: ‘Morago ga moo ke tla tshololela moya wa me’? Seno se raya gore Jehofa o tla tsholola moya wa gagwe fa tsie e sena go ja dimela. Fa ele gore tsie eo ke batho ba ga Jehofa ba ba rerang ka Bogosi Jwa Modimo, ke eng fa a ba tshololela moya wa gagwe fa ba sena go fetsa tiro ya go rera? Boammaaruri ke gore, fa batho ba ga Jehofa ba ne ba sa thusiwe ke moya o o boitshepo, ba ne ba ka se kgone go tswelela ba rera dingwaga di le dintsi jaana ba bogisiwa e bile ka dinako tse dingwe tiro ya bone e thibelwa.

Mokaulengwe J. F. Rutherford le bakaulengwe ba bangwe ba ba tloditsweng ba ile ba rera molaetsa wa Modimo wa katlholo ka bopelokgale (Bona serapa 8)

8. Tsie e go buiwang ka yone mo go Tshenolo 9:1-11 e emela bomang? (Bona setshwantsho sa khabara.)

8 Bala Tshenolo 9:1-11. Mma re tlotle ka lebaka la bonê. Mo nakong e e fetileng re ne re re tsie e e mo boporofeting jwa ga Joele e emela tiro e re e dirang ya go rera ka ntlha ya boporofeti jo bo mo bukeng ya Tshenolo. Mo boporofeting joo, Johane o bua ka tsie e e nang le difatlhego tsa batho mme “mo ditlhogong tsa yone go ne go na le se se neng se bonala e le dirwalo tse di tshwanang le gouta.” (Tshen. 9:7) Tsie eno e tlhokofatsa “batho [baba ba Modimo] ba ba se nang lotshwao lwa Modimo mo diphatleng tsa bone” dikgwedi di le tlhano. (Tshen. 9:4, 5) Go bonala boporofeti jono bo bua ka tiro e e dirwang ke batlhanka ba ga Jehofa ba ba tloditsweng. Ba rera molaetsa wa Modimo wa katlholo ka bopelokgale mme batho ba lefatshe leno ga ba rate molaetsa wa bone.

9. Tsie e Joele a ileng a e bona e farologane jang le e Johane a ileng a e bona?

9 Gone ke boammaaruri gore go na le dilo dingwe tse di tshwanang ka boporofeti jo bo mo go Joele le jo bo mo go Tshenolo. Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse di botlhokwa tse di sa tshwaneng. Ka sekai, mo boporofeting jwa ga Joele tsie e senya dimela. (Joele 1:4, 6, 7) Mo ponatshegelong ya ga Johane, tsie e laelwa “gore e se ka ya gobatsa dimela dipe tsa lefatshe” (Tshen. 9:4) Tsie e Joele a ileng a e bona e ne e tswa kwa bokone. (Joele 2:20) E Johane a e boneng e ne e tswa mo moleteng o o senang bolekanngo. (Tshen. 9:2, 3) Tsie e go buiwang ka yone mo boporofeting jwa ga Joele e a lelekwa. E go buiwang ka yone mo go Tshenolo yone ga e lelekwe, go na le moo, e laelwa gore e feleletse tiro. Ga go na sepe se se bontshang gore Jehofa ga a itumelele tsie e go buiwang ka yone mo go Tshenolo.—Bona lebokoso le le reng, “ Boporofeti Jwa Tsie—Bo Farologana jang?

10. (a) A tsie e go buiwang ka yone mo bukeng ya Joele ke e bo buiwang ka yone mo bukeng ya Tshenolo? (b) Naya sekai se se bontshang gore Baebele e kgona go dirisa setshwantsho se le sengwe go tlhalosa dilo tse di sa tshwaneng.

10 Pharologanyo e e leng teng magareng ga boporofeti jwa Joele le jwa ga Johane e re thusa go bona gore dipego tseno tsa boporofeti ga di amane. A ra re tsie e go buiwang ka yone mo go Joele, ga se tsie e go buiwang ka yone mo go Tshenolo? Ee. Ka dinako tse dingwe, Baebele e dirisa setshwantsho se le sengwe go tlhalosa dilo tse di sa tshwaneng gotlhelele. Ka sekai, mo go Tshenolo 5:5, Jesu o bidiwa ‘Tau ya lotso lwa Juda,’ mme mo go 1 Petere 5:8, Satane o bidiwa “tau e e kurutlang.” Mabaka a le manê a re sa tswang go tlotla ka one, a re thusa go bona gore re tshwanetse go batla tsela e nngwe e re tla tlhalosang boporofeti jwa ga Joele ka yone. Re ka bo tlhalosa jang?

BOPOROFETI JONO BO KAYANG?

11. Joele 1:6; 2:1, 8, 11 e re thusa jang go tlhaloganya gore tsie e emela bomang?

11 Fa re sekaseka ditemana tse di mo go Joele, re kgona go lemoga gore Joele o ne a bolelela pele ka tlhaselo ya masole. (Joele 1:6; 2:1, 8, 11) Jehofa o ne a re o tla dirisa “mophato wa [gagwe] o mogolo wa sesole” (masole a Babelona) go otlhaya Baiseraele ba ba neng ba sa mo ikobele. (Joele 2:25) Mophato oo wa masole o bidiwa “motho wa bokone” ka gonne Bababelona ba ne ba tla tlhasela Jerusalema go tswa kwa bokone. (Joele 2:20) Masole a Babelona a tshwantshiwa le lesogodi lwa tsie lo lo rulagantsweng sentle. Joele o ile a bua jaana ka one: “Ba nna ba tsamaya jaaka monna yo o nonofileng mo tseleng ya gagwe. . . . Ba gatlhamela mo teng ga motse. Ba siana mo loboteng. Ba tlhatloga matlo. Ba tsena ka difensetere jaaka legodu.” (Joele 2:8, 9) Akanya fela ka se se neng se direga. Go ne go na le masole a le mantsi tota mo motseng. Go ne go se na gope kwa motho a ka iphitlhang teng, e bile go se na ope yo o kgonang go tshaba.

12. Boporofeti jwa ga Joele jo bo buang ka tsie bo ile jwa diragadiwa jang?

12 Bababelona (kgotsa Bakaladia) ba ile ba tlhasela Jerusalema ka 607 B.C.E. Baebele ya re: “Kgosi ya Bakaladia . . . , e e neng ya bolaya makau a bone ka tšhaka . . .  e ne ya se ka ya tlhomogela pelo lekau le fa e le kgarebane, yo o tsofetseng kgotsa yo o koafaditsweng ke botsofe. [Modimo] a tsenya sengwe le sengwe mo seatleng sa yone. Mme [kgosi] a fisa ntlo ya Modimo wa boammaaruri a ba a rutla lobota lwa Jerusalema; mme ba fisa ditora tsotlhe tsa yone tsa bonno ka molelo le dilwana tsotlhe tsa yone tse di eletsegang.” (2 Ditir. 36:17, 19) Fa Bababelona ba sena go senya Jerusalema, batho ba ne ba bua jaana ka motse oo: “Ke kgakgabalo e e se nang motho le seruiwa. [O] tsentswe mo seatleng sa Bakaladia.”—Jer. 32:43.

13. Jeremia 16:16, 18 e kayang?

13 Dingwaga di ka nna 200 boporofeti jwa Joele bo sena go kwalwa, Jehofa o ile a dirisa Jeremia go bua sengwe gape ka tlhaselo eo. Jeremia o ile a tlhalosa gore masole a Babelona a ne a tla batla Baiseraele botlhe ba ba neng ba dira dilo tse di bosula go fitlha ba ba tshwara. O ne a re: “‘Bonang, ke roma gore go tle batshwara ditlhapi ba bantsi,’ go bua Jehofa, ‘mme ruri ba tla ba tshwara jaaka fa ba tshwara ditlhapi; morago ga moo ke tla roma gore go tle batsomi ba bantsi, ruri ba tla ba tsoma mo thabeng nngwe le nngwe le mo thoteng nngwe le nngwe le mo mapharong a mafika a magolo. . . . Ke tla duela selekanyo se se tletseng sa tlolo ya bone le sa boleo jwa bone.’” Baiseraele ba ne ba ka se kgone go iphitlha gope, e ka tswa e le mo lewatleng kgotsa kwa sekgweng.—Jer. 16:16, 18.

DIKGANG TSE DI MONATE!

14. Boporofeti jo bo mo go Joele 2:28 le 29 bo ile jwa diragadiwa leng?

14 Se se itumedisang ke gore boporofeti jwa ga Joele bo na le dikgang tse di monate. Joele o ne a tlhalosa gore lefatshe le ne le tla boa le ungwa gape. (Joele 2:23-26) Gape o ne a tlhalosa gore mo nakong e e tlang, batho ba le bantsi ba ne ba tla itse boammaaruri. Jehofa o ne a re: “Go tla diragala gore ke tshololele moya wa me mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe, mme bomorwaalona le bomorwadialona ba tla porofeta . . . ke tla tshololela moya wa me le mo batlhankeng le mo malateng.” (Joele 2:28, 29) Jehofa ga a ka a ba tshololela moya wa gagwe ka bonako fela fa ba sena go gololwa kwa Babelona. Go na le moo, o ne a ba o tshololela dingwaga di le dintsi morago ga moo, ka Pentekosete ya 33 C.E. Re itse jang?

15. Go ya ka Ditiro 2:16 le 17, Petere o ile a dira phetogo efe fa a ne a nopola Joele 2:28, mme seno se ne se bontsha eng?

15 Moaposetoloi Petere o ile a dirisa Joele 2:28 le 29 go tlhalosa se se ileng sa direga ka letsatsi la Pentekosete. Mo e ka nnang ka ura ya borobongwe mo mosong, Modimo o ile a tsholola moya wa gagwe o o boitshepo, mme ba ba ileng ba o amogela, ba ne ba simolola go bua ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo.” (Dit. 2:11) Fa Petere a ne a nopola mafoko a ga Joele, o ile a fetola mafoko mangwe go se kae. O ile a fetola mafoko afe? (Bala Ditiro 2:16, 17.) Ga a ka a dirisa mafoko a a reng “morago ga moo.” Go na le moo, o ne a re: “Mme mo metlheng ya bofelo” moya wa Modimo o ne o tla tshololelwa “mo nameng ya mofuta mongwe le mongwe.” Fa a ne a bua ka metlha ya bofelo, o ne a bua ka malatsi a bofelo pele Jerusalema e senngwa. Seno se bontsha gore go ne ga feta nako e e telele pele boporofeti jwa ga Joele bo diragadiwa.

16. Moya o o boitshepo o ile wa thusa jang Bakeresete mo lekgolong la ntlha la dingwaga, mme o ba thusa jang gompieno?

16 Fa Modimo a sena go tshololela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga moya o o boitshepo, ba ile ba simolola go dira tiro ya go rera e morago ga nako e neng e tla dirwa mo lefatsheng lotlhe. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa lekwalo ka 61 C.E., o ne a tlhalosa gore dikgang tse di molemo di ne di rerwa “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.” (Bakol. 1:23) Fa Paulo a ne a bua ka “popo yotlhe,” o ne a bua ka mafatshe a ba neng ba kgona go ya kwa go one. Gompieno, Jehofa o ile a dirisa moya o o boitshepo go thusa batho ba gagwe gore ba rere go ya kwa dikarolong tse di “kgakalakgakala [tsa] lefatshe.”—Dit. 1:8; bona lebokoso le le reng, “ Ke Tla Tsholola Moya wa Me.”

KE ENG SE SE FETOGILENG?

17. Gone jaanong re tlhaloganya jang boporofeti jwa ga Joele jo bo buang ka tsie?

17 Ke eng se se fetogileng? Re fetotse tsela e re tlhaloganyang boporofeti jo bo go Joele 2:7-9 ka yone. Ditemana tseno ga di bue ka tiro ya rona ya go rera, go na le moo, di bua ka se masole a Babelona a ileng a se dira fa a ne a tlhasela motse wa Jerusalema ka 607 B.C.E.

18. Ke eng se se sa fetogang ka batho ba ga Jehofa?

18 Ke eng se se sa fetogang? Batho ba ga Jehofa ba tswelela go rera dikgang tse di molemo gongwe le gongwe e bile ba dirisa ditsela tse di farologaneng go dira jalo. (Math. 24:14) Ga go na puso epe e e ka re thibelang go ikobela taelo ya ga Jesu ya gore re rere. Jehofa o re thusa gore re kgone go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka matlhagatlhaga le ka bopelokgale. Re tla tswelela re ikaegile ka Jehofa gore a re thuse go tlhaloganya boporofeti jo bo mo Baebeleng. Re a itse gore ka nako e e siameng, o tla re thusa go tlhaloganya ‘boammaaruri jotlhe.’—Joh. 16:13.

PINA 97 Lefoko la Modimo le Naya Botshelo

^ ser. 5 Go fetile dingwaga di le dintsi re dumela gore boporofeti jo bo mo go Joele kgaolo 1 le 2 bo bolelela pele ka tiro ya ga go rera e batho ba ga Jehofa ba e dirang gompieno. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a le mane a go bo re tshwanetse go fetola tsela e re tlhaloganyang boporofeti jono ka yone. Mabaka ao ke afe?

^ ser. 3 Ka sekai, bona setlhogo se se reng, “Popo e Senola Botlhale Jwa ga Jehofa” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2009, ser. 14-16.